Tsa Hemp

© Marinda Louw

Hemp ke mofuta o o farologaneng wa sejalo sa Cannabis sativa se se jalelwang ditiriso tse di farologaneng tsa yone. Hemp e ka dirisiwa jaaka dijo (folouru e e kwa godimo ka poroteine hemp le oli ya hemp), jaaka ditlhale tsa diaparo le intaseteri ya matsela, mo dijong tsa diphologolo, ka ditiriso tsa melemo tse di jaaka oli ya CBD le karolo ya ditiriso tsa intaseteri go akaretsa le go ditiriso tsa go aga le dipente.

Cannabis sativa e tlhaolwa jaaka ‘hemp’ fa e na le maemo a a kwa tlase a cannabinoid tetrahydrocannabinol e diranang le tlhaloganyo (THC). Maemo a a letleletsweng a THC a farologane go tswa kwa go 0.1% go ya kwa go 0.3% go ya ka peomolao kwa dinageng tse di farologaneng. Hemp, ka jalo, ga e tlhotlheletse ‘go taga’ fa e tsentswe.

Kgwebisano ya hemp e laolwa ke Molao wa Melemo mo Aforika Borwa, e e leng gore e amile jalo ya hemp jaaka sediriswa se se siameng se se ka golang thata mo ikonoming ya Aforika Borwa, mme kwa bofelong, go tlamela ka ditiro tse di tswelelang go lwantsha tsamao ya tiro mo Aforika Borwa.

Le gale, gongwe ka ntlha ya tshedimosetso e e sa siamang, hemp e sa ntse tlhaolwa e le kumo ya ‘sediriswa se se laolwang’ sa mametlelelo 7, se se jaaka diokobatsi tse di maatla, go tshwana le Mandrax le heroini. Ditetlelelo tsa otswedi go jala hemp ka ‘mabaka a patlisiso’ di ka bonwa go tswa kwa go Taolo ya Bothati jwa Dintshokuno tsa Boitekanelo ya Aforika Borwa (SAHPRA) e bile e amogelesega dikgwedi di le 12.

Metseletsele eno ya dikwalo ka ga hemp e fetoletswe mo dipuong tsotlhe tse di 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa go itsise babadi ka ga pharologano ya sejalo sa hemp le go dirisiwa ga yone.

Translated by Lawrence Ndou

Go Jala Hemp

Hemp - ke mofuta o o kwa tlase wa Cannabis sativa ya maemo a a kwa tlase a cannabinoid THC – ke sejalo, sa matlharephaphathi sa sengwaga s...more

Hemp Jaaka Tlhale Ya Dikhai

mp (Cannabis sativa) ke mofuta wa cannabis ka maemo a a kwa tlase a THC cannabinoid ya boitumelo e bile ga e tlhole kgolagano ‘e e kwa god...more

Hemp Jaaka Dijo Tsa Diphologolo

Dikarolo di le dintsi tsa sejalo sa hemp, Cannabis sativa, di tshwanetse go ka dirisa ke phologolo. Dipeo tsa hemp, matlhare le kuku ya oli ...more

Hemp as Building Material

Hemp, ke mofuta wa Cannabis sativa, e na le maemo a a kwa tlase a euphoric cannabinoid THC, e ntseng e dirisiwa jaaka karolo ya go dithoto t...more

Hemp Jaaka Dijo

Tlhokego e e oketsegang ya dijo tse di theilweng mo dijalong, tsa poroteine e e kwa godimo le dioli tsedi itekanetseng e ntšhwafaditswe kga...more

Hemp Oil

Oli ya hemp e ka monoliwa go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa sejalo sa hemp se na le ditiriso tsa go apaya, bontle, melemo le int...more

Ntshokuno Ya Hemp

Hemp (Cannabis sativa) ke sejalo sa bogologolo se se farologaneng se se jetsweng mo lefatsheng ka bophara mo meleniamong go akaretsa bogare ...more

Mefuta Ya Ditshedi Tsa Hemp

Mo bukeng ya gagwe, Psychedelics Encyclopedia, Peter Stafford o kaya gore bontsi ba baitseanape ba dumela gore go na le mefuta e le tharo bo...more

Hisetori Ya Hemp

Hemp e ntse e jalwa mo dingwageng di le dikete; bosupi jwa ntlha ba tiriso ya hemp bo fitlhetswe mo lefelong la dinkgo tsa mmopa kwa Taiwane...more

Ditiriso Tsa Intaseteri Tsa Hemp

Kwa ntle ga oli ya hemp e e dirisiwang mo ditirisong tse di jaaka sedirisiwa sa go omisa mo dipenteng, jaaka pente ya logong le leokwane, se...more

Hemp ka Diritibatsi?

Hemp (Cannabis sativa) ke sejalo se se fetofetogang se se dirisediwang matsela, tlhale, oli le jaaka dijo mme go le gantsi e tsewa ka phoso ...more

Ke Eng Se Se Hemp e Dirisediwa Eng?

Sejalo sa bogologolo se se dirisitsweng milleniamo pele fa e ilediwa ke tlhabologo ya Bophirima ya segompieno ka bo1930, tlhale ya sejalo sa...more