Ke Eng Se Se Hemp e Dirisediwa Eng?

©Marinda Louw

Sejalo sa bogologolo se se dirisitsweng milleniamo pele fa e ilediwa ke tlhabologo ya Bophirima ya segompieno ka bo1930, tlhale ya sejalo sa hemp le oli e nnile ntlha e e botlhokwa ya tlhabololo ya batho. Dikhai go tswa mo ditlhaleng tsa hemp di ne di dirisitswe mo go direng diaparo tsa masole, diseile tsa dikepe le dikgole tsa dikepe tsa batlhotlhomisi ba dikepe, difolaga le dibuka kwa dikoloning tse di sa tswang go tlhomiwa sešwa gammogo le diaparo tsa badirameepong ba pele.

Oli ya hemp e e nang le dikotla e dirisiwa mo dijong, tlhokomelong ya letlalo le ditlolo, mme CBD-e e nang le oli ya hemp e na le ditiriso tsa melemo. Hemp le yona e jetswe go ntsha botlhole kwa mmung, jaaka karolo ya thulaganyo ya thefosano ya dijalo go oketsa boitekanelo ba mmu le go tlhama maokwane a tlhago.

Tiriso e kgolo go feta ya hemp ke ya oli ya hemp ya CBD (23%), le dikumo tsa tlhokomelo ya sebele (22%) di latelwa ke tiriso ya intaseteri (18%).

Hemp Jaaka Dikhai

Ditlhale tsa kwa ntle, tse di ditelele tse di nonofileng tsa lotlhaka la hemp di dirisiwa go bopa matsela le dipopego.

Jaaka go tlhagisiwa ke Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Hemp wa kwa USA, sejalo sa hemp se na le tlhale e e telele e e nonofileng go gaisa mo lefatsheng mme e ne e dirisiwa kgale pele nylon e ne e ka kanwa bong ka 1937. Hemp e kgona go fenya go bola le go onala le go gagoga. E ne e dirisediwa thulaganyo ya dikgole tsa sekepe, diaparo tsa sesole, go dira bobi ba dipharatšhutu, dithoto, le dikgole.

Dibokate tsa ntlha tsa Levi segolo di ne di dirwa ka letsela la seile ya dikepe hemp tsa badirameepong ba gauta kwa Carlifonia. Mo dingwageng tse di ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, sesole sa Amerila se rotloeditse balemirui ba kwa Amerika go jala hemp ka ntlha ya ntshokuno ya kgole le dikhai tseo di neng di ka se kgonegeng go romelwa teng ka ntlha ya ntwa. Morago ga moo, fa ntwa e khutlile, ditetla tsotlhe tsa go jala hemp di ne tsa phimolwa.

Letsela la hemp le nonofile ga raro go feta katune e bile le ka nna la tlhakatlhakangwa le sei le katune go ntsha matsela a dipopego tse di farologaneng.

Pampiri Ya Hemp

Pampiri ya hemp ga e nne serolwane ka dingwaga, e thata go feta pampiri ya legong mme e ka kgona go kgotlelela go phuthega go feta. Mo godimo ga moo, ka go dirisa hemp jaaka pampiri e tswelela go feta tlhale ya legong jaaka e mela go butswa mo teng ga dikgwedi di le nne. E e leng bonako go feta ditlhare.

Hemp Mo Dikoloing

Ka 1941, Henry Ford, mosimolodi wa Ford Motor Company, e tsweleditse sejanaga se se dirisang maatla a hemp le maokwane a mangwe a dijalo, mmogo le dibampara tse di dirilweng ka hemp le didirisiwa tse dingwe. Ka 2019, modiri wa dijanaga wa Porsche o golotse 718 Cayman GT4 Clubsport le mmele o o agilweng ka ditlhale tsa hemp le polasetiki. Hemp e fetotse tlhale ya khabone go nonofatsa borekhu ba polasetiki.

Hemp Ya Boitekanelo

Tiriso ya oli ya CBD ya hemp e supiwa mo diphepafatso, mafura a dieisti a a sa loyang le cannabinoids tse di leng teng mo mmung o o ntshitsweng mo dithunyeng, matlhareng le dikutu. Nngwe ya di-cannabinoid tse dikgolo, CBD e dirisediwa ditlamorago tsa yona tsa thibela thurugo, botlhoko le phokotso ya letlhatso.

Oli ya hemp e ntshiwa e le tsididi mo dipeong e kwa godimo ka mafura a diesiti a a sa loyang mme e dirisiwa jaaka oli ya oli ya selae le mo ditlolong.

Dijo Tsa Hemp

©Marinda Louw

Dipeo tsa hemp di dirisiwang ka bobedi mo dijo tsa diphologolo le batho. E tshiwa go ntshakuno ya oli ya selae. Lerole la peo ya hemp (le le dirilweng go tswa mo ’kuku ya oli ya peo’ morago ga go ntshiwa) ke folouru e e humileng ka proteine e e dirisiwang mo dithotong tse di pakilweng, tse di borethe, le dijonyana tsa dimonamone.

Hemp Mo Intasetering Ya Kago

©Marinda Louw

Mo teng ga letlhaka la hemp go teng selo, se se botšhoko se se bidiwang hurd. Sedirisiwa se se kitlaneng se dirisiwa mo intasetering ya kago. E remeletswe mo dikarolwaneng, hemp hurd e tswakilwe ka sedirisiwa se se bofang. Motswako o o dirisiwa go dira ditena le masenke o dirisiwa jaaka sedirisiwa sa sethutafatsi sa go aga.

Oli ya hemp ya intaseteri ke oli e e botlhofo e e maleba jaaka pente ya logong go dirisiwa mo legong. Gape e ka dirisiwa mo dipenteng, ditogetso tsa motšhini, le dienke. Dipoelo tsa teko ya kumo ya oli di dirile go feta dikumo tse di itiretsweng le go nna mo lookwaneng fa di nang le maemo a a kwa tlase thata a botlhole le metswako e e sa tsepamang.

Dintshkuni Tsa Hemp Mo Aforika Borwa

Dintshokuno tsa hemp mo Aforika Borwa tsotlhe di rometsweteng. Dikhai di tlhamilwe kwa China. Dintshokuno tsa CBD di rometsweteng go tswa kwa Amerika. Dipeo tsa kotlo di tswa kwa Jeremane. Oli ya peo ya hemp ya kotlo e rekiwa kwa Canada, fa didirisiwa tsa hemp tsa go aga di tswa kwa United Kingdom.

Translated by Lawrence Ndou