Hemp Jaaka Dithoto Tsa go Aga

© Marinda Louw

Hemp, ke mofuta wa Cannabis sativa, e na le maemo a a kwa tlase a euphoric cannabinoid THC, e ntseng e dirisiwa jaaka karolo ya go dithoto tsa go aga le ka dinako tsa bogologolo. Sekao, e ne ya dirisiwa ke Baroma ba bogologolo go nonofisa seretse sa marogo a bona le Ma-China e na a dirisia motswako wa hemp e e sigilweng, mmu wa letlapa la kalaka, le oli ya tung go thiba diketswana tsa bona.

Mefuta ya Dithoto Tsa Hemp ya go Aga

©Marinda Louw

Mefuta e e farologaneng ya hemp (Cannabis sativa) e dirisiwa mo intasetering ya kago. 

Pelo ya kutu ya lotlhaka la hemp, e e kgaogantsweng go tswa mo ditlhaleng tse ditelele mme e segilwe dikarolwana tse di bidiwa karolo e e makgwakgwa ya hemp. Karolo e e makgwakgwa ya hemp e ka dira go ka nna 70% ya lotlhaka la hemp. Pelo e ya hemp e na le diteng tsa silika tse di ka nnang 70% tse di e letlang go tlhakana sentle le letlapa la kalaka.

Konkreiti ya hemp e dirwa ka go kopanya karolo ya mo teng e e sigilweng ya lotlhaka la hemp le sekopanyi se se nang le kalaka ya tlhago ya haeteroliki le bokakang bo bonnye ba samente. Konkreiti ya hemp e dirisiwa jaaka sethutafatsi sa “tsenyeletso gare” magareng ga ditlhomeso tsa logong tsa dipota.

Setlhale ka letlalo kgotsa bast fibres tsa lotlhaka la hemp le kitlantsweng mo diboloko tse di senang popego, dipampiri tse di okareng di gagametse tsa tlhale ya hemp le hemp e utlwala, tsotlhe tse di dirisiwang go thutafatsa le go aga mabota. Dipampiri tse tsa hemp di ka dirisiwa jaaka kemedi e e tlhamaletseng ya dikobo tsa thutafatso tsa faebtlelase.

Dipeo tsa hemp di a gatelelwa go uma oli ya peo ya hemp, e dirisiwa jaaka bofelelo ba legong, selabe sa bogodimo le sediriswa sa go oma mo dipenteng.

Dithoto Tsa Hemp Tsa go Aga

©Marinda Louw

Konkreiti ya hemp e ka se kgone go fetola konkreiti e e nonotshweng ka gonne e na le bokgoni bo bo lekanyeditsweng ba go rwala morwalo. Hemp, le gale, e na le melemo e e gaisang ya go thutafatsa - e e leng kwa godimo thata maemo a a kwa godimo. Gape, e diragatsa go le go ntle jaaka boimatlhofo “tsenyeletso gare”, e a hemisa le go nna e e tswaleletsweng moa thata.

Jaaka fa dithoto tsa go aga tsa bongola tse di kgonang go sutlhelega, hemp e ka dira melawana e e ka fa teng e bile le bolelo, go thibela phokafalo mo teng ga setheo, mme e ka monola go fitlha dilitara tse 14 tsa metsi. Gape hemp ke megare le go fenya disenyi.

Hemp ke sejalo se se golang thata ka tlhokego e e kwa tlase ya metsi mme ga e tlhoke dikhemikale go jalwa kgotsa go diragadiwa go nna karolo e e makgwakgwa ya hemp. Go fopholediwa gore setense sa heketara e le 1 e ka ntsha kumo e e ka nnang ditoni tse 8 tsa karolo ya hemp e e makgwakgwa. Se se lekane go tlamela didiriswa tsa go aga tsa 50 m2 ya bonno.

Go tlaleletsa bokgoni bo bo golelang ka bonolo ba dijalo tse di golang ka bonako, hemp mo sebopegong sa konkreiti ya hemp ke thoto e e senang khabone. Seno se raya gore e tswalela khabonedaeokosaete go tswa kwa lefaufaung ka kelo ya 110 kg ka m3 ya konkreiti ya mo leboteng.

Go tsaya tsia dintlha tsotlhe tse di siameng tsa sebopego sa hemp - thutafatsa, kgonego ya go hema le kamogoditho ya CO2 - ditshenyegelo tsa lebota la hemp di tla tshwana le ditshenyegelo tsa go lebota la masonry le le thutafaditsweng ka 60mm ya polystyrene e e gateletsweng.

Dikago Tsa Hemp mo Aforika Borwa

Feme ya Baagi ya kwa Motse Kapa e ne e ntse e dirisa hemp jaaka dithoto tsa go aga ka go tloga ka 2008. Nngwe ya mabaka a a botlhokwa thata a go dirisa hemp ke go fokotsa kgotlelo ya khabonetaeokosaete mo thulaganyong ya go aga, ditho tse di kwa godimo tsa go thutafatsa tsa hemp mme e bonolo go ka aga ka yona. Ntlha ya bofelo e e supang gore go aga ga e tlhoke go nna le bokgoni mo go ageng ditheo.

Mo ditheong di le dintsi tsa mo Aforika Borwa tsa hemp (matlo), hemp e ne e le ka sebopego sa konkreiti ya hemp mo tsenelelong gare ya magareng ga ditheo tsa dikota le ditlhomeso tsa konkreiti ya hempcrete ya tsenelelo gare. Kwa Motse Kapa, moago wa dikgato di le 12 o agilwe ka (2019) ka tiriso ya diboloko tsa hemp mo dipoteng tsa mo teng ga setheo. Mesola ya tse di kwa tlase ka kgotlelo ya CO2 ya khabonetaeokosaete, thutafatso e e dirang sentle le phokotsego ya boima jwa dipota tsa mo teng ga setheo.

Go tloga ka 2019, karolo e e makgwakgwa ya hemp e rometswe teng, bogolosegolo kwa United Kingdom le Fora. Dithoto tsa mo South African tsa hemp go tswa mo tekong di neng di setse di dirisitswe mo tlhabololong ya dikarolo tsa popego, mme ka jalo (2019) ga go na sejalo se se ntseng sentle ka kgwebo.

“Tiriso ya hemp mo intasetering ya kago e na le kgonagalo e kgolo ya go tlhamiwa ga ditiro le phokotso e kgolo ya kgotlelego ya CO2 intaseteri ya kago ka bophara”, go bolela jalo Oliver Wolf go tswa kwa Baaging ba WolfandWolf.

Intaseteri e letetse ka tlhoafalo Puso ya Aforika Borwa go letla balemirui go godisa intaseter yai hemp. Mo nakong ya jaanong, Ba Aforika Borwa ba dira dipatlisiso tsa metswedi e e sentle ya hemp go tswa mo dinageng tsa baagisane South African Development Community (SADC), ba ba setseng ba lemogile kgonagalo e kgolo ya hemp mo di-ikonoming tsa bona.

Translated by Lawrence Ndou