Ntshokuno Ya Hemp

© Marinda Louw

Hemp (Cannabis sativa) ke sejalo sa bogologolo se se farologaneng se se jetsweng mo lefatsheng ka bophara mo meleniamong go akaretsa bogare ba ngwagakgolo wa 20. Mo bo1930 go ya go bo40 go jalwa ga yona go ile kwa tlase thata go ya ka peomolao e e ileditseng temothuo ya hemp le tiriso efe kgotsa efe ya dikumo tsa hemp.

Ditlhale tsa hemp di dirisediwa tsa semela tse di sa onaleng botlhofo, dirisiwa tsa go aga le pampiri. Peo ya hemp di na le maemo a a kwa godimo a leokwane, diesiti tsa mafura, dimenerala, le dibetamine fa sejalo ka bosona se thusa go tsepamisa mebu. Fa oli ya hemp, e monolwa e ka nna go tswa mo peong kgotsa go tswa mo sejalong, e dirisiwa mo dijong, tlhokomelo ya letlalo, ka mabaka a intaseteri le jaaka melemo.

Hemp Ke Eng

Intaseteri ya hemp le marijuana (se gape se itsegeng jaaka ‘motekwane’) ke dijalo tsa mefuta e e farologaneng ya ditshedi di le dingwe, Cannabis sativa. Hemp e na le tshobokanyo e e kwa tlase ya euphoric cannabinoid tetrahydrocannabinol (THC) le ditshobokanyo tse di kwa godimo tsa cannabidiol (CBD). Hemp e tlhalosiwa jaaka karolo nngwe le nngwe ya sejalo sa cannabis mo go yona tshobokanyo ya THC ke 0.3% (w/w) kgotsa kwa tlase. Ka ntlha ya maemo a a kwa tlase a THC, hemp ga e na ditlamorago dipe tsa go taga tsa marijuana. CBD, e e leng teng mo bobeding mefuta ya hemp le marijuana, ke motswako o o dirisiwang go alafa maemo a tsa kalafi jaaka leebana le bolwetsi ba Parkinson’s.

Hemp ke setlama se se golang ka bonako, ka go emelela le matlhare a a nang le matlakala a le mathlano go ya go a masupa. Ke sejalo se se fatofetogang se se jwetsweng ka ntlha ya tlhale le peo ya yone. Tlhale ya hemp e dirisediwa go dira matsela, pampiri, kgole, sethutafatsi le lookwane la tlhago fa dipeo tsa hemp di dirisediwang dijo tsa batho le diphologolo. Dipeo gape di dirisiwa go ntsha oli ya hemp e e nnoneng thata e e dirisediwang ditogetso, dipente, dienke, tiregopolasetiki le kumo ya ditlolo jaaka disepa tsa tlhogo le disepa. Kumo e e senyegileng ya ntsho ya oli (kuku ya peo ya hemp) e nnone ka poroteine mme e ka dirisiwa go fepa diruiwa kgotsa e phepafaditsweng go nna folouru ya hemp e e kwa godimo ka poroteine ya go jewa ke batho.

Ntshokumo Ya Hemp Ya Lefatshe

Montshakuno yo o kwa godimo wa hemp e ne e ntse e le China. E le ruri, tiriso ya hemp ya ntlha e e neng ya kwadiwa e ne e le kwa China mo ngwageng wa 300 Morago ga Loso lwa Kresete le bolemirui ba kgwebo bo tsweletse kwa ntle ga itshunyonko ya peomolao nngwe le nngwe. Tiriso ya hemp e e kwa godimo kwa China e ne e le ya dijo le tlhale (ka mtsela) mme e thusitse setšhaba go phela ka nako ya ditlhaelo tsa dijo. Go lekanyetswa gore China e na le hemp e e ka fetang 100 000 ya diheketara.

Ntshokuno ya kwa Canada ya hemp e oketsegile ka 80% gare ga ngwaga wa 2016 le 2017 go ya go 56 000 ya diheketara. Canada e libisitse kelotlhoko ka go ntsheng ga oli, maupa a poroteine le dipeo tse di dirilweng dikgoropa tsa hemp (dipelo tsa hemp). Amerika a okeditse gararo ntshokuno ya yone ya hemp go tloga ka go tsenya Molaotlhomo wa Bolemerui ka 2018, go letla temothuo ya kgwebo ya hemp. Ntshokuno ya oli ya CBD ke ntshokuno e kgolo ya hemp ya USA.

Bantshakuno ba bangwe ba ba leng kwa godimo ba hemp mo lefatsheng ke Fora (ga e ya ka ya ilediwa) Chile (go jalwa ka poraefete go letleletswe) le Korea Bokone (ga e ya ka ya ilediwa). Korea Bokone e jala hemp ka bogolo jwa madirelo, mme go tsenya marijuana mo molomong go ka otlhaiwa ka loso.

Ditekanyetso Mo Bolemiruing Ba Hemp

Mo Aforika Borwa, temothuo ya hemp e santse e wela ka fa tlase ga peomolao ya cannabis mme ka jalo e sa ntse e lebiwa jaaka sedirisiwa se se laolwang - ga e a farologana le marijuana, go rialo Gill Staniland tokololo ya theo ya Koporasi ya Tlhabololo ya Intaseteri ya Cannabis ya kwa Kapa Bophirima (CIDCWC). CIDCWC ke mokgatlho o o ikuelang mo melaong ya mabaka a a ikaegile ka saense le kitso ya ga jaana ya sejalo sa cannabis le dikumo tsa yona.

Ga se fela mo Aforika Borwa gore ntshokuno ya hemp e ya kganelwa, e seng ka ntlha ya itlhokomoloso ya puso. Dipatlisiso tsa kwa Canada tse di phatlaladitsweng ka 2015, di supile ditekanyetso tse di mmalwa go dikologa tiragatso ya hemp. Tseno di akaretsa dikakanyo tsa setšhaba tse di sa siamang, thibelo e e feteletseng ya ditlhokego tsa semolao le go tlhoka dikgono tsa setegeniki.

Kwa USA, ntshokuno e e lekanyeditsweng ka peomolao e tshwere mo dinageng di le robongwe, ntshokuno ya hemp ga e ise e nne ya semolao. Dintlha tse dingwe tse di lekanyetsang ke inšorense, tlamelo ya matlole ya bolemirui ba hemp le kabelo ya peo. Balemirui ba kwa Amerika ba rekantle peo kwa Yuropa le kwa Canada.

Translated by Lawrence Ndou