Hemp - ke mofuta o o kwa tlase wa Cannabis sativa ya maemo a a kwa tlase a cannabinoid THC - ke sejalo, sa matlharephaphathi sa sengwaga se se nang le moditona. Se jalwa ka ntshokuno ya yone ya ditlhale tse ditelele tsa matsela, peo ya oli le ditiriso tse dingwe.
Ka fa tlase ga maemo a a siameng, hemp e tlhoga mo teng ga malatsi a le mararo go ya go a matlhano. Ke mogodi wa ka bonako, ka kakaretso e tlhoka malatsi a a ka nnang 120 go butswa, segolobogolo ka fa tlase ga maemo a a bothitho le lesedi. Thobo ya peo le bokete jwa tlhago (dikutu le matlhare) e leng kwa tlase mo ditlelaemeteng tse di lefifi le bolelo.
Hemp ke high-production o kgonang go roba go feta go jwala matonkomane oli le gane ka pampiri pulp ga ditlhare ka bogolo jwa tshimo. Hemp gape di ka lengwa hydroponically (temothuo gore ke dirisa metsi le kotlo e e leng botlhokwa, mme e seng mo mmung).
Hemp e mela sentle mo mmung o o eledisang metsi botoka wa mokata o o nang le pH e e fa gare ga 6 le 7.5 o o nang le dibodi di le dintsi - bonnye ba 3.5 %. Mmmu o o kitlaneng, o o sa elediseng metsi sentle wa mmopa ga o a siama le mmu wa motlhaba o tlhoka nosetso e e tlaleleditsweng mme monontsha e ka nna e e senang dipoelo.
Paakanyo ya boalopeo e botlhokwa; e e nonofileng e e leng boleta ke ya maleba go kgona go jala peo ya hemp mo bogareng jwa 2 - 3cm boteng. Hemp e ama ke serame ka nako ya go simolola go tlhoga mme e tlhoka metsi ka mo dibekeng di le thataro tsa ntlha morago ga go jalwa.
Tiriso ya monontsha ya hemp e tshwanetse go ikaega mo tlhatlhobong ya mmu, fela ka kakaretso, tlatseletso ya naeterojene, potasiamo, foseforo le sebabole di a elediwa. Kalsiamo ga e a tshwanela go feta 6 000 ppm.
Jaaka go tlhalositswe ke tirelo ya intaseteri ya dijalo ya Agricultural Research Council, sejalo sa hemp se masisi mo boleeleng jwa letsatsi le le khutshwane. Morago ga foo, nako ya go jala ke ntlha e e botlhokwa go tsholetsa tlhale hemp.
Hemp tlhoka nako e telele e bile go le bollo boleele jwa letsatsi la selemo e e mo magareng ga diura di le 14 go ya go di le 16. Letlha la pele la go jala jaaka Diphalane go fitlha ka Ngwanatsele mo kgaolong ya Botlhaba le Kapa Bophirima e tla feleletsa ka dijalo tse di kwa godimo le tlhale ya bokana ba kumo bo bo kwa godimo. Malatsi a a makhutshwane a tlhola tshimologo ya go thunya ka pele matsatsi le go mela ga matlhare go go khutswane, mme go ka tlisa phokotso ya kumo ya tlhale.
Mela ya selekanyo sa go katoga le go jala (ke peo ya bokana bo bokae go jala mo kgaolong e e rileng) ke dintlha tse di botlhokwa mo ntshokunong ya hemp ka gonne di tlhotlheletsa kgolo, ntshokuno ya bokete ba tlhago le kumo ya tlhale ya sejalo sa hemp, go rialo ARC. Bokana ba go katoga ga peo e e kwa godimo fa gare ga mela e tla tlhagisa dijalo tse di golang ka botelele di tla ntsha ditlhale tse di telele le peo e e kwa tlase. Bophara ba go jala le kitlano di laolwa ke mofuta wa hemp, sk. oli, tlhale kgotsa peo. Sekao, dikitlano tsa go uma peo ya mefuta ya dijalo tse ditelele, tsa kwa Yuropa, ya mesolamebedi ke tse di nnye go feta mefuta ya dijalo tsa hemp ya oli ya peo.
Hemp e bonolo go jalwa ka tlhago. E tlhoka fela dibolayatshenekegi tse di mmalwa fa e le go le jalo jaaka e gola ka bonako le go gogela disenyi di le dinnye. Ka nnete, sejalo se bolaya mefero e mengwe, e phepafatse mmu mme e tshwanetse thefosano ya dijalo, ka ntlha tiko ya go roba e khutshwane ya yona ya malatsi a le 120.
Hemp e ka jalwa jaaka sejalo sa thefosanyo ka sejalo sa mabele jaaka dinawa, korong le luserene go thibela go agela ga megare le malwetse. Dipatlisiso tsa kwa Canada, le gale, di supile gore hemp ga e a tshwanelwa go jalwa morago ga kanola, dinawa tsa soya kgotsa disonobolomo ka ntlha ya kotsi ya go bola ga kutu ya Setlelerotinia (mouta o mosweu).
Go roba hemp ka ntlha ya tlhale go bonolo go gaisa go roba hemp ka ntlha ya peo ya hemp. Go roba hemp ka ntlha ya tlhale, didiriswa tse di dirisiwang go roba dijalo tsa furu di ka dirisiwa, tseo ka kakaretso di dirang sentle kwa ntle ga ditokafatso tse di kgolo.
Sesega bojang se se tlhamaletseng ke se se siametseng thata go ka roba hemp ka ntlha ya ditiriso tsa matsela a a logilweng. Matlhare a a go tsenya tirisong a kgaola tshwaro ya dikutu, a adiklwe sentle le go rulaganngwa ka tlhamalalo mo mmung. Dibaene tsa furu ga di dire sentle jaaka fa dikutu tse di telele di iphuthela sedikologa. E seke ya segiwa go feta bokhutswane ba 10 cm kwa godimo ga boalogodimo jwa mmu.
Hemp (ya ntshokuno ya peo) e ipaakanyeditse thobo fa borakete tsa peo di omile mme peo e tlhagisitswe. Serame se tla thusa ka thulaganyo ya go omisa le ka kakaretso, thobo e tla simolola malatsi a le mmalwa morago ga serame. Thobo ya palogare ya 750kg/ha e fitlheletswe kwa Canada.
Balemirui ba hemp mo Aforika Borwa ba romelateng peo mme ba tlhoka tetla e e kgethegileng ya thekontle ya ‘sedirisiwa se se laolwang’. Ditetla tsa peo tse di rebotsweng ke Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF). Di letlelelwa fela go jala peo e e netefaditsweng ya semmuso e e farologaneng e e nang le ka fa tlase ga 0.1% ya THC. Peo di bonwa go tswa kwa Czech Republic, Spain, USA le kwa Fora.
Tetla ya go jla hemp mo Aforika borwa ga jaanong jaana e diriwa ka fa tlase ga ‘patlisiso’ mme ga e teng mo ntshokunong ya kgwebisano ya hemp. Balemerui ba hemp ba ka moso ba tshwanetse go romela ditshitshinyo tsa patlisiso le dikopo tsa bona. Diforomo tsa kopo di ka bonwa go tswa kwa dikantorong tsa Taolo ya Bothati jwa Dintshokuno tsa Boitekanelo ya Aforika Borwa (SAHPRA) e bile di tla ja R902 (2019).
Kwa Canada, balemirui ba hemp ba ba tlhokang tetla ya go lemaruwa ba tshwanetse go neelana ka dintlha tsa GPS tsa dikhutlo tsa hemp lefelo la ntshokuno ya hemp, mmepe wa hemp o o supang matshwao a tikologo le ditsela, leina la mofuta wa hemp o o tshwanetseng go jalwa le go netefatsa tshireletso ya sepodisi.
Translated by Lawrence Ndou