Dioli Tsa Hemp

Oli ya hemp e ka monoliwa go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa sejalo sa hemp se na le ditiriso tsa go apaya, bontle, melemo le intaseteri.

©Marinda Louw

Oli Ya Peo Ya Hemp Kgatlhanong Le Oli Ya Hemp Ya CBD

Cannabis sativa (hemp) dipeo di dirisiwa mo lefatsheng lotlhe ka ntlha ya diteng tsa yona tsa kotla le melawana e e gagametseng e e kwa godimo di le go na go lekanyetsa kelo ya tagi ya cannabinoid tetrahydrocannabinol (THC). Kwa Canada, ditekanyetso tse ke 10 ppm ka gerama ya dipeo tsa hemp le dinaga tse dingwe tse di jaaka Aforika Borwa di latela dikaelo tse di tshwanang mo maemong a THC mo hempong. Amerika e letlelela 0.3 ya diperesente tsa THC mo dintshokunong tsa hemp.

Oli ya peo ya hemp e e tswang mo dipeong mme e ka nna le bokana ba tse di latedisang tsa phytocannabinoids jaaka CBD. Oli ya peo ya hemp e tobetswa e le tsididi go bona thobo ya oli e e jewang e le tala ka tatso e e tshwanang le dipeo tsa manoko kgotsa dipeo tsa sonobolomo.

Oli e e humileng ka mafura a diesiti tse di seng komota jaaka omega-6 le omega-3 gammogo le bithamine ya E. Kelo ya omega-6 go omega-3 mo oling ya peo ya hemp ka tlwaelo peo e fa gare ga 2:1 le 3:1 e e feletseng mo boitekanelong jwa batho.

CBD oli ya hemp e ntshiwa e diriwa go tswa mo dithunyeng, matlhaka le matlhare a sejalo sa hemp. Dikarolo tse tsa merogo tse di nang le phytocannabinoids ya mosola e e leng gore CBD e ke e botlhokwa thata. CBD e itsege thata ka phytocannabinoid e e sa tageng, mme ke fela cannabinoids e leng nngwe e e le teng mo hemp.

Maikaelelo a magolo a go dirisa oli ya hemp CBD ke go busetsa tekatekano ya khemikhale mo mmeleng ka go tsibosa thulaganyo ya batho endocannabinoid. Mesola ya oli ya CBD ga se fela ka ntlha ya CBD mme e rotloediwa go ya kwa pele ke ditlamorago tsa go dira mmogo tsa cannabinoids tse dingwe tse di leng teng mo mmung jaaka terpenes le phytochemicals le tse dingwe. Setlamorago se se kopaneng, se se nonofileng go feta setlamorago e leng CBD e le nnosi, e itsewe jaaka ‘setlamorago sa entourage’.

Ditiriso Tsa Dioli Tsa Hemp

Oli ya peo ya hemp e masisi thata go dirisiwa le bollo ka gonne e tla senya diesiti tsa mafura tse di leng mosola mme di siametse mayonnaise, pesto kgotsa oli ya go dirisa. Oli ya hemp ke e e maleba fa di bolokilwe di le tsiditsana, mme fela fa di ka bulwa, di tshwanetse go dirisiwa mo dikgweding di le tharo.

E dirisiwa mo dukumong tsa tlhokomelo ya letlalo, oli ya peo ya hemp e na le diphepafatsi mme e ke thibela thurugo e e maatla, e e thusang go alafa thala, bogwara, mosweswe le bolwetsi jwa letlalo. E tshwanetse letlalo le le masisi. Dipatlisiso kwa Finland di supile ditokafatso mo moswesweng le mo maatleng a moriri le dinala tsa balwetse ba ba neng ba dirisa oli ya peo ya hemp letsatsi le letsatsi.

Tobetso ya bobedi, e e goteditsweng ya dipeo tsa hemp di tla uma oli ya mmala o o borokwa. Oli e e dirisiwa mo dipenteng tsa logong, jaaka oli e e omisang mo dipenteng, le jaaka oli ya lebone. Boalo ba polasetiki jaaka khupetso boalo le lookwane la disele le le senang botlhole di dirilwe go tswa oling ya peo ya hemp.

Oli ya hemp ya CBD e e tshiwang e le tala (e ntshitswe go tswa mo matlhareng, dithunyeng le matlhakeng) e ka dirisiwa mo maemong a a farologaneng, go akaretsa tlhokomelo ya letlalo le go alafa mefuta e e farologaneng ya maemo a boitekanelo.

Bosupi bo bo nonofileng go feta ba tsa saense ka tiriso ya kalafi ya CBD mo oling ya hemp ke ya go alafa bolwetsi ba leebana mo baneng. CBD gape e alafa ditlhodiego le tlhoka boroko gammogo le botlhoko jo bo sa foleng e e tsamaelanang le thurugo.

Oli ya CBD e tsentswe mo dikunong tse di jaaka dimonamone tsa tšhongkamo, dimonamone, tse dio monate tsa diruiwa le marothodi, oli ya mouwane, ditswakanywa le bojalwa le digasetso tsa molomo. E ka nna ya forotlhiwa mo letlalong kgotsa ka fa gare.

Patlisiso ke Yunibesiti ya Nottingham e tsere tshwetso ya gore dijo tse dingwe tse di leng kwa godimo ka diesiti tsa mafura di ka oketsa go nna gone ga oli ya hemp mo go CBD. Oli ya khokhonate, motlhware, dinawa tsa soya le oli ya sesame, gammogo le tlhapi, nama, diabokado le mae, di tla letla mmele wa motho go tsaya CBD e ntsi.

Translated by Lawrence Ndou