Hisetori Ya Hemp

© Ji-Elle

Hemp e ntse e jalwa mo dingwageng di le dikete; bosupi jwa ntlha ba tiriso ya hemp bo fitlhetswe mo lefelong la dinkgo tsa mmopa kwa Taiwane go kwa morago ka 10 000 Pele ga Kresete. Kwa China ya bogologolo, go gakologelwa e le naga ya gaabo hemp, hemp - nngwe ya dijalotsa ntlha go dirisiwa tlhaleng - e ne e dirisiwa go loga dikhai, ditlhako, pampiri le dikgole. Hemp gape e tshitshinngwa go mefuta ya malwetse a a farologaneng, go akaretsa pipelo, bolwetsi ba ramatiki, le go latlhegelwa ke tlhaloganyo.

Kanamo Ya Hemp

Mo mefuteng ya ditshedi e le meraro ya Cannabis, hemp - Cannabis sativa - mofuta - e ne e le ya ntlha go anama mo lefatsheng lotlhe, gongwe ka ntlha ya ditlhale tsa yona tse di botlhokwa le dipeo tse di jewang. Go na le bosupi jwa go jalwa ka bophara kwa British Isles ka dinako tsa 400 Pele ga Kresete. fa sejalo sa hemp se ne se dirisediwa ka lesela (ditlhale tsa hemp) gammogo le oli le dijo (dipeo tsa hemp).

Temoso ya ditlamorago tsa go tlhapelwa ya mefuta ya cannabis e ka anama go feta didiko tsa kalafi le intaseteri mme di tlhotlheletsa tiriso ya tsona mefuta ya sannabis ya bodumedi le maikaelelo a boitapoloso.

Hemp cannabis e ne ya tlhagisiwa kwa Canada ka 1606 go dira mafuka le diseile tsa dikepe mme di ne di jalwa kwa Amerika lwa ntlha ka bo1630. Hemp ne e jetswe ka bophara le go dirisiwa kwa Amerika gore e lekanyetswa gore bontlhanngwe ba diaparo tsotlhe di ne di dirwa ka hemp ka bo1700 kwa morago.

Phediso ya bokgoba kwa Amerika le go jala ga katune di isitse gore go nne le phokotsego mo temothuong ya hemp ya dikhai. Mo godimo ga moo, tiriso ya tšhotlho ya dikgong ya theko e e kwa tlase go dira pampiri go lekanyeditse tiriso ya hemp go ya kwa pele. Go ne go le jalo, go sa ntse go dirisiwa go dira dipampiri tsa sekerete, Dibibele le madi.

Kiletso Ya Hemp

Gape go fetoga mo tsamaong ya nako e ne e le mefuta ya hemp ya “marijuana” e e nang le maemo a a kwa godimo a THC. DiTHC – tseno di na le mefuta go tswa kwa borwa jwa Asia di ne di dirisiwa mo diritibatsing tsa boitapoloso mme ka bomadimabe, hemp ya intaseteri e nnile e e amantshwang le motswalwa wa yona wa THC e e kwa godimo. 

Ka bo1930, morago ga go tlhomiwa ga Henry J. Anslinger jaaka mokomišenara wa Lephata la Diokobatsi le le sa tswang go tlhomiwa, hemp cannabis e ne ya bolelwa jaaka seokobatsi mme temothuo ya hemp e ne ya ilediwa kwa Amerika.

Ka dingwaga tsa bo1940, ntshakuno le go diragatsa hemp e ne ya tsosolosiwa nakwana go ntshakuno ya pampiri, matsela le dikgole go dirisiwa ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, fela hemp ditetlelelo tsa ntshokuno ya hemp di ne tsa phimolwa morago ga ntwa.

Mo dingwageng tse di fetileng, go ne go na le kgatlhego e ntšhwafaditsweng mo go hemp mo lefatsheng ka bophara le Fora e etelela pele - jaanong jaana e leng yona montshakuno o mogolo go gaisa wa intaseteri ya hemp mo lefatsheng. China e kwadisitse dipatente tse di amanang le hemp tse di fetang 300 mme Canada e beile semolao intaseteri ya hemp ya peo le tlhale e e dirisediwang pampiri, dikhai, metswako ya tlhago le didirisiwa tse di tshegetsang tsa go aga.

Hemp Mo Aforika Borwa

Mo Aforika Borwa, molao ga o farologanye fa gare ga go jala Cannabis (motokwane) le go jala hemp ya intaseteri. Le fa palo ya ditekelelo le kgwebofatso ya hemp kwa dinageng tse di jaaka Canada, China le Fora, go jala mo intasetering le go diragatsa hemp go sa ntse go se mo molaong mme ditetla tse di kgethegileng di a tlhokega go jala hemp. Se se letla ntshokuno ya hemp ka mabaka a patlisiso fela.

Dikumo tse di amanang le hemp mo Aforika Borwa di romelwateng.

Translated by Lawrence Ndou