Hemp Jaaka Tlhale Ya Dikhai

© Babertorte

Hemp (Cannabis sativa) ke mofuta wa cannabis ka maemo a a kwa tlase a THC cannabinoid ya boitumelo e bile ga e tlhole kgolagano ‘e e kwa godimo’ le motswala yona, ‘motokwane’ (marijuana).

Ditlhale tse ditelele tsa karolo e e kwa ntle ya sejalo sa hemp e e golang ka bonako di ne di dirisiwa jaaka dijini, ditlhako, dikgole le diseile tsa dikepe. Ka nnete, didirisiwa tse di dirilweng ka hemp di ribolotswe mo mabitleng a a matlha a morago go ya go 8 000 Pele ga Kresete. le motlhotlhomisi Christopher Columbus e ne e dirisa dikgole tsa hemp mo dikepeng tsa gagwe tse tsa thulaganyo ya dikgole le diseile tsa hemp.

Hemp Kgatlhanong Le Katune

Hemp ka bonolo e ka beelwa kwa thoko tiriso ya katune mo go direng diaparo. Go farologana le katune ya intaseteri, e e dirisang 50% ya dibolayadisenyi tse di gasitsweng mo lefatsheng, hemp ga e tlhoke dibolayadisenyi go jala. Mo godimo ga moo, ditlhale tsa hemp di thata, di ditelele mme monola go feta katune. Hemp gape e na le twantsho ya monyo o o bonolo, e na le dithoto tse di botoka tsa go thutafatsa mme e kwa tlase mo go amiweng ke katune e e nyelelang.

Tsela Ya Go Direagatsa Hemp Go Ya Go Dikhai

Hemp e jalelwa go nna tlhale mo ntshokunong ya dikhai e tshwanetswe go robiwa ka bonako ka nako ya kgato ya go thunya pele fa peo e ntshiwa. Se e ka nna malatsi a le 70 go ya go 90 morago ga go ntsha peo. Thobo ya hemp e dirwa ka go kopanyiwa ka motšhini wa tlwaelo ya go roba.

Kgato ya ntlha mo tiragatsong ya hemp ke thulaganyo ya go inela matlhaka a hemp mo metsing. Retting ya Hemp ke fa matlhaka a hemp a inetswe mo metsing. Retting (kgotsa go bola) ke fa e le megare le mouta di ka kgaoganyo di-pectin tse di tshwarang ditlhale tsa hemp. Thulaganyo ya go inela matlhaka a hemp mo metsing e ka dirwa ka ditsela di le tharo. Matlhaka a hemp a ka tlogelwa mo tshimong ka fa gare ga dibeke di le nne le thataro, e inetswe mo metsi malatsi a ka nnang a 10 kgotsa go alafiwa ka dithugisi. Fa thulaganyo ya go inela matlhaka a hemp mo metsing e setse konoseditswe, matlhaka a tla tlhagelela a le a masweu ka ditlhale tse di telele tse di kgaoganang bonolo go tswa kwa mookong wa logong.

Mo kgatong e e latelang, matlhaka a hemp a kgobokanywa mme a romelwe kwa motšhining wa go “go tlosa llaga ya bogodimo”. Mo thulaganyong eno, dikutu le mooko wa logong e kgaogantswe go tswa mo ditlhaleng tse di telele tsa hemp. Ditlhale tse di telele di romelwa ka go dirisa sedikologo fa ditlhale di kolobile pele ga fa di fokotsa go tswa go 3m bokhutshwane go ya kwa boleeleng sekao 650mm. Dikarolwana tse di khutshwane le tsona di a kamiwa, go dirwa borethe le go nna bokhutshwane, e e raraaneng kgotsa dikarolwana tsa logong di tlositswe. Ditlhale tse di khutshwane di itsege jaaka ‘go goga’ mme ditlhale tse di telele di bidiwa ‘tlhale ya mola’.

Ditlhale tsa hemp tse di lebaganeng mo “silifereng” e e tswelelang go logiwa, le fa e le metsi kgotsa e omile. Go loga go go metsi go ntsha bokana ba kumo e e siameng ya dikgole tsa ditlhale jaaka fa di kolobetsa pectin ka kgaogano e e botoka ya ditlhale le go ntshakuno dikgole tsa ditlhale tsa hempo tse di boleta.

Mesola Ya Tlhale Ya Hemp

©Marinda Louw

Hemp e kwa godimo mo dikhaing tse dingwe tsa dijalo tsa tlhale (jaaka katune kgotsa tlhale ya masela), bobedi ka ntlha ya thulaganyo ya go mela le diriswa tsa yona. Mesola ya go jala hemp e akaretsa gore bonnye ba metsi bo a tlhokwa go jala hemp go na le go jala katune. Hemp gape e tlhoka diboladisenyi tse mmalwanyana jaaka fa e thibela disenyi le malwetse fa thobo ya tlhale ya hemp (ka heketara), e le kwa godingwana go feta tlhale katune.

Go ya ka boleng ba tlhale; hemp ke nngwe ya ditlhale tsa tlhago tse di nonofileng go feta, sethutafatsi se se siameng, e na le kgonagalo ya go hema e e maleba, e lwesa mouta le monyo o o boleta mme e lwesa thata go onala le go gagoga.

Boleta ba lesela la hemp bo oketsega ka fa e onala le mmala ga o nyelele ka bonako jaaka mo katuneng.

Go ya ka hemp jaaka khai ya fanitšhara ya mo gae, e na le dithoto tsa UV tse di thibelang tse di leng kwa godimo (di tshwanetse go dirisiwa jaaka dilo tsa go thiba la digaratene) mme ga di atologe thata ka jalo ditho tse di fanitšhitseng go tshola popego ya tsona.

Translated by Lawrence Ndou