Dikarolo di le dintsi tsa sejalo sa hemp, Cannabis sativa, di tshwanetse go ka dirisa ke phologolo. Dipeo tsa hemp, matlhare le kuku ya oli ya peo ya hemp e ka fepiwa diphologolo, le gale ditiriso di sa ntse di le mo kgatong ya go dira patlisiso.
Jaaka go tlhalositswe ke ‘Molaotlhomo wa Temothuo’ (kgotsa Molawana wa Tokafatso ya Temothuo) o o itsisiwe ka 2018, Amerika e tlhalosa hemp ya intaseteri e tshwanetse tiriso le diphologolo fa go e na le cannabinoid THC ya tagi e e fetang 0.3%. Kwa go Kopano ya Yuropa, maemo a THC mo dijalong tse di omisitsweng ga di a tshwanela go feta 0.2% ya cannabis go arologantshiwa jaaka ‘hemp’ - Marijuana e na le maemo a THC e e bokana ka 15% - 40%.
Diarologantsho tseno tsa hemp di mo molaong mme e seng ka mmele, jaaka le mefuta ya ditshedi le mefuta e mengwe ya marijuana le hemp di ka kgabaganyana.
Patlisiso e nnye e setse e dirilwe mo hempeng go nna dijo tsa diruiwa. Le gale, go setse go begilwe gore matlhare a hemp a fepiwa dikolobe le diruiwa tse dingwe kwa China.
Patlisiso ka Yunibesiti ya Kentucky kwa Amerika e fitlhetse gore ntshokuno ditho tsa merogo tsa hemp, totatota, go ikaegile ka boleele jwa setlhakgolo le letlha la go jala; kwa morago go jala gi lebisa e e kwa go nneng le peo ka bonako le matlhare a a mmalwa. Thuto, e sisinya gore boleng jwa hemp jaaka dijo tsa diphologolo tsa diruiwa mo diteng tsa kotlo ya dipeo tsa hemp, bogolosegolo fa nsthokuno ya matlhare e lekanyeditswe.
Hemp e ka diragadiwa go nna furu; boleng jwa phepo furu ya hemp e fitlhetswe go nna e e tshwanang le luserene. Matlhare a hemp a dirisiwa jaaka bolao ba go monola ba diphologolo. Fa matlakala - dijo tsa peo ya hemp - tse di setseng morago ga go monola oli go tswa kwa dipeong, di ka dirisiwa go fepa diphologolo.
Ka go monolwa ga oli go tswa kwa dipeong tsa hemp, masalela a kuku ya peo a sala. Kelotota ya poroteine e e tala e e kwa godimo ya kuku ya peo ya hemp e ka dira kemedi ya poroteine ya dijo tsa hemp mo dijong tsa diphologolo tsa kwa gae le diruiwa. Dijo tsa hemp di na le poroteine, tshipi, makanesiamo le manganese, gammogo le maemo a a kwa godimo a tlhale ya dijo le diesiti tsa amino tse di botlhokwa.
Dipeo tsa hemp ka tlwaelo di dirisiwa jaaka dijo tsa dinonyane le go tswaka peo. E dirisiwa gape jaaka serai sa tlhapi ya carp. Mo seraing sa tlhapi, dipoe tsa hemp di a kgokolosiwa mo metsing mme di apeiwe go fitlha fa e simolola go kgaogana. Jaanong bonney ba peo ya oli ya hemp bo a tsenywa morago ga fa hemp e dirisiwa jaaka serai se se fa fatshe.
Ka Ferikgong 2019, dinaga di le 40 tsa kwa Amerika di letleletswe go dira dipatlisiso ka hemp jaaka dijo tsa diphologolo. Hemp e tla fepiwa ka boemo jwa dijo tsa peo tse di sidilweng, dikgolokwanyana kgotsa oli ya hemp e neelwa jaaka setlaleletsi.
Le fa Molawana wa Tlhabololo ya Temothuo wa 2018 o atolositse ntshokuno ya semolao ya hemp go feta go nna fela e e lekanyeditsweng ditheo tsa thuto e kgolwane le mafapha a puso, molao ga o bue ka tiriso ya hemp jaaka tlaleletso ya furu. Ka jalo tiriso ya hemp mo dijong tsa diphologolo ga e ise e letlelelwe.
Ka Lwetse wa 2019 go ne ga begwa gore Tirisano ya Furu ya Hemp e eleng kwa Amerika e dira le FDA-Center ya Melemo ya Diphologolo go bula mebaraka e mešwa ya tiriso ya hemp jaaka koketso ya difuru tsa diphologolo.
Ka 2008, Yunibesiti ya kwa Sweden e ne ya bapisa kuku ya peo ya hemp (morago ga fa e monotswe tsididi) le dijo tsa soya jaaka furu ya poroteine mo diphepong tsa dinamane. Dipholo di bontshitse kgolo e e tshwanang mme tiragalo ya mo mogodung e e tokafaditsweng (tshilego) ka kuku ya oli ya peo ya hemp.
Kwa Canada diteko ka 1998, hemp gape e ne ya diriwa diteko ka dinku go emisetsa kwa thoko kanola e e dirilweng ka molelo ka 20% mo palogotlheng ya furu e e omeletseng kwa ntle ga ditlamorago tse di kotsi mo furung e e jewang kgotsa tiriso ya kotlo.
Patlisiso, e e phasaladitsweng ka 2012 mo Poultry Science, e begile gore fa dikgogo di fepilwe kotlo e e ka nnang 20% ya peo ya hemp, mae a tsona a ne a le bokete mme a na le maemo a a kwa godimo a diesiti tsa mafura a omega-3.
Translated by Lawrence Ndou