Ditiriso Tsa Intaseteri Tsa Hemp

Kwa ntle ga oli ya hemp e e dirisiwang mo ditirisong tse di jaaka sedirisiwa sa go omisa mo dipenteng, jaaka pente ya logong le leokwane, sejalo sa hemp (Cannabis sativa) e ka dirisiwa jaaka pampiri, go ntsha botlhole mo mmung jaaka motswedi wa lookwane.

Hemp Jaaka Pampiri

Tiriso ya hemp jaaka pampiri e ka tsewa go tswa morago kwa go 200 - 150 Pele ga Kresete fa kwa China e ne ya dirwa mo sebopegong sa tšhotlho go bopa matlakala a masesane. Ka ngwagakgolo wa 7, ditshilo tsa pampiri di ne tsa agiwa kwa Botlhabagare le kwa China. Tiriso ya pampiri ya hemp e ne ya anamisiwa go ya kwa pele kwa bophirima. Dibaebele le dibuka tsa bakwadi ba tshwanang le Mark Twain di ne di gatisitswe mo pampiring ya hemp le kwa Russia hemp e ne e dirisiwa go gatisa madi le ditempe.

Pampiri e ka dirwa go tswa mo tlhaleng e e phantseng e e telele kgotsa tšhotlho ya tlhale e khutswane. Pampiri e e dirilweng go tswa mo tšhotlhong ya tlhale e e khutswane e ka nna ya seke ya nna thata jalo, mme e le bonolo go e dira, go nna boleta le bokima go nna botlhofo mo tirisong ya letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga moo, hemp ke ya tshiamelatikologo jaaka hemp e ka tsaya malatsi a a leng 120 go mela go butswa fa e bapisiwa le dingwaga tse e di tsayang tsa setlhare go gola.

Hemp Jaaka Sepontšhe Sa Botlhole

Dijalo tsa hemp di ka dirisiwa mo thulaganyong ya go busetsa mmu go tswa mo kgotlhelegong ya botlhole, go goga botlhole go tswa mmung jaaka sepontšhe. Hemp gape e ne e dirisiwa go tlosa dirisiwa tsa phasalatsamarang go tswa mo mmung morago ga matlhotlhapelo a tlhagiso ya phasalatsamarangrang kwa Chernobyl kwa Russia ka 1986.

Dipatlisiso tse di tswelelang ka 2012 di bontshitse gore hemp e ne e monola ka tshwanelo cadmium go tswa mo mmung. Cadmium ke kumo ya bobedi go tswa ka go ntsha digase tsa dituki tsa maokwane a fosele. Hemp e ka phepafatsa botlhole mo mmung go akaretsa le ditshipi, dibolayasenyi, oli e tala le botlhole mo mesimeng e e khupeditsweng. Hemp e jetsweng mo mmung o o nang le botlhole ga e a tshwanela go dirisiwa mo tirisong ke batho.

Hemp Jaaka Lookwane La Tlhago

Babatlisisi ba kwa Yunibesiting ya Connecticut ba fitlhetse gore lookwane la disele le ka dirwa go tswa mo peong ya hemp ya intaseteri. Patlisisi ya yunibesiti e supa gore oli ya hemp e ne e na le selekanyo sa phetogo ya 97% go ya go disele ya tlhago le gore disele ya tlhago e tshwanetse enjene ya disele e e tlwaelegileng.

Sejalo ka gotlhe se ka diriswa go ntshakuno ya ethanolo kgotsa methanolo. Ka dinako dingwe e bidiwa “hempanol” kgotsa “hempoline” mofuta o wlookwane o o dirilweng ka thulaganyo e e bidiwang cellulolysis e e bedisiwang le go thothisa hemp go ntsha ethanolo. Ethanolo e thothisiwa morago ga go bidisiwa methanolo e tlhagisiwa morago ga thothiso ya komelelo ya tšhotlho ya hemp e e logong.

Translated by Lawrence Ndou