Hemp Jaaka Dijo

©Marinda Louw

Tlhokego e e oketsegang ya dijo tse di theilweng mo dijalong, tsa poroteine e e kwa godimo le dioli tsedi itekanetseng e ntšhwafaditswe kgatlhego mo kotlo ya boleng ba dikumo tsa dijo tse di amanang le hemp. Dipeo tsa hemp ga di na glutene le tatso ya manoko mme e ntsha le bokana ba kumo e e siameng ka folouru e e kwa godimo ka poroteine le oli e e itekanetseng.

Mesola Ya Hemp

Dipeo tsa hemp di kwa godimo ka poroteine (20% - 25%) le go nna kwa godimo ka tlhale e e jewang, dibithamine A, B1, B6, B12, C, D le E e bile e na le maganesiamo, fosoforo, potasiamo, kalsiamo le tshipi. Edestin, poroteine e e silegang botlhofu ya poloko e na le diesete tsa amino tse di botlhokwa tse di ka nnang 60 - 80% tsa bokana jotlhe jwa poroteine ya dipeo tsa hemp.

Boleng jo bo kwa godimo jwa dipeo tsa oli ya hemp le motswako wa esiti ya mafura. Dipeo tsa hemp di na le diteng tsa oli ya 25 - 35% e e leng gore 36% ke mafura a a seng komota go akaretsa omega-3, 6 le 9 ya diesiti tsa mafura. Diesiti tse tsa mafura di fokotsa thurugo le go thusa go laola ditshupo tsa malwetse a a sa foleng a a jaaka mofuta wa bobedi wa bolwetse jwa sukiri le malokololo.

Dithoto tsa hemp tsa leokwane, ditebogo di lebisiwa kwa go bithamine ya yona ya E le diteng tsa phytol, di thibela tse di senang medu go tlhola tshenyo ya disele mo mmeleng wa motho mme e ka fokotsa kgono ya merero ya boitekanelo jaaka bolwetsi ba Parkinson’s, kgotsa bolwetsi ba pelo le fa e le bolwetsi ba Alzheimer’s.

Hemp Mo Dijong

Peo ya hemp e tsaya dinoki di ka dirisiwa go oketsa bokana ba poroteine, dikhabohaetereite, oli kgotsa kotlo goo ya ko mefuteng e e farologaneng ya dijo go akaretsa dino le matute. Hemp e dirisiwa gape go dira jaaka tse di ikaegileng mo dijalong tse di tlhaotsweng jaaka mekgwa e mengwe ya tsa mašwi, sekao, mašwi a hemp.

Morago ga go monola oli ya dipeo tsa hemp, kuku ya hemp e e setseng e a tsenyeletswa go bopa folouru ya hemp, e e nang le 15 - 20% ya poroteine e e silegang e e kwa godimo. Oketsa folouru ya hemp jaaka lorole la diporoteine mo diphaeng, dikuku, dimafene le senkgwe jaaka e e tsayang boemo jwa korong. Dirisa 25% ya hemp go 75% ya kelo ya folouru. Folouru ya hemp e ka dirisiwa gape jaaka setswaki sa setlhafuni sa dimonamone.

Lorole la poroteine ya hemp le lona le ka dirisiwa go oketsa tse di borethe le disopo, fa dithunya tsa hemp di ka dirisiwa tee ya ditlama e e okobatsang. Go thusa go ngokela mafura a a jewang a CBD, bonnye ba oli ya khokhonate, botoro kgotsa mašwi a atletseng lebebe di ka akarediwa mo teeng.

Oli ya hemp, e e monolotsweng go tswa mo dipeong kgotsa oli e e humilenug ka CBD e monolwa go tswa mo matlhareng le dithunya di dirisiwa jaaka oli ya go khupetsa kgotsa go tsewa jaaka melemo.

Hemp e dirisiwa gape go ritela bojalwa mme e dirisiwa jaaka setsenyo sa mo dinong tse di tswakantsweng le dino tse dingwe.

Kwa China, dipeo tsa hemp tse di besitsweng di rekisiwa jaaka dijonyana tse di motlhofo ke barekisi ba mo mebileng le kwa Russia, ‘oli e ntsho’ e e ntshitsweng mo dipeong tse di butswitseng tse humileng ka tlolorofomo e dirisiwa thata.

Dipeo tsa hemp di ka diriwa phatlha (mme tsa bidiwa ‘dipelong tsa hemp’) le go fafadiwa mo disalateng, mo mmung le go dirisiwa mo dinong tse di borethe le disopo kgotsa e tswakiwe le dithunthuntshwane, sirapa, oli ya khokhonate le dipeo tsa chia mme di bakilwe mo ontong go dira granola e e modumo.

Translated by Lawrence Ndou