Hemp ka Diritibatsi?

©Marinda Louw

Hemp (Cannabis sativa) ke sejalo se se fetofetogang se se dirisediwang matsela, tlhale, oli le jaaka dijo mme go le gantsi e tsewa ka phoso jaaka seretebatsi ka ntlha ya kamano ya yona le motswala yona yo o tagang: marijuana kgotsa ‘matekwane’ (Cannabis indica).

Hemp ya intaseteri e tlhagisitswe go tswa mefuteng ya Cannabis sativa L. e e nang le ka fa tlase ga 0.1 - 0.3 THC - e e leng maemo a a letleletsweng a THC go farologana go ya ka naga nngwe le nngwe. ‘Hemp’ ke, ka jalo, leina la dijalo tsa cannabis tse di jalelwang tiriso e e sa tageng ya diritibatsi.

Marijuana, hemp le cannabis ke maina a a tshwana a dijalo tsa mofuta wa Cannabis. Cannabis e e nang le go feta 110 cannabinoids, tse di akaretsang delta-9-tetrahydrocannabinol (THC), tagi le psychoactive cannabinoid mo go marijuana. THC e itsege ka dithoto tsa yona tsa tlhotlheletso ya keletso ya dijo, go imolola botlhoko le maibi. 

Diteng tsa THC tsa cannabis ke lone lebaka la go bo go ntshokuno ya hemp e laolwa mo lefatsheng lotlhe. Le fa go le jalo, dijalo tsa hemp ga di ntshe THC e e lekaneng go nna le ditlamorago tsa tagi.

Hemp le Cannabinoids

Cannabinoids di fitlhelwa mo mmeleng wa motho le gore di botlhokwa go feta mo go direng ga mmele. Ke ditheo tsa dikhemikale tse di tlhamilweng ke dimela (phytocannabinoids) le mo mmeleng wa motho (endocannabinoids). Ditheo tse, mmogo le disele tsa ditsebosi tsa cannabinoid mo bobokong, di tlhama karolo ya thulaganyo ya endocannabinoid mo mmeleng wa motho. Endocannabinoid e e laolang tsamaiso ya go ntsha neurotransmitters, tse di thusang ka kamogelo ya botlhoko e e amegang mo pelong le neelano ya madi, thulaganyo ya tshilo gammogo le ditiro tsa sebete. 

Go fitlha ga jaana badirisi ba na le kgatlhego fela mo cannabinoids tse dintsi mo sethunyeng sa cannabis: Cannabidiol (CBD) le tetrahydrocannabinol (THC). CBD e fitlhelwang mo dikgaolong tse di kwa godimo tsa sejalo sa hemp le mo dithunyeng tsa hemp mme di monolwa ka go ntsha oli e e humileng ka CBD e nang le ditlamorago tsa tagi.

Cannabinoids tse dingwe di akaretsa Cannabigerol (CBG), cannabichromene (CBC) le cannabinol (CBN). Bokgoni jwa bona ba tiriso bo sa ntse batlisisiwa mme e supa kgonagalo ya kalafo ya malwetse a thurugo le go thusa ka boroko.

Hemp le Molao

Mo Aforika Borwa, hemp e sa ntse e tsewa jaaka diritibatsi. E laolwa ke Lefapha la Boitekanelo. Fa Molawana wa Melemo le Dire tse di Amanang e le molao o o amegang mo go laoleng go jala le go diragatsa hemp mo Aforika Borwa. Ditetla tsa THC cannabis go ya ka mabaka a intaseteri a ka rebolwa ke Mokaedi-Kakaretso wa Boitekanelo go ya ka Karolo ya Molawana wa 22A(9) (a) (i) wa Molao wa Melemo.

Ditetla di ntshitswe ke Bolaodi ba Dikumo tsa Boitekanelo ba Aforika Borwa (SAHPRA) e e leng kemedi ya Taolo ya Melemo (MCC). SAHPRA e welang ka fa tlase ga tonakgolo ya Lefapha la Boitekanelo. Diforomo tsa topo ya ntshokuno ya hemp di ka bonwa kwa dikantorong tsa SAHPRA.

Ditetla tsa go uma hemp di sa ntse di fela ka mabaka a patlisiso ya se se rayang gore kgwebo ya ntshokuno ya hemp e sa ntse sa itsege sentle, keletso e e fetisitsweng ke Gill Staniland, motlhami le tokololo ya Koporasi ya Tlhabololo ya Intaseteri ya Cannabis kwa Kapa Bophirima (CIDCWC).

Ntshokumo ya hemp e fa molaong kwa Amerika go tloga fa ba falosa Molao wa Tlhabololo ya Temothuo ka 2018. Le gale bantshakuno ba tshwanetse go sa ntse ba ikobamela, melao ya tsa ya tsa temothuo gammogo le Molao wa Temothuo wa Amerika wa 2014 le go bona ditetla tse di rebotsweng ke lefapha la temothuo la selegae.

Ka go dira semolao ga 2018 Molaotlhomo wa Temothuo kwa Amerika, ntshokuno le phetiso ya hemp mo meleng ya dinaga e okeditse tlhokego ya hemp le ka bobedi cannabidiol (CBD).

Translated by Lawrence Ndou