Mo bukeng ya gagwe, Psychedelics Encyclopedia, Peter Stafford o kaya gore bontsi ba baitseanape ba dumela gore go na le mefuta e le tharo bonnye ya sejalo sa Cannabis tse di farologana go tswa go nngwe go ya go nngwe ka tlwaelo ya go mela, peo, lotlhaka le borekhu (cannabinoid).
Cannabis sativa L. ke setshedi se se kwa fatshe sa cannabis se itsege jaaka hemp. Mefuta e e farologaneng e na le diteng tsa THC e e kwa fatshe ga 0.3%. Hemp ke mofuta o o senang tagi wa cannabis. Mofuta wa ditshedi o ne wa lemogiwa kwa China mme wa arologangwa ka 1753 jaaka Cannabis sativa Linnaeus, e e reilweng ka Carl Linnaeus, moitsenape wa dijalo wa kwa Sweden. Mefuta e ya ditshedi e ntsha ditlhale tse di nonofileng, e ka gola go fitlha 5m botelele e bile e siametse peo ya hemp thata le ntshokuno ya tlhale.
Cannabis indica Lamarck ke sejalo se se khutshwane sa sejalo sa sekhu le tlwaelo ya kgolo ya bokhounu mme ga e maleba mo ntshokunong ya tlhale. Cannabis indica kgotsa marijuana e na le maemo a a kwa godimo a borekhu jwa go tagwa tetrahydrocannabinol (THC) ka meloisi ya THC ya 18% go ya go 38%.
Mefuta ya ditshedi ya boraro, Cannabis ruderalis e ne ya supiwa ka 1924 kwa Siberia mo e melang kwa nageng. Mefuta e ya ditshedi e gola go feta fela disentimetara tse 60 botelele, e na le tagi e nnye mme e butswa mo dibekeng di le 7. Dipeo tsa C. ruderalis di ne di dirisiwa mo ngwaokobamelong ya phitlho go tloga kwa pele ga 450 Pele ga Kresete.
Mofuta wa C. sativa e ne e le ya ntlha go anama lefatshe lotlhe, gongwe ka ntlha ya ditlhale tsa yone tse di botlhokwa le dipeo tse di jewang.
Kholetšhe ya Temothuo ya Yunibhesiti ya Kentucky, Koporasi ya Tirelo ya Dijo le Tikologo ya Kokeletso e gakolola balemirui ba hemp go dira patlisiso ka dihemp tse di farologaneng e e ikaegileng mo karolong ya sejalo sa hemp e e ikaelelang go roba. Dikarolwana di ka nna ditlhale tsa hemp tsa dikhai le didiriswa tsa go aga, dipeo tsa hemp tsa ntshokuno ya oli kgotsa dikarolo tsa merogo ya ntshokuno ya oli ya CBD. Ba tshwanetse go tlhopha mefuta e e farologaneng ya badiragatsi ba ba iytshupileng ba didiragatsi tseno.
Ditlhale tsa hemp tse di telele ka fa ntle ga lotlhaka la hemp di dirisediwa dikwalwa, dinonontsha, dikhai, tšhotlho le pampiri. Ditlhale tse di kwa ntle tse di ka nonofileng di kopantswe mo teng ga lotlhaka ka pectin, khabohaetreiti e e gakologang mo metsing.
Moko o o tshwanang le logong wa lotlhaka la hemp (hurd) e dirisiwa mo didirisiweng tsa go aga, lookwane la tlhago, bolao ba diphologolo le khupetso. Fa dipeo tsa hemp di ntsha dioli tse di kwa godimo ka poroteine le folouru ya hemp ya poroteine. Dithunya le matlhare di dirisiwa go ntshakuno ya oli ya cannabinoid oli e e humoileng ka CBD ka ditiriso tsa melemo le boitekanelo.
Mefuta e e rileng ya hempo ya intaseteri e dirisiwa go ntshakuno dintshokuno tsa kwa bokhutlong; peo ya hemp, tlhale le mesolamebedi e e dirang bobedi tlhale le peo. Mofuta wa hemp wa mesolamebedi ga e ume ka bontsi jaaka mosola o le nosi kgotsa ya boleng jo bo tshwanang jwa mefuta ya dijalo tsa hemp.
Translated by Lawrence Ndou