
La Cradle of Humankind
Fa o ise o etele Lefelo la Ngwaôboswa ya Lefatshe la Cradle of Humankind, gaufi le Krugersdorp/Mogale, o tlile go itemogela natefo ya boammaruri. Lefelo-boyo leno le le kgatlhisang (le tsharologile) le rwele histori e e boelang morago dingwaga di le di-million, mme masalela a bogologolo ale mantsi a a fitlhelwang fano ke bopaki jwa seno.
Dikgaga tsa ga Philip Tobias tsa Sterkfontein tse di tumileng lefatshe ka bophara di patagane le Visitor Interpretation Centre e e fentseng dikabo e e kwa Maropeng (leina la Setswana le le kayang gore ‘go boela kwa lefelong la tlholegô ya rona’), mme mmogo di dira ka tshwaragano go bula letlhabaphefo mo lefatsheng la batsogapele ba rona ba sika-loo-motho.
Mokoa wa digogedi tse dingwe o farafere kgaolo ya ‘The Cradle’, mme fa o setse o neetse tlotlomatso go Mrs Ples le ‘Little Foot’ - logata lwa Australopithecus lwa dingwaga di le 2.1-millon le letlhotlholo lwa dingwaga di le 3-million – kopa mmepe mme o tseye mosepele ka dinao, baesekele kgotsa sethuthu sa maotwane-mane mme o tlhatlhobe go kgotsafatsa pelo ya gago.
Translated by Nchema Rapoo
Majwe a kgaolo ya Cradle of Humankind a akaretsa boalo jwa lejwe jwa Dolomite, jo bo bopetsweng mo bolaong jwa metsi a a bothitho a a seng boteng a lewatle a a neng a apesitse Mogopo wa Witwatersrand...
morePele e fetoga naledi ya Palaeontology e e tumileng boditšhabatšhaba, Dikgaga tsa Sterkfontein di ne di khurumetswe di sa itsiwe, di iphitlhile ka fa tlase ga boalô jwa polase ya Swartkrans...
moreKgaolo yotlhe ya Cradle of Humankind e faraferwe ke mephanyo le mephatlhogo, mme yona e tlhofofatsa go bopega ga dikgaga tsa ka fa tlase ga lefatshe jaaka tafole ya metsi a ka fa tlase ga lefatshe e tlhaolosa...
moreLoeto go ralala dikgaga tsa Sterkfontein ke ntlhakgolo mme lo tshwanetse go ka tsewa ke mongwe le mongwe yo o etelang lefelo. Ke mosepele o o bonolo, mme lo a kaetswa gore...
moreBoitatolô ka bophara: kakanyô ya phetogo-tshedi ga e amogelwe ke botlhe. Le fa go na le dipatlisiso tsa bonetetshi tsa dingwaga tse di fetang 100 ga mmogo le diphaposi-polokelo tse di tletseng ka masalela...
moreKa setso, setlhopha sa go sale gale se se supegang mo lefatsheng ke Bushmen kgotsa San, ba ba tshetseng mo bontsing jwa dikarolo tsa Borwa jwa Afrika go tloga mo bonnyeng jwa dingwaga di le 30 000 tse di fetileng....
moreMasalela a motho a ntlha a magolo a a bonweng mo Afrika Borwa a supilwe ke Moporofesara Raymond Dart, kwa morago ka 1924. Dart e ne ele mo-Australia yo a neng a dira mo Afrika Borwa jaaka moporofesara...
moreKa dingwaga tsa bo-1820 mo Afrika Borwa, kgosi e e maatla, Shaka, e pagame setulo go ikala ka lobopo lwa botlhaba jwa Afrika Borwa. Kgaolo yotlhe e ne ele mo seêmông sa merusu le dikgotlhang....
moreCradle of Humankind (kgotsa COH, jaaka e tlwaetse go bitswa) e kwadisitswe lantlha mo nankolông ya Ngwaôboswa ya Lefatshe jaaka lefelo le le botlhokwa mo ngwaông ka 1999, kgotsa lefelo la bo 915 go wena....
more