Tshimologo ya Dikgaga tsa Sterkfontein

Naledi ya Palaeontology

©Jacques Marais
Pele e fetoga naledi ya Palaeontology e e tumileng boditšhabatšhaba, Dikgaga tsa Sterkfontein di ne di khurumetswe di sa itsiwe, di iphitlhile ka fa tlase ga boalô jwa polase ya Swartkrans kwa kgophung ya noka ya Bloukrans kwa Cradle of Humankind. Ka nako eo, go ne go se kalo go go ka tshitshinyang kgaolo ntle fela le balemirui bangwe ba ba maroko le badisa ba ba boroko go ba feta. Fela dilo di ne di le gaufi le go fetoga goya goile ka gore go ne go na le gauta dithabaneng tseo.
Pegelo ya ntlha e e ikanyegang ka ga gauta kwa mogopong wa Witwatersrand e tlile ka 1852 fa mineralogist wa mo-Brithane eleng John Henry Davis a ne a bega phitlhelelo mo polaseng ya Paardekraal (e kwa morago e neng ya nna Krugersdorp e morago e ntseng Mogale City). Ngwaga o o latelang, Pieter Jacob Marais (modupi wa gauta wa ntlha wa semmuso mo Afrika Borwa) le ena o bone gauta mo dinokeng tsa Jukskei le Crocodile, kwa bokone jwa Joburg ya gompieno. Fela diphitlhelelo ka bobedi ga di a fitlhelela letlotlo le le fitlhilweng kwa boteng jwa lefatshe, segolobogolo ka ntlha ya fa kitso ya motsi oo e ne e kaya fa gauya e fitlhelwa mo dinokeng.
Ka 1874, Henry Lewis le ena o ne a bona gauta go ikala le dintshi tsa noka ya Blaaubank gaufi le se morago se neng se tla itsagale jaaka Magaliesberg, mme Nil Desperandum Co-operative Quartz Company e ne moragonyana ya kokobatswa – setlamo sa moepo wa gauta sa ntlha se se nnileng matlhagatlhaga kwa Witwatersrand. Morago, ka 1881, reef e potlana e ne ya upulolwa kwa Kromdraai kwa Cradle mme, mo dingwageng di se kae, romdraai Gold Mining Company e ya theiwa mme karolo ya polase e ne ya supiwa fa ele moepo wa setšhaba.

Main Reef

©David Fleminger
Ka 1886, Main Reef e ne e upulotswe mme seêlô sa gauta se se neng setswa kwa Blaaubankle Kromdraai se ne se sa bontshe fa se na le tuelo, mme ka 1912, go epa gauta kwa Cradle go ne go setse go khutlile ka 1912. Gompieno, moepo wa gauta wa Blaaubank le wa Kromdraai e buletswe setšhaba mme e ka etelwa.
Fela moepo o tsweletse go nna le seabe se se golo kwa Cradle ka gonne, le fa majwe a ne a sena gauta, a ne a na le sengwe se se neng se tlhokwa ke madirelo a moepo a magolo a Witwatersrand: elene lime. Alkaline e e bogale, lime e ne e diriswa mo tlhagisong ya semente, le mo tsamaisong ya kêpô ya MacArthur-Forrest, mo e ka fokotsang bogale jwa cyanide acid e e bogale e e neng e dirisetswa go goga dikarolwana tse di tlhwatlhwa tsa gauta gotswa mo mokoweng wa majwe a a kukumereng gauta.
Ka lesego, bontsi kwa dikgaga kwa kgaolong ya Cradle di ne di rwele bontsi jo bo golo kwa limestone, e e neng e ka gotetswa mo diontong go tlhagisetsa meepo lime e tala.
Seno se ne sa neela kgaolo tshono ya bobedi ya katlego mme, tsatsi lengwe ka 1896, modiri wa lime yo o bitswang Guglielmo Martinaglia o ne a thuthuntsha go bula matseno a a yang kwa logageng lo lo lebegang ka go ratega lo lo bitswang Kromdraai.

Dikgaga tsa Kromdraai

©Roger de la Harpe
Mo dingwageng tse di latetseng, Dikgaga tsa Kromdraai (tse morago di biditsweng Sterkfontein) le dikgaga tse dingwe di le di ntsi mo kgaolong di ne tsa epiwa ka go tsenelela go ntsha limestone. Diripa tse kgolo tsa majwe di ne ka jalo tsa phatlholwa gotswa mo logageng le go fisetswa mo ontong ya lime, mme ka fao ga senngwa masalela ale ma ntsi a a tlhwatlhwa. Motho wa ntlha go ganana le seno e ne ele geologist ya mosimolodi yo aneng a bitswa David Draper, yo a begileng fa dikgaga tsa Kromdraai ele tse di nang le kgatlhegelo e kgolo ya geology mme di tshwanetse go ka sireletswa kgatlhanong le borramoepo. Ka ditebogo, mongwe o ne a mo reetsa mme thuthuntso e ne ya kganetswa mo ntlolohalahaleng e tona ya Sterkfontein go sireletsa dikgaga tse di rategang le letsha le le ka fa tlase ga lefatshe le le phepa. Fela, moepo o ne wa tsweletswa-pele golo gongwe sebaka sa dingwagasome. Gompieno, fa o etela dikgaga, o tlile go bona stalactites di le mmalwa tse di sentsweng ka bofefo ke borramoepo ba dingwaga tsa maloba.

Kepo ya Archaeology e e Seng ya Semmuso

©Roger de la Harpe
Le fa moepo o ne o tsweletse-pele, batho ba ne ba setse ba simolotse go lemoga masalela a a neng a tswa mo dikgageng mme mong wa lefelo, Rre Cooper, o ne ebile a butse phaposinyana ya mogodungwana e mo go yona a neng a rekisa marotho, mantle a dinonyane le masalela go baeng ba ba eletsang kitso. Ka 1935, Trevor Jones o upolotse maseledi a a kgatlhisang a kgabo mo logageng mme seno se ne sa kgotlha kgatlhegelo ya ga GWH Scheepers le H le Riche, ba ba neng ba begela motsomi wa masalela yo o itsagaleng eleng Robert Broom. Fa Broom a etela dikgaga ka 1936, o ne ka bonako a bona mosola wa Palaeontology wa lefelo mme a kopa molaodi wa moepo go elatlhoko masalela a a kgatlhisang. Seno se isitse kwa upulolong ya masalela ale mmalwa a sika-loo-motho a a botlhokwa mme, ka 1947, upulolo e e botlhokwa thata ya Mrs Ples.
Fela, le fa go ntse le masalela a a mosola thata a a fitlhetsweng mo kgaolong, Sterkfontein e ne e santse ele fela lefelo la kepo ya archaeology le eseng la semmuso, mme loso lwa ga Robert Broom ka 1951 lo tlhodile tsebetsebe go dikgaga. Ka nako eo, go ne go na le tlhokego e kgolo ya ketleletso ka madi mme Mmuso wa ma-Nationale e ne e bontshitse kganano e e senang pelaelo ya tlhabololo. Ka ntlha ya seo, dikgaga di ne tsa fetoga baswi. E ne ya nna fela ka matsapa a ga Philip Tobias wa kwa University of Witwatersrand gore dikgaga di dule di butswe, mme ka 1966, lolapa lwa ga Steggman lo ne lwa abela lefelo leno go University of Witwatersrand go e diragatse ditiro tsa yona semmuso.

Lefelo la Sika-loo-Motho le le Humileng Go Gaisa mo Lefatsheng

©David Fleminger
Wits University, e e santseng ele beng ba lefatshe gompieno, e ne moragonyana ya bula museum o monnye mme ya thapa Alun Hughes jaaka motlhokomedi wa lefelo wa ntlha (mme a latelwa ke Ron Clarke ka 1992). Mme ya nna tshimologo ya kepo ya archaeology ya sebaka se se telele go gaisa mo lefatsheng kwa lefelong lwa sika-loo-motho. Go fitlha ga jaana, Sterkfontein e ntshitse masalela a a fetang 700 a sika-loo-motho go wela mo diatleng tsa Palaeo-anthropologists ba ba maatlametlo, go e dira lefelo la sika-loo-motho lo lo humileng go gaisa mo lefatsheng go fitlha ga jaana. Ga jaana, masalela a a fitlhetsweng ke Broom le Robinson a beilwe kwa Transvaal Museum, fa masalela a a fitlhetsweng ke Tobias, Hughers le Clarke a beilwe kwa Wits. Motho a ka solofela gore tsatsi lengwe a tlile go iphitlhela a boetse kwa Sterkfontein kwa a ka bontshwang setshaba ka pabalesego.

Translated by Nchema Rapoo