Ngwana wa Taung - Tlholegô ya Rona ya Motho
Masalela a Boboko
Masalela a motho a ntlha a magolo a a bonweng mo Afrika Borwa a supilwe ke Moporofesara Raymond Dart, kwa morago ka 1924. Dart e ne ele mo-Australia yo a neng a dira mo Afrika Borwa jaaka moporofesara wa Dithuto tsa Popego ya Mmele kwa University ya Witwatersrand. Fa ane ale mo loetong lwa boithuti kwa Buxton Quarry gaufi le toropo ya Taung kwa Porofenseng ya Bokone-Bophirima ya gompieno, bangwe ba barutwana ba ga Dart ba bone dikarolwana tsa masalela dingwe tse di kgatlhisang, tse di neng tsa romelwa go moporofesara wa bona yo o tlotlegang.
Jaaka Dart ka boena a kwadile: “Kwa godimodimo ga thota ya majwe go ne go na le, kwa ntle ga pelaelo, popô ya endocranial ya mateng a logata. Fa nkabe e ne ele fela popô ya masalela a boboko jwa mofuta wa setshedi sa sika-loo-kgabo ofe kgotsa ofe, e ne e tla kaiwa fa ele upulolo e kgolo, ka ge selo se se jalo se ne se ise se begwe ka gope. Fela ka tadimo ke ne ke itse gore se se mo diatleng tsa me e ne ese boboko jwa anthropology jo bo tlwaelegileng. Fano, mo motlhabeng o o kopaneng le lime, go ne go le setshwani sa boboko jo bo bogolo jwa ba tshwene makgetlho ale mararo mme bo le bogolo go fetisa jwa chimpanzee ya mogolo.”
Ka boitumelo jwa tshoganetso, Dart o ne a phuruphutsha lebokisi mme a fitlhela dikarolwana tse dingwe gape tsa sefatlhego sa setshedi se se sa tlwaelegang. Ka bonako o ne a lemoga fa phologolo eno e bontsha bopaki jwa go tsamaya go tlhamaletswe, mme meno ane a lebega jaaka a motho… Dikgwedi di le mmalwa morago ga fao, o ne a kwala pampiri e e neng e tletse dipuopuo mo bukeng ya bonetetshi, Nature. Konosetso ya gagwe e ne ele gore logata lono ke lwa sekai sa mmotlona wa setshedi se se welang golo gongwe magareng a sika-loo-kgabo le motho wa gompieno. O ne a bitsa setshedi seno Australopithecus africanus.
Ditlhokegô tsa Rona tsa Motho
Tseno tsotlhe di ne di kaiwa fa ele botlhoka-tlhaloganyo ke morafe wa sešweng wa bonetetshi, ka ge ka nako eo go ne go akanngwa gore batho ba tlholegile kwa Asia, mme bopaki jwa gagwe bo ne bo thulana le masalela a kwa Brithane a a itlhomileng sentle a a bitswang ‘Piltdown Man’ (a kwa bofelong go ne ga upulolwa gore ke maaka).
Ntle le seo, kakanyô ya gore sengwe se ka tswa mo kontinenteng e e lefifi e e saletseng morago ya Afrika e ne ele thata go ka tlhaloganngwa, mme Dart o ne a kgalwa thata ke badirammogo ka ene ba boditšhabatšhaba. Legale, batshegetsi ba le mmalwa ba ne ba tlhagelela, ba ba akaretsang Dr. Robert Broom. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, nepo ya mogopolo wa ga Dart e ne ya theiwa, mme gompieno Ngwana wa Taung o bonwa jaaka kgokagano e e botlhokwa mo go tlhaloganyeng ga rona ka ga tlholegô ya motho. Raymond Dart o ne a tswelela go nna le bodiredi jo bo telele kwa Wits mme o tlhokafetse fela ka 1988, ale bogolo jo bo putswa jwa dingwaga di le 95.
Australopithecines
O seke wa letla leina go go diga mowa. Australo e kaya gore Borwa mme pithecine e kaya sika-loo-kgabo. Ka jalo Australopithecine e kaya gore sika-loo-kgabo la Borwa. Seno ke leina le le neetsweng palo e e rileng ya ditshedi tsa sika-loo-motho tsa maloba tse di fitlhetsweng kwa Botlhaba le Borwa jwa Afrika, mme ka kakaretso go amogelwa fa Australopithecines ele segokaganyi se se botlhokwa mo llereng ya rona ya phetogotshedi.
Fa re bua ka kakaretso, go na le mefuta ele mebedi ya Australopithecines: tse kima le tse tshesane. Tse tshesane, tse di bitswang gape gracile Australopithecines, go akangwa fa ele tsona tse di tlholegileng pele, mme ditshupô di boela morago magareng ga dingwaga di le 4 million le 2 million tse di fetileng. Di itshupa ka sebopego se sekaenyane le logata lo lo phepa fa go tshwantshwanngwa (fa go bapisiwa le bontsalae ba sika-loo-kgabo), mme di na le boboko jo bo golwane jo bo sa tshwanelwang paka eo. Selalô le marapo a tsona a maoto di bontsha gape gore di ne di na le go tsamaya ka maoto ale mabedi go le gonnye.
Go na le mefuta e megolo ele mebedi ya gracile Australopithecine: Australopithecus afarensis (e e fitlhelwang kwa Botlhaba jwa Afrika) le Australopithecus africanus (e e fitlhelwang mo Borwa jwa Afrika).
Translated by
Nchema Rapoo