UNESCO le Cradle of Humankind

Lefelo la Ngwaôboswa ya Lefatshe

©David Fleminger
Cradle of Humankind (kgotsa COH, jaaka e tlwaetse go bitswa) e kwadisitswe lantlha mo nankolông ya Ngwaôboswa ya Lefatshe jaaka lefelo le le botlhokwa mo ngwaông ka 1999, kgotsa lefelo la bo 915 go wena. Kwa ntlheng, e ne e akaretsa dikgaga tse di ka nnang 20 ka mo kgaolong ya bogolo jwa 47 000 hectares (ga mmogo le 80 000 hectares ya tlaleletso ya lefatshe la tlaleletso le le dirang jaaka kgaolo-kganetso kgatlhanong le tlhabololo ya tlhaselo). Lefelo le tsepametse go kgabaganya dikgaga tsa Sterkfontein, Kromdraai le Swartkrans, mme le sekgala se se ka nnang 45 kilometres kwa bokone-bophirima jwa Johannesburg. Mo go sa tlwaelegelang Lefelo la Ngwaoboswa ya Lefatshe, bogolo jwa lefatshe la Cradle le santse le le mo diatleng tse eseng tsa botlhe, fela Dikgaga tsa Sterkfontein ka botsona ke tsa University ya Witwatersrand, morago ga gore l abelwe lefatshe ke beng ba kwa tshimologong ba lefatshe.
Jaanong, batho ba Gauteng ba le ba ntsi ba tlwaetse Dikgaga tsa Sterkfontein ka ntlha ya maeto a sekolo goya kwa kagông ya baeti e e onetseng kwa dikgageng, mme ka jalo ba tlile go bona go makatsa gore Cradle e iponetse tsibogo e kgolo jaana gotswa go komiti e e sa tshegeng ya UNESCO. Fela, go gontsi go go ka itumelelwang.

Boitumelo ke jwa Eng?

©David Fleminger
Jaaka komiti ya boitseanape gotswa ICOMOS (leemedi le lengwe gape, leno le emetse International Council of Monuments and Sites) e fitlheletse mo tshekatshekong ya yona: “Setlhopha seno sa mafelo ke sengwe sa a a botlhokwa thata mo lefatsheng mo go tlhaloganyeng phetogo-tshedi ya motho wa segompieno (Homo sapiens sapiens) gotswa go badimo ba gagwe. A tlhagisitse khumo ya masalela a sika-loo-motho, a magologolo a boela morago sebaka sa dingwaga di ka nna 3.5 million, ga mmogo le didiriswa tsa bona le masalela a ditshedi tsa metlheng. Dipatlisiso tsa dingwaga di le thataro tse di satswang go feta di tshamekile karolo e e botlhokwa mo go tlhagiseng Afrika jaaka lefelo-pelego la motho. Kgonagalo ya diupulolo tse dingwe gape tse di botlhokwa ke e kgolo.”
Tseno tsotlhe di ne di lekane go fitlhelela tse pedi tsa ditlhokegô tsa Boemo jwa Ngwaôboswa ya Lefatshe:
Go tshola bopaki jo bo tshwanang bo le nosi kgotsa bonnye jo bo tswileng diatla go ngwaô ya setso kgotsa go tlhabologo ya batho e e tshelang kgotsa e e nyeletseng.
Go nna sekai se se tlhageletseng ka magetla sa mofuta wa kokoano kgotsa tikologo ya kagô, tshwantshômatlo kgotsa technology e e bontshang legato kgotsa magato a a botlhokwa mo historing ya motho.
Ka ditebogo go mametlelelo ya Cradle mo nankolông ya UNESCO, kgaolo ga jaana e mo gare ga sengwe se okareng ke tsaloboša. Kagô e e boikobo ya baeng kwa Dikgageng tsa Sterkfontein e ntšhwafaditswe mo go utlwalang mme ga jaana e na le restaurant e e siameng, museum o o gaisang le maeto a a tokafetseng go tsena mo dikgageng. Balaodi ba dirisitse madi a a ka etsang R300 million go aga kagô ya baeng e e manobonobo, e e bitswang Maropeng, sekgala se se khutshwane gotswa kwa dikgageng. Seno ke sengokedi se se namatshang, kwa babolodi ba dinako ba ka fitlhelelang go le gontsi ka ga phetogo-tshedi fa ba ntse ba itumelela diponô tse di rategang tsa Cradle.
Fela selo se se totang se itumedisa ka ga Cradle ke gore e santse ele lefelo la bodirelo, mme diphiri di le di ntsi tsa segologolo di santse di epetswe ka fa tlase ga lefatshe di emetse go upulolwa. Mokoa wa banetetshi, archaeologists le palaeoanthropologists ba tsweletse go epolola ka metlha mo kgaolong, ba epololwa masalela a a sewelo le a a digakgamatso (a sika-loo-motho le a diamusi) a a tlatsang go tlhaloganya ga rona go go sa felelang ka ga tshimologo ya botshelo mo Lefatsheng.

Cradle e Atolositswe

©David Fleminger
Ka 2005, leina ‘Cradle of Humankind’ le ne la atoloswa go akaretsa mafelo ale mabedi a tlaleletso a a neng a golagane le kgaolo ya Sterkfontein fela a sa kgomagana ka lefatshe le lefelo la kwa tshimologong. Mafelo ano ke mokoti wa Taung, gaufi le Kimberley, le Makapansgat, gaufi le Pietersburg/Polokwane.
Mafelo ano ka bobedi a na le masaledi mangwe a majwe a a jaaka a kwa Sterkfontein (a a tlhaotsweng jaaka karolo ya Setlhophakgolo sa Transvaal), mme ka bobedi a na le specimens tsa masalela tse di tlhwatlhwa tse di netefatsang gore sika-loo-motho le kile la tshela mo kgaolong ka paka e e neng e sa kgaogana e e ka etsang dingwaga di le di-million di le 3 ke halofo, kgotsa go feta.
Gongwe selo se se gaisang ka gore Cradle of Humankind e kaiwa-semmuso fa ele Lefelo la Ngwaoboswa ya Lefatshe ke gore e pateleditse bolaodi go tlhama manaane-taolô a a akanyeditsweng ka kelotlhoko mme a kgona go dirwa, a a tlileng go netefatsa fa kgaolo e tsamaiswa goya ka melawana-tsamaiso e e tsweleditsweng mme e rekegela loago tsebe. Sekai, melawana e tlhamilwe e e tlileng go sireletsa bontle jwa tlhagô kwa kgaolo fa go ntse go letlelelwa tlhabologo e e maikarabelo. Sekema sa gore morafe o nne le seabe se a dirwa go tlhola ditiro le matlo, gore batho ba selegae ba bone dipoêlô ka tlhamalalô gotswa mo thologelong ya bajanala. Mme tirisano-mmogo le puso le batsakgwebo di a kgorometswa go netefatsa fa Cradle e kgona go dula e na le lotseno.
Tseno tsotlhe ke dikgang tse di monate, mme di ka dira jaaka thuto go matsholo a mangwe a bojanala mo Afrika Borwa mo isagong. Se se salang, bojanala bo tsamaya mo moleng o mosesane magareng ga tshomarelo le tshenyô mme, fa dilo di sa tsholwe ka maikarabelô, go na le bokotsi jwa gore re tlile go senya jona boleng jo batho ba bo tlelang go bo bona.

Translated by Nchema Rapoo