Loeto-Tlhatlhobo lwa Sterkfontein

Motsamao Goya ka Dinako

©David Fleminger
Loeto go ralala dikgaga tsa Sterkfontein ke ntlhakgolo mme lo tshwanetse go ka tsewa ke mongwe le mongwe yo o etelang lefelo. Ke mosepele o o bonolo, mme lo a kaetswa gore o iponele gole gontsi gotswa mo maitemogelong a ka fa tlase ga lefatshe.
Loeto lo simolola kwa kagong ya baeng ka ‘Mosepele wa goya ka dinako’ o o ranololwang, o o tletseng di-plaque tse di bontshang dipaka tse di botlhokwa, gotswa go Big Bang goya go tlhabologo ya batho ba sesweng. Seno se go tsaya gotswa kwa kagong ya baeng, go feta sesupanakô se se dirisang moriti se se botsipa, goya kwa molomong wa dikgaga. Fela fa o setse o weleletse ka serepotsana, go utlwalega okare o tlogetse ngwagakgolo wa bo-21 kwa morago ga gago, jaaka o kgologela mo lefatsheng le le senang nako la lejwe le tidimalo. Loeto lo go isa go feta Silberberg Grotto kwa Little Foot e fitlhetsweng teng – fano ga go a bulelwa setshaba ka mabaka a a itlhalosang – le go tsenelela mo pelong ya logaga. Fa o setse o le ka mo gare go tsidifetse mme go situ, mme ntlolohalahala e tona e e boleele e santse e na le dipopego tsa lejwe tse di tseisang-manya tse di kgonneng go falola tiragatso e e tletseng tshenyo ya moepo ya tshimologo ya ngwagakgolo wa bo-20.
Loeto jaanong lo feta letsha la ka fa tlase ga lefatshe, le le fifetseng mme le didimetse fela le le kotsi, ka bontle jwa lona. Mme loeto lo tsenelela ka matlolohalahala ale mmalwa a mannye go fitlha kwa bofelong fa o tswelela kwa ntle, ka bohutsana, go boela kwa leseding le segompienong.
Tswelopele go ralala dikgaga e tota ele bonolo ka ditselana tse di siameng, mmogole ya kaetso le ponesetso e e matshwanedi loeto lotlhe. Ke fela karolwana ele esi e khutswane e e tlhokang gore o iname (kgotsa o gogobe, goya le gore mangole a gago a siame jang). Ditlhako tsa mosepele tse di siameng, jeans le sethibaphefo di a tshitshinngwa gore o bone phuthulogo.

Kagô ya Baeng kwa Maropeng

©David Fleminger
Balaodi ba ba farologaneng ba ba rweleng maikarabelo a Craddle of Humankind ba tsere kgatô e e tiileng ya go aga kagô ya baeng e ntšhwa e e itshupileng, e e tlileng go dira jaaka segogedi sa mo kgaolong. E bitswa Maropeng, lefoko le le rayang gore ‘go boela kwa lefelong la tlholegô’ kgotsa ‘lefelo le tsotlhe di simolotseng teng’. E gaufi le Dikgaga tsa Sterkfontein mme e ka pataganngwa le loeto goya dikgageng go bona loeto lo lo dipoêlô thata.
Selo se se gaisang ka Maropeng ke kagego ya yona. E agilwe gore e tshwane le Tumulus (kgotsa popô ya segologolo ya poloko), popegokagô e lebega jaaka thabana e e kwa tlase mme e apesitswe ka bojotlhe ke bojang jo bo tala bo kitlane jo bo manobonobo. Ka ntlha ya seo, e kopanakopana bonolo le tikologo e e e dikaganyeditseng mme, e totat ele bontlha jo bo matsetseleko jwa loanokago lwa boselegae.
Kagô e mo tikatikweng-kgolo ya Tumulus. Kgoro e segeletswe mo thabaneng mme, fa o sena go tsena ka mo gare, tsepamiso-kakanyo mo dintlheng e manontlhotlho. E agilwe go dikologa lehalahala la bogareng le le tsamayang gotswa kwa moetseng wa ‘thabana’ goya tlase kwa boalong. Serepodi se kobega go dikologa bokwantle jwa lehalahala, mme garetene ya diphothophotho e tshekeletsa bongwe-borarong jo bo kwa tlase jwa serepodi.
Mo boalong jwa ntlha go na le Tumulus Restaurant e e neelanang ka dijo tse di motlhofo le di ntsinyana go bajanala ba tse segologolo ba ba tshwerweng ke tlala. Lebala le le golo le le bulegileng e tota ele lona lefelo le go ka dulwang teng ka ge le neelana dipono tse di gakgamatsang go tlola dithaba, mme ke lefelo le le gaisang go ka jela thapama e e botlapa teng. Segogedi-kgolo sa bojanala se kwa tlase, kwa phaposing e e kwa boalotlaseng, kwa o tlileng go fitlhela ntlo-lehalahala la dipontsho le tletse ka mefutafuta ya dilwana tse histori. Go tsena mo ntlo-lehalahaleng, o ka pagama ‘Ride Through Time’ - mopagamo o mokhutswanyane o o senang ditiragalo wa theme-park go ralala motseletsele wa majwe a fibre-glass, diphororo tse di laolwang le mosi wa khemikhale o maitlhomo a ona eleng go bontsha go bopiwa ga Lefatshe la kwa tlholegong. Ga o na malabe, o lemotshega fela ka tshekamo ya tshoganetso ya sekamokoro fa se kgokologa ka lebantaphetisi go tsena mo metsing, fela ga e na lenaneo.
Go gontsi go go ka ungwang gotswa mo molaetseng wa Maropeng wa gore rotlhe re a tshwana mo dipharologanong tsa rona. Mme go na le palo e e rileng ya dipontsho tse di tseisang-manya le dikarolwana tse di tsalanang ka puisano. Fela, ka kopo, o seke wa ya fela ka lefoko la me. Batho ba bangwe ba ke buisaneng le bone ba ne ba akanya fa ntlo-lehalahala e ne e kgatlhisa mme ele mosola, ka jalo etela Maropeng mme o itseele tshweetso.

Translated by Nchema Rapoo