Histori ya Tlhagô ya Cradle of Humankind

Kakanyô ya Phetogo-Tshedi

©David Fleminger
Boitatolô ka bophara: kakanyô ya phetogo-tshedi ga e amogelwe ke botlhe. Le fa go na le dipatlisiso tsa bonetetshi tsa dingwaga tse di fetang 100 ga mmogo le diphaposi-polokelo tse di tletseng ka masalela, go na le batho ba le ba ntsi ba ba sa kgoneng go agisanya phetogo-tshedi le ditumelo tsa bona tsa sedumedi le tsa bobona. Mo boammaruring, kgotlhang magareng ga phetogo-tshedi le tlholegô ya motho e masisi gompieno fela ka mo e neng ele masisi fa moitseanape wa ditshedi yo monnye ale mabela yo a bitswang Charles Darwin a neng a tshosa lefatshe lantlha ka buka ya gagwe e e tseisang-manya e e rekisitseng ka go gaisa eleng ‘On the origin of species’.
Fa o belaela go nna teng ka go tlwaelega ga mophato o o kgatlhanong le phetogo-tshedi, itirele dipatlisiso ka ga ‘creationism’ mme o tlile go bona mokowa wa tshedimosetso e e totaneng le go kgaphela-thoko, go senola jaaka maaka le go bua maswe ka ga phetogo-tshedi. Fela, enô ga se nako kgotsa lefelo go tsena mo ngangisanong enô, mme maikutlo a gore maphata ka bobedi ga a kgethega e a rebolwa.

Gotswa-Afrika

©David Fleminger
Go fopholetswa fa go feta 35% ya maselela a sika-loo-motho mo lefatsheng a bonweng go fitlha ga jaana a upulotswe kwa Cradle of Humankind le mafelo a a e potapotileng – ga jaana ke palogotlhe ya go feta 1000 specimens gotswa mo mafelong a a farologaneng a ka nna 11. Mo godimp ga fao, masalela ano gantsi a mo seêmông se se gaisang sa tshomarelo, ditebogo mo go reng a bolokilwe mo dikgageng tse di omeletseng tse di lefifi, mme seno se letleletse gore ditshika di le mmalwa tsa banetetshi le anatomists di sekaseke kwa boteng jwa bogologolo jwa rona. Mme go na le go le gontsi!
Ka ntlha ya gore Cradle of Humankind e na gape le diketekete di le masomesome tsa masalela a a rweleng bopaki jwa dithunya le diphologolo tsa dithulaganyotshedi tsa bogologolo tsa kgaolo. Dikepo mo dikgageng tse di farologaneng tsa Cradle of Humankind di ntshitse bopaki jwa motseletsele o mogolo wa ditshedi tse di kgatlhisang le tse di tshosang tse di kileng tsa bopa tikologo le badimo ba rona ba okareng ba ne ba le bannye: go na le diamusi tse di setseng di nyeletse, magotlo, dinoko, dikwalata, ditshwene, dikgabo, dinare tse di boitshegang tsa manaka a boleele jwa 3 meters, dikatse tsa meno a tšhaka, katse ya meno a tšhaka e gothweng ke ya tsietso Dinofelis, sefêlaphiri se se sa tlwaelegang sa Gladysvale, pitsi ya menwana ele meraro, thutlwa ya thomo-khutshwane, re sa lebale dipela tse di boitshegang, diphiri tse di boitshegang le mathinthinyane a a boitshegang (a a ka tswang a ne ale bokete jwa 120 kilograms).
Bomosola jwa khumo ya masalela a Cradle of Humankind, ka jalo, bo na le bomosola jwa lefatshe ka bophara jo bo senang pelaelo, mme bopaki jo bo tiileng jono bo tsepamisitse mogopolô wa Gotswa-Afrika, o o kayang fa phetogo-tshedi ya batho ba segompieno e diragetse mo Borwa jwa Afrika pele ba hudugela bokone le go thologela lefatshe lotlhe. Kabêlêlô enô e tiisetswa pele ke dikai di le di ntsi tsa didiriswa tsa letlapa tse di fitlhetsweng mo kgaolong, mme sešweng e netefaditswe ke dipatlisiso tse di matswakabele tsa kgaogano-bomadi e e diragalang mo gare ga batho ba gompieno.

Go Gontsi go go ka Upulolwang

©David Fleminger
Ka maswabi, go mo ntlheng-kakanyô ya genealogy, go santse go le thata go sweetsa ka nepo gore ke mang a tlhodileng yo mongwe, mme go tshwanetse go ka amogelwa gore phetogo-tshedi ya motho ga e ise e nne bonetetshi jo bo tsepameng. Mo bonneteng, go tlhaloganya ga rona ka ga badimo ba rona ba sika-loo-motho go ikaegile mo palong e potlana ya masalela, mme diupulolo tse diša di tswelela go re pateletsa go akanya šesa le go baakanya setlhare sa rona sa tshika. Fela seno se tsenya mafolofolo mo lephateng le le golang la palaeoanthropology mme, le morago ga dingwaga di le 80 tsa kepo e e tsweletseng kwa Cradle of Humankind, go santse go na le go le gontsi go go ka upulolwang. Gompieno, kgaolo ya Cradle of Humankind e tsweletse go ngoka baitseanape gotswa lefatshe ka bophara ba ba eletsang go tsenya maina a bona mo nankolông e e setseng ele maemo-godimo ya banetetshi ba ba ntseng le seabe mo lephateng. Ke mang yo a neng a ka akanya gore go ithuta segologolo go ka nna le tswelelopele e e jaana?
Mokgwa wa bogologolo wa ‘lobelo lwa neeletsano’ wa phetogo-tshedi ya motho, o mo go ona setshedi se le sengwe se fetisetsang thobanyane ka borethe go setshedi se se latelang, o bontshitswe fa ese one. Seno ke maswabi ka gonne o ne ole bonolo thata, jaaka mo setshwantshisong se se tumileng sa sika-loo-kgabo lo lo fetogang go nna motho wa segompieno: Sika-loo-kgabo lo ntse Australopithecus, e e ntseng Homo habilis, e e ntseng Homo erectus, e e ntseng Homo sapiens.
Masalela a a fitlhetsweng kwa Cradle of Humankind le kwa Botlhaba jwa Afrika a bontshitse fa nako dingwe go ne go na le mefuta ele mmalwa e e farologaneng ya sika-loo-motho e e neng e tshela mo kgaolong ele nngwe ka nako ele nngwe. Ke eng se se tlhodileng gore mofuta o mongwe wa ditshedi o falole fa e mengwe e sule? Go thata go bua ka go tlhomamisa. Gongwe ke ka gore mofuta mongwe wa ditshedi o bopile diphetolo-tshelo tse di maleba. Gongwe mofuta mongwe o bopile didiriswa tse di botoka go o thusa go falola. Gongwe mofuta mongwe o bone kakanyetso ya tiriso-puo go sale gale go feta e mengwe. Gongwe mefuta e nyalellane (selo se ka go akanyetsa se kwatisitseng batsadi ba yona). Kgotsa gongwe mofuta mongwe o lateletse le go bolaya mefuta e mengwe (selo se se kgonagalang fa re leba nako e e satswang go feta ya rona). Dipotso tseno tsotlhe di santse di ngangisanelwa thata ke morafe wa Palaelo, mme go na le palo e e rileng ya dikwalo tsa boitseanape tse di fanang ka ditshekatsheko tse di tletseng dintlha ka ga ntlha nngwe le nngwe.

Translated by Nchema Rapoo