Batho ba Dikgaga tsa Sterkfontein

!Kwi kwa Cradle

©Roger de la Harpe
Ka setso, setlhopha sa go sale gale se se supegang mo lefatsheng ke Bushmen kgotsa San, ba ba tshetseng mo bontsing jwa dikarolo tsa Borwa jwa Afrika go tloga mo bonnyeng jwa dingwaga di le 30 000 tse di fetileng. Loleme lwa bona lwa !Kwi le botaki jo bo tletsetletseng jwa bona jwa mo majweng, di boela morago dingwaga di le diketekete (mongapô wa mo lejweng o mogolo go gaisa o dingwaga di le 70 000 mme mepento ya mo logageng e megolo go gaisa e dingwaga di le 27 000), e tshwaya ka go tlhapa Borwa jwa Afrika jaaka lefelo le tlhabologo ya batho ba sešweng e simologileng kwa teng.
Ka ge kgaolo ya Cradle of Humankind ga e sale e na le thebolelo e e namatsang ya diphologolo tsa naga, ka dikgopu tse di nang le metsi sentle ga mmogo le mmu o o ungwileng, ga go tlhoke tiriso ya boboko gore merafe ya Bushmen e ne e tshela mo kgaolong eo. Bopaki jwa seno bo ka bonwa kwa Logageng lwa Kruger, magareng ga Rustenburg le Cradle of Humankind, kwa archaeologists ba fitlhetseng didiriswa tsa mogale le tsa letlapa tsa dingwaga di le 7000 tse di fetileng. Dibopwa-ke-batho tsa ba Bushmen le tsona di fitlhetswe lwa Logageng lwa Uitkomst kwa John Nash Nature Reserve, mme mengapô ya mo majweng ele mmalwa le yona e fitlhetswe mo kgaolong.
Bushmen e ne ele baitseanape ba technology ya Paka ya Lejwe ya Morago, fela dingwaga di ka nna 1000 tse di fetileng, paka ya tshipi e ne ya tlhabela Borwa jwa Afrika ka kgorogo ya Bantu. Merafe enô ya bahudugi e ne ya kgokologa ka iketlo le kontinente gotswa kwa legaeng la yona la tlholegô kwa Afrika Bophirima dingwaga di le dikete di le mmalwa, mme e ne ya tla le technology e ntšhwa gotswa kwa Botlhaba Gare, e e jaaka temôthuo, go lema ka dikgomo le bokgoni jwa go gakolosa le go bopa tshipi. Seno se ne sa ba tlhaola gotswa go ba Bushmen ba batlhotlhomi ba ba neng ba sena metlhape e e neng ele ya bona.

Ntu kwa Cradle

©David Fleminger
Leina ‘Bantu’ le tswa go loleme lwa modi (Ntu) lo merafe ya gompieno ele mentsi mo Afrika e santseng ele arogana go mabakeng mangwe. Fela, fa ba ntse ba hudugela mo Afrika Borwa, ba ne ba simolola go itlhaola ka ditlhopha tse di itshupileng tsa semorafe, sengwe le sengwe ka setswa-temeng le setso tse eleng tsa sona. BaNguni (Swazi, Zulu and Xhosa) ba ne ba itlhophela go itlhoma go ikala le lobopo, ba itlhaola goya ka metsana e e neng e laolwa ka thulaganyo ya dikgosi le matona. BaSotho (go akaretsa Batswana le Bapedi), ka fa go le lengwe, ba ne ba itlhoma kwa dinageng tsa bojang tse di kwa godimo tsa nagagare mme ba ipopa ka meratshwana e e fetang 60. Ba ne ba rata go tshela goya ka merafe e megolo e e ka fitlhang go batho ba le 15 000, mme thulaganyo ya bona ya puso e bonagala fa e ne ele ya temokerasi.
Fa 1500 AD e fitlha, maloko a morafe wa Basotho/Batshwana a ne a setse a hudugetse kwa kgaolong ya Cradle of Humankind mme ba simolotse go itirela magae. Merafe e megolo ele mebedi e ne e setse e supilwe, BaPo le Bakwena ba Mmatau, mme masaledi a dionto tsa tshipi, masaka a matlapa a dikgomo le dipodi tsa bona, le ditsa-letsopa tse di itshupileng di fitlhetswe kwa mafelong ale mmalwa kwa Cradle of Humankind. Ka sebaka sa dingwaga di le makgolo ale mmalwa, merafe enô e tshetse matshelo a a kagiso le katlego.

Translated by Nchema Rapoo