Dintwa go Dikologa Sterkfontein

Kgosi e e Maatla

©Roger de la Harpe
Ka dingwaga tsa bo-1820 mo Afrika Borwa, kgosi e e maatla, Shaka, e pagame setulo go ikala ka lobopo lwa botlhaba jwa Afrika Borwa. Kgaolo yotlhe e ne ele mo seêmông sa merusu le dikgotlhang. Go na le gore ba tsene mo ntweng le sesole se se maatla sa BaZulu, merafe ele mentsi e tlogetse mafatshe a bonkokoabona le go huduga, kwa ba sutisitseng merafe e mengwe teng, ka jalo ba baka thankgololano. Seno e ne ele sengwe sa dilo tse di bakileng paka ya khurano e e neng ya itsagale jaaka Mfecane (tšhwetlano).
Jaaka karolo ya tlhaselo ya sesole sa ga Shaka, o ne a romela yo mongwe wa bagolwane ba sesole sa gagwe, Mzilikazi, goya kwa nagagodimong go didimatsa kgosi ya Basotho, Ranisi. Mzilikazi o ne a sweetsa gore o tota a rata mabala a a sephara a a bulegileng mme a se nne le matsapa a go fenya merafe e e kagiso ya Basotho le Batswana, ka jalo o ne a sweetsa go ikgaoganya gotswa go Shaka le go ipopela morafe wa gagwe, Matebele (kgotsa Ndebele). Fela, Mzilikazi o ne a tshaba ipusulosetso gotswa go Shaka, mme o ne a tseela batho ba gagwe go tsenelela goya kwa botlhaba, kwa kgaolong e e potapotileng Cradle of Humankind.

Toropokgolo e e Latlhegileng

©Roger de la Harpe
O ne a tlhoma mošate wa gagwe, Kungwini, gaufi le Pretoria ya gompieno mme a aga lefelo-bodulo, Dinaneno, gaufi le Letamo la Hartebeespoort. Seabe sa merafe ya selegae se tshwanetse sa bo se ne sele segolo, ka ge dikgaga di le mmalwa kwa Cradle of Humankind di bontsha bopaki jwa gore dikgomo di ne di fitlhilwe fao go efoga matlho a Matabele a a sasankang. Go na gape le dipego tsa metlheng tsa babolodi ba batho basweu mo kgaolong ba ba umakang metse ya dipota tse tshweu e e lebegang fa e ne e phuagantswe. Bangwe ba kaya fa fano ele teng fa rrakgwebo wa dihotele Sol Kerzner a boneng kakanyô ya gagwe ya kagô ya ‘Lost City’ kwa lefelong la itlosô-bodutu le le tumileng la Sun City – le fa mongwe a ka belaela fa ele gore batho ba BaPo ba ne ba ne le lorato lo lo tshwanang le leo la botaki joo. Flela ka 1832, sesole sa baZulu se ne sa kgologela lerabela Mzilikazi, mme o ne a tshwanela ke go huduga gape.
Mo nakong enô o ne a tsamaela goya pele kwa bophirima go tsenelela dikgwa tse di potapotileng Zeerust mme, jaaka ba ntse ba tsamaya, Mzilikazi le sesole sa gagwe ba ne ba tsena mo dithulanong le mongwe le mongwe yo o neng a tshela mo Nagagodimong, go akaretsa baGriqua, baKora le Maburu a a sa kgatlhiseng a a neng a hudugela godimo gotswa kwa Kapa. Ka 1836, Maburu ane a lwa le Mzilikazi kwa Thulanong ya Vegkop mme kwa bofelong ba mo fenya (ka thuso ya merafe ele mmalwa) mo ngwageng o o latelang. Seno se ne sa kgoromeletsa Matebele go tshela noka ya Limpopo go tsena mo Zimbabwe ya gompieno, kwa Mzilikazi a tlhomileng bogosi jwa gagwe jo bo ntšhwa, kwaBulawayo, mo dithabeng tsa Matopo.

Difeqane

©David Fleminger
Le fa go na le bopaki jwa ntwa magareng ga merafe ya Basotho/Batswana mo dingwagasomeng tsa pele ga Shaka le Mzilikazi, itshetlego ya kgaolo ga jaana e ne e phutlhamisitswe gotlhelele mme batho ba ne ba iphitlhela ba gaisanela ditiro tse di nyeletseng le didiriswa tsa tlhagô. Seno se ne se bitswa Difeqane (nako ya dikgotlhang) mme batho ba le nosi ba ba neng ba ungwelwa gotswa mo merusung e ne ele Maburu, ba ba neng ba sena ditlhong tsa go itseela thwankga e kgolo ya lefatshe gotswa go Basotho/Batswana ba ba kgoreletsegileng, mme ba itshimololela dipolosa tse di dipoêlô. Fa bontsi jwa Maburu bo ntse bo goroga, merafe ya selegae e ne ya iphitlhela e tshwaregile magareng ga lejwe le lefelo le le thata mme, ka dingwaga tsa bo-1850, kgaolo yotlhe e ne ya kaiwa-semmuso fa ele Zuid-Afrikaanse Republic, go tlogela batho ba selegae ba sena naga-selegae.
Mongwe wa merafe e e amogilweng lefatshe e ne le BaPo, ba ba neng ba na le kgosi e e seng boineelo eleng Mogale. Dithaba tsa Magaliesberg di theilwe leina ka ena, fela jaaka toropo ya Krugersdorp, e e fetotsweng leina go nna Mogale City. Kgosi Mogale e ne ele lekau fa Matabele ane a tlhasela mafatshe a badimo ba gagwe lantlha go dikologa dithaba tsa Magaliesberg. Le fa go ntse le kganetso e e rileng, morafe o ne wa pateletshega go tshabela kwa borwa go tshela noka ya Lekwa. Fela, fa Maburu a goroga, Mogale o na a buisana le bona mme mmogo ba ne ba romela sesole sa tshwaraganelo go ntsha Matebele a digatlhamela-masisi kwa Magaliesberg. Go mo lebogela thuso, Maburu ane a thaya kgaolo leina ka Kgosi Mogale, fela a seke a mo busetsa lefatshe la gagwe. Mo boemong jwa seo, ba ne ba rebolela BaPo tiro mo dipolaseng tsa bona tse di ntšhwa mme ba nama maoto go itumelela maungo a mofufutso wa batho ba bangwe.

Go Bonagala ga Gauta

©David Fleminger
Mogale ga ake a rata go tlhanogelwa jaana, mme o ne a simolola go tsena mo ditirong tse di kgatlhanong le Maburu tse di jaaka go gwebisana ka ditlhobolo. Go ise goye kae, Maburu ane a simolola go tshosetsa Mogale ka sesole mme o ne tshwanela gape ke go tsaya batho ba gagwe le go tshabela kwa Thaba Nchu, gaufi le Bloemfontein. Fela dingwaga di le 15 morago ga fao, Mogale o ne a dira kagiso le Maburu mme a boela le bangwe ba batho ba gagwe kwa Magaliesberg.
Fela dilo di ne di santse di sa tsamaye ka tshwanelo. Santlha, Brithane e ne ya thopa Transvaal ka 1877, mo moragong e neng ya e busetsa Maburu morago ga phenyo ya bona e e makaditseng ka Ntwa ya Ntlha ya Anglo-Boer ka 1880.
Morago, dingwaga di se kae morago ga fao, gauta e ne ya bonwa mo Witwatersrand (go akaretsa diphitlhelelo di le mmalwa kwa kgaolong ya Cradle of Humankind). Go bonagala go go neng go sa solofelwa ga gauta mo, go fitlheng mo nakong eo, go neng go kaiwa fa ele karolo ya lefatshe la temôthuo le le senang mosola, go dirile gore batswakwa ba Brithane ba lebe kwa ntlheng ya bokone gape, mme moragonyana ba ne ba bega maitlhomo a bona a go thopa Transvaal Republic lekgetlho la bobedi.
Maburu ba ne ba sena boitlhophelo fa ese fela go tsena mo ntweng.

Ntwa ya Bobedi ya Anglo-Boer

©David Fleminger
Ntwa enô ya bobedi ya Anglo-Boer le yona e ne ele ntwa e e neng ele telele e tletse madi, e tsweletse dingwaga di le mmalwa mme ya abela lefatshe dikampa tsa ntlha tsa bagolegwa.
Dithulano di le mmalwa di ne tsa nna teng kwa dikarolong tse di farologaneng tsa naga, mme ditlhaselo tse di masisi di le mmalwa di diragetse mo dithabeng le matsenong a Magaliesberg (e e lemotshegang e ne ele kwa Thulanong ya Dwarsvlei, gaufi le Maropeng).
Magaliesberg e ne ele leparego le le botsipa go Maburu gore e le tshole ka ntlha ya gore e ne ele yona fela tsela e mephato ya Brithane kwa Joburg e e dirisang go buisana le bomorwarraabona kwa Rustenburg.
Segopotso se se tiileng sa ntwa enô e telele ele bosula se santse se bonagala kwa kgaolong ya Cradle of Humankind mo sebopegong sa Barton’s Folly gaufi Hekpoort.

Translated by Nchema Rapoo