Popego ya Dikgaga kwa Cradle of Humankind

Matlhagatlhaga a Dikgaga

©Roger de la Harpe
Kgaolo yotlhe ya Cradle of Humankind e faraferwe ke mephanyo le mephatlhogo, mme yona e tlhofofatsa go bopega ga dikgaga tsa ka fa tlase ga lefatshe jaaka tafole ya metsi a ka fa tlase ga lefatshe e tlhaolosa dolomite ka iketlo.
Mephanyo enô gape e letla metsi a boalô jwa lefatshe gore a sefege mo mmung, mme a gogole limestone le go oketsa dikgaga ka go bopa di-shaft tse di yang kwa boalông. Dimela le tsona di ‘pompa’ metsi mo thulaganyong ka go inela medi ya tsona mo majweng, go oketsa seêlô sa kgogolego le go baka gore majwe a boalô a foforegele mo mmung o o fa godimo. Go fitlha ka tsatsi je, ngata ya ditlhare tsa Modutu kgotsa Motlhware gantsi di supa go nna teng ga sinkhole kgotsa matseno a logaga.
Fa e nngwe ya di-shaft tseno di phunya boalô, mmu le makgaphila di simolola go wela mo logageng, go bopa topo ya talus. Topo enô e na le mefuta e e farologaneng ya didiro: matlapa, marapo, dithobane jalo le jalo. Tota le ditshidi di ka wela mo magageng mme di swe kgotsa di tshwarege, le go tlhakanya masaledi a tsona mo topong. Seno se botlhokwa gore se lemogwe ka gonne gone go sa kake ga diragala gore badimo ba rona ba ka be ba dutse mo bontsing jwa dikgaga tse di boteng, kwa go neng go le tsididi gole lefifi. Mo boemong jwa seo, ba ka tswa ba wetse mo dikgageng ka kotsi, kgotsa ba ba gogetswe teng ke diphologolo tsa ditlhasedi tse di neng di batla dilalelo tse di tidimalo, kgotsa masaledi a bona a gogoletswe mo dikgageng ke metsi.
Fa nako e ntse e tsamaya, metsi a boalô a tsweletse go rothela mo dikgageng, a kokoanya calcium carbonate (lime) gotswa mo lejweng la dolomite fa a ntse a elela ka iketlo mo maphatlong. Kakgêgô eno ya lime mo metsing jaanong e rothela mo didirong tse di kokoaneng mo bodilong jwa logaga, go tsenya diminerale mo boemong jwa setswatsheding sengwe le sengwe (jaaka marapo) le go tiisa tsotlhe mmogo go bopa sere se se tiileng se se nang le calcium se se bitswang ‘breccia’. Ke yona breccia enô e gantsi e nnang le masaledi a a omeletseng a diphologolo le batho mme, go ntsha masaledi, archaeologists di tshwanetse go kgaoganya masaledi gotswa go breccia – tiro e e seng bonolo.
Fela le morago ga gore dikgaga di bopege, ga di dule di sa sute. Mo boemong jwa seo, dithulaganyo tsa dikgaga di phela di gola le go phutlhama le go ikaga seša jaaka Lefatshe le tsamaya mme tafole ya metsi e tlhatlhoga le go wa. Matseno a dikgaga le ona a bulega le go tswalega fa nako e ntse e tsamaya. Mme nako dingwe borulelo jwa logaga bo phutlhama ka gotlhelele le go senola breccia, e morago e ka khurumetswang ke mmu wa fa godimo le dimela.

Translated by Nchema Rapoo