
Sekanô sa Setšhaba sa Porofense
Sekanô sa Setšhaba se tlhaloswa, mo Heraldry Act No. 18 ya 1962 ya Afrika Borwa, jaaka selwana kgotsa sebopego sengwe le sengwe se se nnang kemedi e e bokao e e bontshwang ka mebala mo thebeng go tsamaisana le melao-tsamaiso le melawanapotlana ya Heraldry, mmogo le kgotsa ntle le korone, lekarapa, moetse, mentlele, ditshegetsi, moanô kgotsa dilwana tse dingwe.
Seabe sa Sekanô sa Setšhaba
Nngwe le nngwe ya diporofense di le robongwe tsa Afrika Borwa e na le Sekanô sa Setšhaba se eleng sa yona se se emetseng kgaolo eo e e rileng mme ke setlanyi sa semmuso sa porofense eo. Sekanô sa Setšhaba sa Porofense ke letshwao le le bonalang le le kwa godimo go gaisa la Porofense. Bolaodi jo bo feletseng bo neelwa tokomane nngwe le nngwe e e nang le setlanyi-segolo seno mo go yona. South Africa Online ® e rebola tlhaloso ya Sekanô sa Setšhaba sa porofense nngwe le nngwe le tlhaloso ya se matshwao a se emetseng, ka maleme otlhe a semmuso a Afrika Borwa.
Melawana-Tiriso ya Sekanô sa Setšhaba
Ga go na methalo-tlhakore e e ka thadiwang go dikologa Sekanô sa Setšhaba, kgotsa diphetogo go bokima jwa methalo.
Sekanô sa Setšhaba ga se a tshwanelwa ke go ka dikoloswa, go sekamiswa kgotsa go fetolwa sebopego.
Sekanô sa Setšhaba ga se a tshwanelwa go tlhatlagana kgotsa go kopantshwa le dilwana tse dingwe.
Sekanô sa Setšhaba sa boemo jo bo kwa godimo se tshwanetse ka metlha se bontshwe fa se le kwa godimo go feta tse dingwe.
Translated by
Nchema Rapoo
Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa sa Porofense ya Kapa Botlhaba se atlegenesitswe ka Mopitlwe 25, 1996. Sekanô se simolola ka motheo o mot...
more
Sekanô sa Setšhaba sa Free State se rebotswe semmuso ka Motsheganong 7 ka 1999. Se na le motheo wa mebala-mentsi o o botala, borokwa le be...
more
Fa motheong wa sekanô ke dikgokaganyi tsa gauta di le tharo tse di nang le moanô wa porofense - KOPANO MO PHAROLOGANONG....
more
Porofense ya KwaZulu-Natal e eme go fitlha ka 2004 pele e mametlelela Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa. Ka paka ya dingwaga di le 10 morag...
more
Motheo wa Sekanô sa Setšhaba sa Limpopo o montsho le botala ka moanô - KAGISO KOPANA LE TSWELELOPELE, o o kwadilweng mo sekorolong se se ...
more
Sekanô sa Setšhaba sa Mpumalanga se na le motheo o mo tala ka moanô wa se-Latin - OMNIA LABOR VINCIT - o o kwadilweng mo go ona, o o raya...
more
Seno ke sona fela Sekanô sa Setšhaba gotswa kwa porofenseng efe kgotsa efe se se takilweng ka botlalo ka mebala mme ka tsela nngwe dipopeg...
more
Moanô ono o kwadilwe mo motheong wa Sekanô sa Setšhaba sa Kapa Bokone, se se atlanegisitsweng ka 25 Phatwe 1997....
more
Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa sa Porofense sa Porofense ya Kapa Bophirima se atlegenisitswe ke Palamente ya Porofense ka 1998....
more