Sekanô sa Setšhaba sa Free State

Sekanô sa Setšhaba sa Free State se rebotswe semmuso ka Motsheganong 7 ka 1999. Se na le motheo wa mebala-mentsi o o botala, borokwa le beige o o bontshang lefatshe la Free State. 

Moanô wa KATLEHO KA KOPANO o kwadilwe ka Sesotho. Thebe e mmala o motala, serolwana le wa loapi. Botala bo emetse dinaga tse di bojang, mmala wa loapi o emetse loapi mme serolwana ke dipopegô tsa lejwe la motlhaba tsa Free State Botlhaba.

Mo bogareng jwa popegô e e serolwana ke Orange River Lily ya selegae. Mo godimo ga thebe ke korone e e tsentsweng ditaemane le dithu tsa mmopo go supa mafatshe a a ungwileng a temôthuo le ngwaoboswa ya moepo ya Free State. Ditshegetsi ke mangau ale mabedi.

Phologolo ya Letshwao - Lengau (Acinonyx jubatus)

©Nigel Dennis

Ka Mmele o o bopegileng jaaka ntša ya greyhound, maoto a matelele, pelo le mafatlha tse di kgolo le masobana a dinko a a bulegileng, lengau le agetswe lobelo. Mo bonneteng, ke phologolo e e tsamayang mo lefatsheng e e lobelo go gaisa mo lefatsheng. Lengau ke karolo ya lolapa lwa katse, le fa e lebega thata jaaka ntša, mme e sena menôtô e e hunyelang, jaaka dikatse tse dingwe.

Go tshola menôtô ele kwa ntle go thusa ka go tshola lobelo fa le tlhasela. Mogatla o moleele wa lengau o diriswa jaaka selaola-tsamao le setsepamisi fa le tabogisa setlhaselwa sa yona ka tshekamo ka botlalo. Lobelo lwa lengau ke sengwe se se kgatlhisang go ka bogelwa, gotswa mo go inameng goya kwa lobelong ka botlalo ka fa tlase ga 60 m ka lobelo lo lo fitlhang go 114 km/h.

Setlhaselwa sa ona, se se ka nnang sengwe le sengwe gotswa go mmutla goya go tshephe e nnye, se tlile go leka ka natla go tshaba lengau le le tlhaselang ka go sutlha le go tshibogela mo gare ka ditlhatsana le ditlhare. Gantsi ke motabogo wa lobelo, botsipa le kgotlelelo, mme molatlhegelwa o a jewa kgotsa o tshwarwa ke tlala. Mangau e katswa ele batsumi ba ba katlego go gaisa dikatse tse dingwe tse di kgolo, fa di kgologela setlhaselwa se sa solofela.

Fela, jaaka ale botlhofo go gaisa dikatse tse dingwe tse kgolo, gantsi di amogwa dijo tsa tsona ke ditau le dinkwe, segolobogolo ka ge di tlhoka go goga mowa pele di ka simolola go iphepa. Mangau ana le dikarolo-gae go na le dikgaolo-taolo, tse a di tshwayang ka moroto, fela a sa di sireletse ka ntwa. Tirisanommogo ya bomorwarra-lengau e tlwaelegile.

Letshwao la Sethunya - Orange River Lily (Crinum bulbispernum)

Orange River lily ke semela se se golo sa segwere se se ka golelang go boleele jwa 1 m. E na le matlhare a a bosetlha-botala, kutu e telele le dithunya tse di kaletseng tsa mofuta wa lily, tse di pinki ka mothalo o mohibidu mo phetaleng nngwe le nngwe. Jaaka leina le kaya, dithunya tseno di mela go ikala le dintshi tsa melatswana le mo dinageng-tlhaga tse di metsi.

Dithunya di na le monkgo o o tswina fela o koafatsa o o gogelang ditshenekegi tsa tulafatso. Orange River lily e thunya ka dikgwedi tsa selemo. Fela fa dithunya di sena go wa, leungo le a tlhagisiwa mo kgapapeong e kgolo e pinki e e nang le dipeo. Dipeo di segwere mme di mela ka bonako fela fa di sena go tsena mo mmung.

Digwere di sireleditswe ke mealo makwapa a segwere, a a dirang jaaka mokgwa wa bosireletsi ka dikgwedi tse di omeletseng tsa mariga. Orange River lily e diriswa mo melemong ya setso go thusa mo phekolong ya sekorotane, ditshika le phokotso ya morurugo. Bangwe gape ba dumela fa e sireletsa magae kgatlhanong le bosula.

Translated by Nchema Rapoo