Sekanô sa Setšhaba sa Limpopo

Motheo wa Sekanô sa Setšhaba sa Limpopo o montsho le botala ka moanô - KAGISO KOPANA LE TSWELELOPELE, o o kwadilweng mo sekorolong se se sweu. Thebe ka bogolo e mmala o o serolwana ka dithabana tse di kgolokwe fa godimo le setlhare se se tala sa mowana ka mo gare. 

Letlhakore le le kwa godimo la thebe le le tala. Thebe e supa maitlamo a mmuso go ka sireletsa ditshwanelo tsa batho. Mowana o emetse maatla le itsetsepelo ya batho. Dithabana tse di kgolokwe di emetse metseletsele ya dithaba le mafatshe a temôthuo a a humileng a Porofense ya Limpopo.

Cornet e e mo godimo ga thebe e tshwantshitswe ka bohibidu le bogauta ka matlhare a mofaka ale matlhano. Cornet e supa bogosi. Mofaka ke semela se se mo kotsing yago nyelela, mme o supa tshomarelo le tswelopele ya boeteledipele jwa segosi. Ditshegetsi tsa Sekanô sa Setšhaba ke ditshukudu di le pedi, tse di emetseng kopano, maatla le tolamo ya sepolitiki.

Phologolo ya Sekanô - Nare (Syncerus caffer)

©Karl Svendsen

Nare ya Afrika ke sika-loo-kgomo mme e mmele o mogolo ele maatla, gantsi e tshelela mo motlhapeng. Dinare tsa tona le tsa namagadi ka bobedi di na le dinaka, le ge ditona di na le tlhogo e e bokete go gaisa le dinaka tse di kobegetseng kwa godimo go fetisa tsa dinamagadi. Ke difudi tse di fulang ka bontsi mme di na le seabe se se siameng mo tikologong ya tsona, ka gore di kgona go fetolela tlhaga e telele go nna tlhaga e khutshwane, e difudi tse dingwe di e ratang.

Jaaka motlhape o mogolo, di gataka le go tobokanya mmu le go tswakanya seloko sa tsona go ungwisa mmu fa di ntse di tsamaya. Dinare tsa tona di bewa maêmô goya ka bogolo jwa mmele wa tsona, nonofo le bokgoni jwa ntwa. Ditona tse di renang go gaisa di ja pele ga motlhape mme di ja mo bogareng gore di bone tlhaga e e gaisang e e iseng e gatakwe go ka ja.

Di neelwa gape tshireletso e e gaisang kgatlhanong le ditlhasedi. Ditona tsa maemo a a kwa godimo gape di fitlhelela namagadi nngwe le nngwe e e mo setlheng sa tsadisano botoka. Fa di le ka fa tlase ga tlhaselo gotswa go setlhasedi di ntsha mokgalaotêgô wa kutlobotlhoko o o dirang gore motlhape otlhe o tsiboge jaaka ngatana ele nngwe. Dinamane le diphologotswana di sireletswa ke dinamagadi mo bogareng fa ditona di lwantsha matshosetsi.

Setlhare sa Sekanô - Mowana (Adansonia digitata)

©Ann Gadd

Ditlhare tsa Mowana di fitlhelwa kwa dikarolong tse di kwa bokone tsa Porofense ya Limpopo, di fitlhelwa gape kwa dikarolong tse dingwe tsa Afrika le Australia. Di ka gola go nna bogolo jo bo boitshegang mme di ka tshela go fitlha nako e telele, tatediso-letlha ya carbon e bontsha fa mewana mengwe ele bogolo jwa dingwaga di ka nna 3000.

Ke setlhare sa selebego se se sa tlwaelegang, ka dikala tse di phatlhalalang tse di lebegang jaaka medi, okare se jadilwe ka botlase kwa godimo. Mowana o na le dithunya tse tshweu tse di bulegang fela bosigo mme o na le monkgo o o seng monate, go batho legale, o o jaaka nama e e bolang go ngoka ditshenekegi tsa bosigo le dimmamanthwane go dira tulafatso.

Leungo, le le ka golelang go bogolo jwa lonao, le na le dipeo tse di apesitsweng ka lorole lo lo sweu, lo lo humileng ka vitamin C le esiti ya tartaric. Cream of tartar ya kwa tshimologong e ne e dirilwe ka dipeo tsa mowana. Mowana mo dingwageng-kgolo tse di ntseng di feta o neelane ka bodulo, phepô le molemô go batho le diphologolo ka go tshwana.

Translated by Nchema Rapoo