Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa sa Porofense sa Porofense ya Kapa Bophirima se atlegenisitswe ke Palamente ya Porofense ka 1998. Sekanô sa Setšhaba se takilwe ke Fred Brownell, morago ga dipatlisiso le ditherisano tse di kelotlhoko le baemedi ba makoko otlhe a sepolotiki a a neng a emetswe mo Palamenteng ya Porofense.
Maphata a a dirisitsweng mo botaking a tlhophilwe go emela boitlhaodi jwa Kapa Bophirima. Motheo wa mmala wa loapi o emetse Table Mountain, karolo e e itshupileng ya tlhagô ya Kapa Bophirima. Go kgabaganya motheo mo mafofeng a ntšhwe ke moanô - SPES BONA - o o rayang gore “tsholofelo e e siameng”. Mafofa a ntšhwe a emetse Little Karoo.
Gotswa mo motheong ke thebe, e e nang le tshetledi, ngatana ya diterebe, mme mo bogareng ke pitsa ya mmopa. Tshetledi e emetse tsholofelo, tolamo, tshepo le histori ya ditsa-lewatle ya porofense. Diterebe di emetse botlhokwa jwa temôthuo le tlhagiso ya mofeine kwa Kapa Bophirima. Pitsa ya mmopa e supa ntsho-tlhagiso mme gape e dira jaaka sebetlwa sa badudi ba go sale gale ba Kapa, baKhoi.
Go tshegetsa thebe go na le Quagga (Equus quagga quagga) le Bontebok (Damaliscus dorcas dorcas), ka bobedi di tlholega mo porofenseng. Quagga ga jaana e nyeletse, fela dipatlisiso di tsweletse pele ka lenaane la tsadiso le le kgethegileng le maitlhomo a lona elemg go tlhagisa morafe o mongwe wa tsona.
Bontebok e kile ya rata go nyelela fela ga jaana e bonagala ka bontsi jo bo namatsang. Fa godimo ga thebe ke cornet, e e bopilweng ka sebaga sa ditalama jaaka go kile ga rwalwa ke baSan, protea, e e emetseng fynbos e e fitlhelwang mo porofenseng, le dipalamonwana tse di supang tshiamo, jaaka di sena bokhutlo le tshimologo. Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa se dira go tsweletsa boitshupo le seriti sa Kapa Bophirima.
Translated by Nchema Rapoo