Porofense ya KwaZulu-Natal e eme go fitlha ka 2004 pele e mametlelela Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa. Ka paka ya dingwaga di le 10 morago ga ditlhopho, KwaZulu-Natal e ne e dirisa dikanô tsa Natal le KwaZulu ka bobedi, di bapisitswe.
Moano, o o kwadileng mo motheong o motala ka seZulu, Masisikume Sakhe, e e rayang gore, “a re emeleleng re age”. Mokwalo o o fa tlase ga Sekanô sa Setšhaba o kwadilwe ka Sekgoa le SeZulu, lekgetlo lantlha mo historing ya Afrika Borwa gore mokwalo o bontshiwe ka puo e nngwe ntle le Sekgoa le Afrikaans.
Gotswa mo motheong ke thebe ya se-Nguni ka sethunya sa bird of paradise (Strelitzia reginae) se se tshwantshisitsweng mo go yona. Mothalo o motala o o makêkêtê mo thebeng o emetse dithaba tsa Drakensberg, tse di leng mo molelwaneng wa porofense eno mmogo le Lesotho le Free State.
Botala bo emetse mmala ka gotlhelele wa popegô-tikologo ya Porofense ya KwaZulu-Natal. Se se fapaantsweng fa morago ga thebe ke segai le molamu, ka bobedi ke matshwao a setso sa bolaodi jwa segosi. Thebe e tshegeditswe ke tau (Leo leo) e e neng ele karolo ya sekanô sa KwaZulu ya maloba mme e emetse bolaodi jwa Kgosi ya Zulu.
Mo letlhakoreng le lengwe la thebe ke kgokong e ntsho kgotsa gnu (Connochætes gnu), e kwa malobeng e neng ele karolo ya tshwao ya Koloni le Porofense ya Natal ga e sale ka 1870, mme ele karolo ya Sekanô sa Setšhaba sa yona fa e sale ka 1907. Mo Sekanông sa Setšhaba se se ntšhwa, kgokong e tshwantshitswe e eme ka maoto a mabedi go na le ge e taboga, jaaka mo sekanông sa pele. Fa godimo ga thebe ke moêtsê o o bopegileng jaaka mokgorwana wa dinotshe.
Seno e ne ele popegôkagô ya setso e e neng e diriswa go dira matlo a baNguni. Dipopego-kago tseno di ne gape di tlwaelegile go baNguni ba borwa ba kwa se se neng se itsagale jaaka Transkei le Ciskei.
Magae a mofuta ono ane ka kakaretso a dirwa ke mekgoro ele mentsi, ole esi wa rre yo eleng tlhogo ya lolapa le mongwe le mongwe go bahumagadi le bana ba gagwe. Mofuta ono wa kagô o phuagantswe ke bontsi, fela o santse o ka bonwa kwa metseng ya histori gaufi le Lesaka la ga Shaka.
Tlhopho ya thebe e maleba thata ka ge e supa ditso tsa batlhabani ba maZulu le batsogapele ba bona. Sebopego seno sa thebe se dirisitswe lantlha ke baNguni jaaka thebe e telele (boleele jwa 2 m) mo go yona motlhabani a neng a iphitlha fa marumo a maleele a ne a konopelwa kwa go ena.
Shaka o ne a ntsha mofuta ono wa thebe mo tirisong ga mmogo le lerumo le le telele, mme mo boemong jwa tseo a tsenya thebe e khutswane e e ka nnang 1 m, gore e dirisiwe mo ntweng ya seatla-seatleng ga mmogo le segai (kgotsa lerumo le le khutswane le le tlhabang).
Ga jaana, dithebe tse di khutswane go feta tseo di diriswa ka tlwaelô mo ntweng ya dithobane ya makolwane a baNguni. Dithebe tsa setso di dirwa ka letlalo la kgomo mme di tsepamiswe ka dithobane, tse di ka ntshiwang gore di rwalwe bonolo fa di sa diriswe mo ntweng kgotsa medirong. Megala e tshola dithobane mo maêmông a tsona, gantsi ka mebala e e farologaneng le wa thebe.