Mefuta ya Monamune

©Louise Brodie
©Louise Brodie
©Louise Brodie
©Louise Brodie

Dinamune
Mefuta ya namune e e tlhagisiwang mo go tlwaelegileng thata mo Afrika Borwa ke Navels le Valencias. Navels ka kakaretso di butswa pele ga Valencias. Navel e iponagatsa ka leungo "la bobedi" le le nnyennye la ka fa gare le le tlhogang fa thitông ya leungo. Leungo le reilwe leina navel ka ge bontlhana jono bo tshwana le mohubu wa motho. Valencias di reilwe leina ka toropokgolo ya kwa Spain ta Valencia, le fa tlholego ya tsona ya boammaruri e sa itsiwe. Valencias ka kakaretso di tswina thata mme di na le letlapi le le sesanyane go na le navels mme gantsi di lengwa go tlhagisa matute. 

Dinamune ka go ntsha magetla ke mofuta wa monamune o mogolo wa Afrika Borwa mme o na le seabe mo go ko nneng 60% ya diromelwa-ntle tsa Afrika Borwa. Kotulô ya Valencias ya Afrika Borwa ke mofuta o mogolo go fetisa go ka tlhagisiwa le go romelwa-ntle gotswa mo Afrika Borwa mme e ka nna bobedi jwa dielo tsa tlhagiso ya navels.

Diratsuru le Diswirinamune
Diratsuru le diswirinamune ke mefuta ele mebedi e e itlhaotseng ya leungo. Diratsuru gantsi di lengwa mo boseng jwa dithemphoritšhara tse di bogareng, fa diswirinamune ka kakaretso di tlhagisiwa mo boseng jwa tropical le subtropical. Maungo ano ka bobedi a na le tatsô e e esiti kgotsa bodila mme a diriswa lefatshe ka bophara mo motseletseleng o o atologileng wa ditiriso. Ntle le tiriso ya ona mo bodirelong jwa dijo le dino, digamolwa tsa ratsuru le swirinamune di diriswa gape mo melemong, ditlotsa-letlalo le ditlhagiswa tsa phepafatso. Letlhôkô le le ntle la boditšhabatšhaba la diratsuru le isitse kwa kgolông e e maatla ya ditlhagiso tsa Afrika Borwa mo bodirelong jono jwa monamune mo dingwageng tsa sešweng.

Grapefruit
Grapefruit ke mofuta wa monamune o mogolo go fetisa. E jewa gantsi jaaka leungo la sefitlholo mme gape e gamolwa matute. Tlholego ya leina la leungo le kaya mokgwa wa kgolô, ka ge maungo a rata go tlhoga a bapile mmogo mme tebego ka jalo e tshwana le ya ngatana ya diterebe. Mefuta ya grapefruit e arogantswe goya ka grapefruit e tshweu le e e balafetseng. Grapefruit e e balafetseng e na le lycopene, e e tlametseng mmala o o pinki kgotsa khibidu wa mefuta e e balafetseng. Letlhôkô la mmaraka le le ntle la grapefruit e khibidu (balafetseng) kwa mebarakeng e e kwa Botlhaba jo bo Kgakala le nonotsha dithekiso le kgolô mo bodirelo jwa Afrika Borwa.

Monamune o o Boleta
Monamune o o boleta o kaya karolwana ya maungo a monamune a a nang le matlapi a a repileng mme nako dingwe a kaiwa fa ele 'diobolega bonolo'. Tsona di akaretsa mandarin, clementine, satsuma, mineola le tangerine. Maungo a a tswina ano a tlhokwa ka bontsi lefatshe ka bophara ka ntlha ya tatsô ya ona le letlapi le le repileng. Monamune o o boleta o itemogela kgolô e e boitshegang lefatshe ka bophara mme mo Afrika Borwa, ditlhagiso tsa monamune o o boleta le tsona di ya magoletsa go ralala naga.

Kumquats
Kumquat ke leungo le le nnye la mmala wa namune. Fa letlapi le na le tatsô e e tswina le monkgo o o monate, leungo le bodila ka go itlhaola. Leungo le ka jewa le apeilwe fela gantsi le diriswa go dira marmalade, jelly le dimoti tse dingwe.

Translated by Nchema Rapoo

Grapefruit

Lekatane ke motswako o o agilweng go tswa mo go kgabaganyo e e itaregalelang fa gare ga pummelo (gape e peletiwa jaaka pomelo) le namune e e...more

Diratsuru

Diratsuru, tse di itsegeng ka llaga e e serolwane le tatso e e bodila, ke tse dingwe tsa maungo a monamune a a botlhokwa mo Aforika Borwa....more

Lime

Dikalaka di mela sentle mo maemong a boboatsatsi. Go dumelwa gore e simolotse kwa Borwabotlhaba ba Asia – le kwa bokone ba India, e mabapi...more

Orange

Jaaka go kailwe ke Citrus Growers Association, dinamune tsa Valencia di ne di rwele 34% ya palogotlhe ya 83 490-ha ya menamune e e neng e kw...more

Soft Citrus

Tlhopho ya mofuta e sweetswa ke letlhôkô la mmaraka le bomatshwanedi jwa mofuta go maemô a tlhagiso mo polaseng....more