Ntshokuno ya Kalaka

© Louise Brodie

Dikalaka di mela sentle mo maemong a boboatsatsi. Go dumelwa gore e simolotse kwa Borwabotlhaba ba Asia – le kwa bokone ba India, e mabapi le dikarolo tsa Myanmar, Malaysia le Indonesia. Ka nako ya ngwagakgolo ya 10, barekisi ba maArab ba ne ba tlisa ditlhare tsa kalaka go tswa mo maetong a bona a go tswa kwa Botlhaba mme ba ne ba e ba di tlhagisa kwa Egepeto le bokone jwa Aforika. Fa Ba-Moor ba ne ba tsaya maungo go ya kwa Yuropa ka ngwagakgolo wa 13.

Dikalaka go dumelwa gore di tlhabolotswe go tswa mo mefuteng e e farologaneng ya maidi, ka jalo kakanyo e e tlwaelegileng ya monamune le mokgopa o o motala o bidiwa dikalaka. Mefuta e e farologaneng, go ntse jalo, tsotlhe di farologane ka dilaola-bong.

Dikalaka Kgatlhanong le Diratsuru

Dikalaka ke tse di kgolokwe mme di na le mmala o o botala ka go lekalekantsha le diratsuru, tse ka tlwaelo di leng motopo ka mmala o o serolwana o o phatsimang. Dikalaka ka tlwaelo di di dinnye go bapisa le diratsuru.

Maungo ka bobedi ke a botšharara le go nna bodila, mme dikalaka di na le go nna le tatso e e galakang go feta. Dikalaka tse di botshe le bodila di teng. Dikalaka tse di botshe di tlhoka esiti ya monamune e e naang dikalaka tse di bodila tatso ya tsone ya kuku.

Ntshokuno ya Boditšhabatšhaba

Ntshokuno ya kalaka ke e nnye thata fa e lekalekantsha le maungo a mangwe a monamune. Jaaka go tlhagisitswe ke Tridge, Spain ke moromelateng o mogolo go gaisa, e e ikarabelang ka 18.8% ya dintshetsontle tsa kalaka ka 2018, fa Mexico e tsere maemo a bobedi, e tsaya boikarabelo ba 15.6% ya diromelwantle tsotlhe.

Amerika ke moromelantle o mogolo go gaisa ka 15.6% ya diromelwateng tsotlhe tsa maungo a kalaka ka 2018, mme Jeremane e tsere maemo a bobedi ka 11% a diromelwateng tsotlhe. Fora le Netherlands di kopanetse maemo a boraro, nngwe le nngwe e tsere maikarabelo a 7% ya diromelwateng tsotlhe

Ntshokuno mo Aforika Borwa

Ntshokuno ya kalaka mo Aforika Borwa e nnye thata, ka fela 82 ya diheketara tse di kwadisitsweng tsa diromelwantle ka 2018. Seno ke ka ntlha thata ya gore balemirui ba ka kgona go itirela lotseno go tswa kwa dijalong tse dingwe tsa monamune botoka.

Ntshokuno ya Selegae

Kalaka e umiwa mo nageng yotlhe ya tiriso ya kwa gae kgotsa go tlamela bagwebipotlana ba selegae. Hoedspruit, le gale, e na le bontlhanngwe ba kgaolo e e kwadisitsweng ya diromelwantle ka 2018. Mme Boland e na le diheketara tse 12 le Kapa Bophirima le Patensie di ikarabela ka 8 ya diheketara e le nngwe. Dihektara di le supa di ne di kwadisitswe diromelwantle kwa Groblersdal.

Mefuta e e Farologaneng

Bearss le Tahiti ke mefuta e e farologaneng e e jwetsweng go gaisa ya kalaka mo Aforika Borwa. Mofuta o o farologaneng wa kwa Bearrs go akanngwa e simolotse kwa California, go tswa kwa ditlhatshaneng tse di tlhamilweng go tswa mo leungong la Tahitian. E teeletswe ka mong, TJ Bearss, wa lefelo la tlhokomelo ya dijalo mo e tlhabolotsweng.

Tshimologo tota ya kalaka ya Tahiti ga e itsiwe. Leina le kaya ntlha ya gore mefuta e e farologaneng e ne ya tlhagisiwa kwa California go tswa kwa Tahiti gongwe magareng ga 1850 le 1880. Mefuta e e farologaneng go akanngwa gore e tlhamilwe mo maiding a maphatatharo, e e akaretsang bonnye mefuta e mebedi e e farologaneng ya monamune, ditshedi tsa lekatane le monamune o o potlana.

Setlha

Le fa bajada ba Aforika Borwa ba kgona go roba go ralala ngwaga otlhe, setlha se y akwa godimo go tswa ka Ferikgong go fitlha ka Motsheganong.

Ditiriso

Dikalaka di humile ka ditswaki, tse di nang le dithoto tsa thibela kankere le leokwane. Matute, sekao, a ntse a dirisiwa kwa Bophirima jwa Aforika mo dingwageng tse dintsi go alafa le go thibela kholera. Dikalaka gape di humile ka dibithamine le diminerale. E na le go feta 30% ya ditlhokego tsa dibithamine tsa letsatsi le letsatsi tse di godileng tsa C.

Ka ntlha ya tatso ya yona e bodila, dikalaka gantsi ga di jewe di le foreše. Matute le gale, le fa go ntse jalo, gantsi e dirisiwa mo go apayeng, mme dikarolwana tsa kalaka le tsona ke kgabiso e e rategang ya dino tsa metswako le dino tse dingwe.

Go bona bontsi jwa matute a dikalaka, di tshwanetse go dirwa matute mo themphereitšheng ya phaposi. Pelo ya sejalo e tshweu e e ka fa tlase ga letlalo le le tala e na le tasto e e botlha, ka jalo e tshwanetse go tilwa fa e silwa kgotsa fa go sigiwa kalaka go dira gale.

Translated by Lawrence Ndou