Tlhagiso ya Namune mo Afrika Borwa

©Louise Brodie

Dinamune go fitlha ga jaana ke mofuta yo mogolo go gaisa wa monamune mo Afrika Borwa. Di rwele mo go ka nnang 60% ya dithomelo-ntle tsotlhe tsa monamune tsa Afrika Borwa. Mo go seno, Valencia ke setlhotswana se se golo go gaisa se se tlhagiswang le go romelwa-ntle, mme e rwala go feta gabedi dielô tsa tlhagiso ya dinamune-hubu - eleng mofuta o mongwe wa namune yo o tlhagiswang.  

Jaaka go kailwe ke Citrus Growers Association, dinamune tsa Valencia di ne di rwele 34% ya palogotlhe ya 83 490-ha ya menamune e e neng e kwadiseditswe thomelo-ntle ka 2018. Go feta 60% ya ditlhare tseno tsa namune go ne go jadilwe kwa Limpopo. Kapa Botlhaba e rwele 14% ya kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso, fa Kapa Bophirima e rwele 9% ya tlhagiso.

Dinamune-hubu e ne ele mofuta wa monamune wa bobedi o o tlhagisitsweng ka bontsi. Di rwele 20% ya palogotlhe ya kgaolo e e kwadiseditsweng thomelo-ntle ya monamune. Kapa Botlhaba e ne e rwele 39% ya dijalo tseno, go e dira kgaolo-tlhagiso e kgolo go gaisa ya di-navel. Limpopo le Kapa Bophirima di ne di na le dikgaolo tsa bobedi le boraro ka bogolo ka fa tlase ga tlhagiso, mme Limpopo e ne e na le 26% ya tlhagiso fa Kapa Bophirima e ne ele mo go 25%.

Dinamune-Hubu Kgatlhanong le Di-Valencia

©Louise Brodie

Namune-hubu e na le leungo la bobedi le le tlhogang mo thitông ya yona, le le tshwanang le mohubu (seno se tlhalosa leina la yona). Dinamune-hubu di bonwe kwa Brazil e ka nna dingwaga tsa bo-1820, mme kgônagalô e kgolo ke gore e ne ele sefetolwa-bomadi sa setlhare sa namune sa laranja selecta se se itirileng. Mofuta ono ga ona dithapo, mme seno se raya gore o tshwanetse go ka mediswa gotswa mo matlhogeleng.

Di-Valencia di tswina go feta, di na le letlapi le le kimanyana mme gantsi di butswa go sale gale mo setlheng go na le dinamune-hubu. Di tsaya leina la tsona gotswa go toropokgolo ya kwa Spain, Valencia, fela setswa-mefutengpedi seno se tlhamegile gotswa mo kopanyong ya pummelo le mandarin kwa California, e tlhamilwe ke molemi wa monamune wa mo-Amerika le agronomist, William Wolfskill. Fela, namune e ntse le katlego ya kgwebo e e botoka kwa Spain go na le kwa California. 

Mefuta

Ka 2018, Midknight e ne ele mofuta wa Valencia o o jadilweng ka bontsi go gaisa. E ne e rwele 36% ya palogotlhe ya kgaolo e e ka fa tlase ga Valencia. Mofuta ono o lemogilwe lantlha ka 1927 ke AP Knight, motho yo mofuta o filweng leina ka ene, mo tshimong kwa Summerville, Addo kwa Kapa Botlhaba. Fela, bokgoni ka botlalo jwa mofuta ga bo a lemogwa go fitlha ka dingwaga tsa bo-1970. 

Valencia Late e ne ele mofuta wa bobedi o o jadilweng ka bontsi go gaisa; e ne e rwele 19% ya kgaolo enô. Fa Delta e rwele 16% ya kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso. Turkey le Bennie di rwele ka tatelano 10% le 9% ya kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso.

Palmer, Bahianinha, Cambria le Washington e ne ele mefuta ya Valencia e e jadilweng ka bontsi go gaisa ka 2018. Palmer e ne e rwele 18%, Bahianinha e ne ele 14%, Cambria ele 12% mme Washington ele 11% ya palogotlhe ya kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso.

Setlha

Setlha sa Valencia se simolola ka Phukwi go fitlha ka Lwetse, fa setlha sa namune-hubu se le go simolola Seetebosigo go fitlha ka Phukwi.

Mmaraka

©Louise Brodie

Bontsi jwa dinamune tsa Afrika Borwa di romelwa-ntle. Maungo a romelwa kwa dinageng tse di farologaneng go ralala lefatshe, mme European Union ke moamogedi yo mogolo go gaisa ka 33% ya maungo. Botlhaba-Gare e ne ele moamogedi wa bobedi ka bogolo ka 2018, ka 19% ya maungo, e selwe morago ke Borwa-Botlhaba jwa Asia ka 18% ya maungo.

Translated by Nchema Rapoo

Orange Production

Dinamune tse di tswina di tlholegile kwa Borwabotlhaba jwa China mme di umakilwe mo dikwalong tsa China mo bosalegaleng jwa dingwaga tsa 314...more