Ntshokuno ya Lekatane

© Louise Brodie

Lekatane ke motswako o o agilweng go tswa mo go kgabaganyo e e itaregalelang fa gare ga pummelo (gape e peletiwa jaaka pomelo) le namune e e botshe. Jaaka e e sa tswang go tsewa e le ntšhwa ya lelapa la monamune, lekatane la ntlha le tlhalositswe kwa bo1750 ke Moruti Griffith Hughes mo selhakatlhakeng sa Barbados. Gape o ne a le bitsa “leungo le le ileditsweng” la kwa Barbados, jaaka batho ba bangwe ba ne ba dumela gore le na le mofuta wa kgolagano le setlhare sa tshiamo le bosula sa kwa Tshingwaneng ya Edene.

Leina la “lekatane” le ne la tlhophiwa, ka ntlha ya mokgwa o leungo le godileng ka teng mo ditlhopheng tse di jaaka terebe. Baitsetemo ba kwa Amerika kwa tshimologong ba ne ba bitsa ditshedi “Pomelo”, mme phetogo ya leina e tlhodile tlhakatlhakano ka “Pummelo” ka jalo “lekatane” la kgomarela.

Ntshokuno ya Boditšhabatšhaba

Lekatane le gola sentle kwa ditlelaementeng tsa boboatsatsi. Jaaka go tlhagisiwa ke Tridge, China ke montshakuno o mogolo go gaisa. Ka 2018, e ne e ikarabela kwa go fitlha go halofo ya lekatane le le ntshitswengkuno mo lefatsheng. Amerika, e e leng montshakuno o mogolo wa bobedi o o gaisang, e tsere maikarabelo fela a 8% ya palogotlhe ya ntshokuno.

Le fa e le gore e bone fela 4% ya bojotlhe, Aforika Borwa e ikarabetse ka 25% ya dintshetsontle tsotlhe tsa lekatane ka 2018. Se se e dira gore e nne moromelateng o mogoglo go gaisa go fitlha fa. China e tsere maemo a bobedi, ka 12.7 ya palogotlhe ya dintshetsontle.

Netherlands ke moromelateng wa lekatane o o gaisang, ka 16.6 ya lekatane lotlhe (lakatane le le rometswe go tswa kwa dinageng tse dingwe ka ntlha ya go phuthelwa gape le go romelwantle). Le fa go ntse jalo go tshwanetse go gakologelwa gore Netherlands gantsi e aba gape diromelwateng tsa yona kwa dikarolo tse dingwe tsa Yuropa. Russia e latela Netherlands ka 10% ya diromelwateng tsa lekatane tsotlhe.

Ntshokuno ya Aforika Borwa

©Louise Brodie

Ka 2018, Aforika Morwa, mmogo le Zimbabwe, di ne di na le palogotlhe ya diheketara tse 7 886 tse di kwadiseditsweng tsa dintshetsontle tsa lekatane, jaaka go tlhagisitswe ke Mokgatlho wa Bajadi ba Monamune. Go feta 50% ya kgaolo e e leng kwa Limpopo, se se e dirang kgaolo e e kgolo go gaisa ya doromelwantle, e latelwe ke Mpumalanga, e e ikarabelang ka ka 20% ya kgaolo ya ntshokuno. 

KwaZulu-Natala e tsere maemo a boraro, ka 9% ya ntshokuno. Fa Kapa Bokone le Swaziland ka go latelana di ikarabetse ka ga 6% le 5% ya palogotlhe e e kwadisitsweng ya diromelwantle. Dikarolo tse dinnye tse di kwadisitsweng kwa Botlhaba le Kapa Bophirima. Zimbabwe e ikarabetse ka 118 ya diheketara tsa palogolthe ya kgaolo e e kwadisitsweng ya diromelwantle.

Mefuta e e Farologaneng

©Louise Brodie

Mefuta e e farologaneng e jetswe, mme Star Ruby le Marsh ke tse di rategang go gaisa. Star Ruby e ikarabela ka go feta 80% ga palogotlhe ya kgaolo e e kwadisitsweng ya diromelwantle ka 2018. Fa Marsh e tsere maemo a bobedi, ka bonnye ba go feta 10% ba kgaolo eno.

Star Ruby e ne ya tlhamiwa ke Ngaka Dick Hensz kwa Texas ka peo ya marang ya lekatane Hudson. Mefuta eno e ne ya kaiwa e le e e golotsweng ka bo1970, ka dipeo tsa ntlha tse di le lesomepedi peo mo Aforika Borwa ka 1972.

Leungo le na le letlalo le le borethe le le serolwane la lemorago la mmla wa mokgopa o o bohibidu bo bo boteng. Mofuta o o farologaneng o dira botoka mo Aforika Borwa go feta kwa Amerika, go uma maungo a a magolo le a bonolo go feta bontsi jwa mmidi. 

Marsh e ne ya tlhagisiwa ke CM Marsh kwa Florida, ka dinako tsa bo1860 go tswa kwa kgonong ya dimelana go tswa kwa ditlhareng tsa Duncan mo ntlong ya ga Moh Rushing. O ne a tsaya kalana ya lekukunya go jalolola go tswa mo go nngwe ya ditlhare, fa a ne a bona gore e ne e sena peo mme a simolola go rekisa bana ba ba tswang makukunya. Leungo ke le le kgolo le sweu, le le senang peo mme le dirisiwa bogolo mo tirisong e e foreše le go dira matute. Mo nakong e telele, e ne e le mofuta wa sejalo se se etelelang pele le se se jwetsweng mo Aforika Borwa.

Setlha

Setlha sa monamune mo Aforika Borwa se taologa go twa kwa Mopitlwe go ya kwa go Phukwi, go ya ka mofuta le maemo a tlelaemete.

Mmaraka

Bontsi jwa makatane a Aforika Borwa a rekisiwa kwa moseja, le mmaraka wa thomelontle o o ikarabelang ka bokana bo bo batlileng go nna 70% ba dithekiso tsotlhe ka 2017. Mmaraka wa go diragadiwa o tsere boikarabelo bo bo ka nnang 27% le mmaraka wa selegae ka fa tlase ga 1% ya palogotlhe ya dithekiso.

Yuropa ke lefelo la thomelontle le legolo go gaisa, ka 40% ya bokana ka 2017, fa Asia e tsere boikarabelo ba 25% ya bokakang.

Ditiriso

©Louise Brodie

Lekatane ke leunog le le botlha. Le ka nna la itumelelwa le le foreše ka sefitlholo ne ya dijo, jaaka sejo se se botlhofo, kgotsa go dirisiwa mo disalateng. Gape e ka diragadiwa go nna dikuku, marere, di-marmalade, le dino.

Ke e nngwe ya maungo a a leng kwa tlase go gaisa ka mafura, mme e none ka dikotla le tlhale, e leng le lengwe la mabaka a go le gantsi di akareditswe mo dijong tse di fokotsang boima ba mmele. Gape e na le metsi diteng tsa metsi a a kwa godimo, se se e dirang gore e nne e e tshwarang metsi thata.

Translated by Lawrence Ndou