Diratsuru

© Louise Brodie

Diratsuru, tse di itsegeng ka llaga e e serolwane le tatso e e bodila, ke tse dingwe tsa maungo a monamune a a botlhokwa mo Aforika Borwa. Ditlhare tsa ratsuru di jetswe go ralala naga mme dikgaolo tse di botlhokwa tsa ntshokuno di akaretsa Kapa Botlhaba, Kapa Bophirima, le Limpopo. Ka nako ya mariga (go tswa kwa morago ka Motsheganong go fitlha ka Phatwe mo Aforika Borwa) diratsuru di robiwa le go romelwantle kwa dinageng tse di farologaneng, segolobogolo kwa United Kingdom.

Ratsuru ke leungo le le rategang thata mo malapeng a le mantsi ka ntlha ya sekwalwa se se telele sa mesola ya boitekanelo le botlhokwa mo boapeelong. Leungo la monamune le le thata le le jewang gantsi mo popegong ya lona ya tlholego (tsela e mongwe e ka diriwang ka namune) mme e ka dirisiwa mo matuteng, mo disouseng, mo dijong tse botshe tsa ditswaki le dino tse dingwe.

Translated by Lawrence Ndou

Ntshokuno ya Ratsuru

Diratsuru di simolotse kwa Borwa Botlhaba ba Aisa mme maungo a a monamune a tlotlelwa dithoto tsa ona tsa sebolayamegare fa e sale dinako ts...more

Diratsuru mo Aforika Borwa

Ratsuru ya kwa Kapa e e Letlalo le le Magwata ke mofuta o o farologaneng wa bogologolo go gaisa wa ratsuru mo Aforika Borwa....more