Ntshokuno ya Ratsuru

© Louise Brodie

Diratsuru di simolotse kwa Borwa Botlhaba ba Aisa mme maungo a a monamune a tlotlelwa dithoto tsa ona tsa sebolayamegare fa e sale dinako tsa bogologolo. Gape e ne e dirisiwa jaaka molemo wa bolthole bo bo rileng. Kwa Roma wa bogologolo, diratsuru di ne di tsewa jaaka thoto e e mosola e e beetsweng bahumi, ditebogo mo dithotong tsa yona tse di fodisang, monko o monate le go nna ka sewelo. Ka dipatlisiso tsa DNA go lemogilwe gore diratsuru di tlhamilwe go tswa mo leiding – namune e e botlha le citron.

Ntshokuno ya Boditšhabatšhaba

©Louise Brodie

India ke montshakuno yo o kwa godimo go gaisa wa diratsuru mme e tsaya maikarabelo a 17 % ya ntshokuno ya lefatshe ka 2018, jaaka di tlhagisitswe ke Tridge. Mexico e tsere maemo a bobedi, ka 14% ya ntshokuno. E latelwe ke China, ka 13.2%.

Spain ke moromelateng o mogolo go gaisa wa diratsuru, ka diromelwantle tse di ka nnang palogotlhe ya 18% ka 2018. Mme gape, Mexico e tsaye maemo a bobedi, mo e ka nnang 16% ya diromelwantle. Turkey le Aforika Borwa, ka go latelana di tsaya maikarabelo a 9.6 le 9.4% a palogotlhe ya diromelwantle.

Amerika ke moromelateng o mogolo go gaisa, ka go feta 15% ya diromelwateng ka 2018. Jeremane a sala morago ka bogaufi ka 11%, Fora le Netherlands, nngwe le nngwe e tsaya maikarabelo a go ka nna 7% ga diromelwateng tsotlhe.

Ditiriso

©Louise Brodie

Diratsuru di botlha, ka jalo go le gantsi ga di jewa di le foreše kgotsa ka boyona. Matute le letlapi le fa go ntse jalo le kwa godimo ka tlhokego mo jaaka setswaki se se dirisiwang mo mefuteng e e phatlaletseng e e farologaneng ya dijo, go tswa mo dithotong tse di bakilweng nama e e apielweng le merogo le setswaki sa salate. Mo Aforika Borwa, badirisi ba tlhapi le ditšhipisi gantsi ba amogela dikarolwana tsa ratsuru mmogo le dijo tsa bona. 

Ratsuru gape ke sidira nama boleta se se siameng le go thusa go kgaoganya mafura. E ka dirisiwa go sireletsa maungo, e e bidiwang marmalade kgotsa dikaarolwana tse di omileng tsa maungo. Kwa ntle ga se, matute a dirisiwa go dira dino, tse di jaaka namoneiti, diteye le bojalwa jo bo tlhakantsweng le sukiri. Dikarolwana tsa ratsuru di ne di dirisiwa jaaka sekgabiso sa dino kgotsa metsi a a tswakilweng.

Diratsuru di humile ka dibithamine le diminerale, ka jalo e bonwa e le molemo wa tshilo, thotloetso ya masole a mmele mme tota le go dirisiwa jaaka thotloetso ya letlalo. Gantsi batho ba e nwa go mmogo le diloki tse dingwe, tse di jaaka tswina ya mamepe, wisiki le sinnamone, jaaka selwantsha mofikela, e e itsegeng jaaka hot-toddy.

Di ka dirisiwa go thibela maungo, a a jaaka diapole go nna botsothwa, mme ka ntlha ya bokgoni jwa bona jwa go kgaoganya mafura, diratsuru, gape di dira jaaka sephepafatsi. Dipitsa tse di šeleng, sekao, di ka nna tsa foritlhiwa ka ratsuru mme di tlogelwe bosigo go thusa go phepafatsa. Gape e ka dirisiwa go dira enke e e sa bonaleng kgotsa jaaka sedirisiwa sa sethuntsi e bile le jaaka oli e e botlhokwa.

Translated by Lawrence Ndou