Diratsuru mo Aforika Borwa

©Louise Brodie

Ratsuru ya kwa Kapa e e Letlalo le le Magwata ke mofuta o o farologaneng wa bogologolo go gaisa wa ratsuru mo Aforika Borwa. E ne ya tlisiwa mo nageng ya rona go tswa kwa St Helen ka 1654. Ditlhare tsa ratsuru di jetswe kwa ditshingwaneng tsa kwa koloni tsa Dutch East Indian Company, mmogo le maungo a mangwe le merogo go tlamela Barekisi ba kwa Yuropa ka ditsweletswa tse di foreše fa ba le mo tseleng e e yang kwa Botlhaba, fa ba ne ba reka dikhanakhana le leudi.

Ditlhare tsa ratsuru di ne di jetswe go bapa le maphaphatho (mathoko a tsela) kwa Kimberley ka nako ya Ntwa ya Maburu le Maesimane. Letsholo la go jala ditlhare tsa maungo kwa Soweto pele ga Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao ka 2010 le tsosoloditse go jala ga ditlhare tsa monamune mo dirapaneng.

Ntshokuno

©Louise Brodie

Jaaka go e tlhokometswe ke Mokgatlho wa Bajadi ba Monamune, Kapa Botlhaba ke montshakuno o mogolo go gaisa wa diratsuru ka 47% ya pologotlhe ya kgaolo e e kwadisitsweng ya diromelwantle ka 2018. Limpopo ke kgaolo ya bobedi e e kgolo go gaisa, ka 34% ya ntshokuno, le fa e le gore Kapa Bophirima ke kgaolo ya boraro e kgolo ga gaisa, ka 11% ya palogotlhe e e ka fa tlase ga ntshokuno e e kwadisitsweng ya diromelwantle.

Mefuta e e Farologaneng

©Louise Brodie

Eureka ke ratsuru e e rategang go gaisa e e farologaneng mo lefatsheng mme ka 2018, e ne ya ikarabela ka 80% ya pologotlhe ya kgaolo e e kwadisitsweng ya diromelwantle tsa ratsuru mo Aforika Borwa. Mofuta o o farologaneng kwa tshimologong e ne e bidiwa “Garey’s Eureka” ke Thomas Garey, o a neng a tlhophilwe ka 1877 le go anamisa lekukunya, dikgong go tswa mo ditlhatshaneng tse di tswang kwa Italy (gongwe Lunaria) mme di ne tsa jalwa kwa Los Angeles ka 1858.

Mefuta e e farologaneng e na letlalo le le borethe, peresente ya matute e e kwa godimo mme ka kakaretso e na le peo e e kwa tlase. Go ya ka maemo a tlelaemete le kgaolo ya go ntshakuno, maungo gantsi a kgetliwa go sa le gale go ya kwa morago ka nako ya mariga.

E e ka nnang 9% ya kgaolo e ne e le kwa fa tlase ga Lisbon, fa 4% e ne e le ka fa tlase ga Limoneira le 3% ka fa tlase ga Genoa. Lisbon, e ne e kailwe ka leina la yona, e simolotse kwa Portugal. Ke e e thibelang botsitsi go feta mefuta e e farologaneng ya tse di le nne e e jwetsweng mo Aforika Borwa le go uma leungo le le magwata go senene le le kwa tlase go feta ka tlhoko go feta Eureka.

Maungo gantsi a ne a rwaliwa kwa thokong ga setlhare, e e thusang go thibela leungo kgatlhanong le maemo a bosa a a makgwakgwa le phiso ya letsatsi, e e feletsang ka nako ya thobo e e khutswane.

Limoneira e tswa kwa California. E tshakuno thata e bile e na le diteng tsa peo tse di kwa tlase go feta Eureka. Leungo le fitlhelela go butswa go go siameng go tloga ka Moranang go fitlha ka Phukwi, go ya ka kgaolo ya ntshokuno. Ditlhare di ka kopana le mefuta e mentsi ya medikota.

Genoa e simolotse kwa Italy. Ke mofuta o o farologaneng wa ntlha gantsi o o rwalang maungo a yona fa tlase ga ditlhare, e e thusang go sireletsa maungo kgatlhanong le phiso ya letsatsi le dithemphereitšha tse di tsididi. Ditlhare ga di na mebitlwa mme di kopanngwa le mefuta e mentsi ya medikota.

Agriculture Research Centre mo Aforika borwa e tlhagisitse ratsuru ya ntlha mo lefatsheng e e senang peo go tswa mo go phetolong ya Eureka ka 1998. Mofuta, o o farologaneng o o bidiwang Eureka TM, le fa go ntse jalo, ga e ya bo ya mela jaaka fa e supeditse go nna kwa tlase ka go nna thata mme e le masisi go roba go feta mefuta e e farologaneng e e senang peo.

Setlha sa go Ntshokuno

Setlha sa ntshokuno ka se tswelela go tloga ka Tlhakole go ya go Lwetse, go ya fela ka mofuta o o farologaneng le maemo a tlelaemete mo kgaolong ya ntshokuno.

Translated by Lawrence Ndou