Mefuta ya Monamune e e Boleta mo Afrika Borwa

©Louise Brodie

Motseletsele o o atologileng wa mefuta ya monamune e e boleta o a jalwa mo Afrika Borwa. Ona o ka aroganngwa ka ditlhopha di le tharo: mandarin, clementine le satsuma. Tlhopho ya mofuta e sweetswa ke letlhôkô la mmaraka le bomatshwanedi jwa mofuta go maemô a tlhagiso mo polaseng.

Dinamune tsa Mandarin

Mandarin le tangerine sentle sentle ke leungo le le lengwe. Pharologano mo leineng e ipharile mo lefelong le leungo go neng go akanngwa fa le tlholegile kwa go lona. Mandarin e kaya monamune o o boleta o go akanngwang fa o tlholegile kwa borwa-bophirima jwa China, fa tangarine go akanngwa fa e tlholegile kwa Tangiers, motsetoropo wa kwa Morocco.

Fela, di-mandarin go dumelwa fa ele dikokomane tsa dinamune tse di tlhaga tse di neng di mela kwa bokone-botlhaba jwa India dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng. Go tsweng koo monamune o ne wa tsena mo tseleng goya kwa China, mme gotswa koo wa ya Yuropa le Afrika Bokone.

Ka 2017, di-mandarin e ne ele monamune o o boleta o o jalwang ka bontsi go gaisa, di ne di rwele mo go ka nnang 75% ya palogotlhe ya kgaolo e e neng ele ka fa tlase ga tlhagiso. Le fa motseletsele o o atologileng wa mefuta ya mandarin o jalwa, Nardorcott e ne ele mofuta o o jalwang ka bontsi, e ne e dira mo go ka nnang 37% ya dijalo tsotlhe. Nova e ne e rwele 19% mme Tango e ne e tshotse mo go ka nnang 12% ya palogotlhe ya kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso.

Nardorcott e tlhamilwe dingwaga di feta masomeamane tse di fetileng gotswa mo matlhogeleng a Murcott kwa seteišeneng sa ditekeletso kwa Morocco. Bajadi ba lemogile gore matlhogela a latlhegelwa ke sebôpegô sa ona sa bopeo fa ane a sa dulafatswe. Mofuta ono o na le letlhôkô le le kwa godimo ka ntlha ya gore o tota o sena dithapo, ka boleng jo bo tswileng diatla jwa jegô mmogo le bosukiri jo bo kwa godimo jo bo kopaneng le tatsô e e tseneletseng.

Mofuta ono o ka fa tlase ga ditshwanelo-taolô tsa batsadisi, mme Nardorcott Protection Company kwa Morocco e laola ditshwanelo-taolô tsa sejadi kwa Sephatlofatsheng sa Bokone mme Citrogold mo Afrika Borwa e laola mo Sephatlofatsheng sa Borwa. Leungo la Nardorcott la Afrika Borwa le le gaisang le rekiswa ka fa tlase ga tshwaô ya ClemenGold®. Leungo le kotulwa go tloga mo bogareng jwa Seetebosigo go fitlha mo bogareng jwa Phatwe.

Nova ke setswa-mefutengpedi se se tlhamegileng gotswa go clementine mandarin le olando tangelo. E na le dithapo di le mmalwa goya go go tlhoka dithapo gotlhelele mme e kotulwa go tloga ka Motsheganong go fitlha ka Seetebosigo.

Di-Clementine

©Louise Brodie

Di-Clementine go akanngwa fa di tlhamegile gotswa go setswa-mefutengpedi se se neng se sa rulaganngwa se se neng se na le matlhogela a mandarin. Kwa tshimologong, go ne go akanngwa gore phetolo-bomadi e upolotswe ke moanamisa-tumelo wa MoFora, Clément Rodier, mo tshingwaneng ya legae la dikhutsana kwa Algeria. Fela kakanyo e nngwe e ne ya tsepama morago, ya gore monamune o na le botlholegi jwa kwa Asia botlhaba, ka ge o ratile go tshwana le mandarin wa Canton o o jalwang go ralala China.

Ka 2017, clementine e ne e tshotse mo go ka dirang 17% ya palogotlhe ya kgaolo e e jadilweng monamune mo Afrika Borwa. Mefuta ele mentsi e e farologaneng e jadilwe, fela tlhagiso e laolwa ke Nules, e e rweleng go feta 73% ya palogotlhe ya kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso. Mofuta o no o upolotswe ka 1953 gaufi le toropo ya Nules kwa Spain. Leungo le kotulwa go tloga ka Moranang go fitlha ka Seetebosigo.

Esbal, e e neng ele mofuta wa bobedi ka tumô, e ne e rwele 7% ya dijalo.

Di-Satsuma

Di-Satsuma di ntsha maungo a bogolo jo bo nnye goya go jo bo magareng a a bopegileng jaaka sediko se se phaphathi. Nako dingwe di nna molala go se nene, ga se gantsi di nna le dithapo mme di na le maphatlo a a bonolo go kgaoganngwa. Mo Afrika Borwa, di itsagale gape jaaka dinnariki.

Di-Satsuma go akanngwa fa di tlholegile kwa China, fela di tsaya leina la tsona gotswa kwa lefelong lengwe kwa Borwa Bophirima jwa Japan, kwa di begilweng teng lantlha dingwaga di le 700 tse di fetileng. 

Ka 2017, di-satsuma di ne di rwele mo go ka dirang 9% ya palogotlhe ya kgaolo e e ka fa tlase ga monamune o o boleta. Le fa motseletsele wa mefuta o jalwa, mofuta o o jalwang ka bontsi ke Miho Wase. Mofuta ono o o butswang go sale gale o ne o rwele go feta 70% ya palogotlhe ya kgaolo e e neng ele ka fa tlase ga tlhagiso ka 2017. Mofuta, o o kwadisitsweng ka dingwaga tsa bo-1960, o tlhamilwe kwa Japan gotswa go satsuma ya Miyagawa Wase. Mofuta o ne o sa atlega jalo mo kgwebong kwa Japan jaaka o atlegile mo Afrika Borwa.

Translated by Nchema Rapoo

Soft Citrus Production

Monamune o o boleta o kaya setlhotswana sa monamune se se nang le letlapi le le repileng mme le le bonolo go obolwa....more