Tlhagiso ya Monamune o o Boleta

©Louise Brodie

Monamune o o boleta o kaya setlhotswana sa monamune se se nang le letlapi le le repileng mme le le bonolo go obolwa. Mandarin, clementine, satsuma, mineola le tangerine ke karolo ya setlhopha seno.

Tlhagiso Boditšhabatšhaba

Tlhagiso boditšhabatšhaba ya monamune o o boleta e oketsegile gotswa go 26 million tons ka setlha sa 2013/2015 goya go 30 million tons ka setlha sa 2017/2018. China e ne e beilwe kwa maemông a a kwa godimo jaaka motlhagisi yo mogolo wa monamune ka setlha sa 2017/2018, ka 71% ya palogotlhe ya tlhagiso, mme e selwa morago ke European Union, e e neng e rwele 10% mme go tle Turkey le Morocco, tse nngwe le nngwe e neng e rwele 4% ya tlhagiso.

Mo nakong enô, dithomelo-ntle tsa lefatshe di oketsegile gotswa go 2 281 000 tons goya go 2 466 000 tons. Russia e ne e itlhomile kwa pele jaaka moromela-teng yo mogolo go gaisa, ka 35% ya diromelwa-teng tsotlhe, European Union e ne rwele 19% ya diromelwa-teng tseno, fa United States e ne e rwele 12% ya diromelwa-teng tsotlhe.

Afrika Borwa ke moromela-ntle wa borataro ka bogolo mo lefatsheng mo temeng ya seelô. 

Tlhagiso Selegae

©Louise Brodie

Tlhagiso ya monamune o o boleta e simolotse mo Afrika Borwa mo bosalegaleng jwa dingwaga tsa bo-1980 ele tsibogo ya letlhôkô le le golang la diobolwa-bonolo le monamune tse di motlhofo gotswa Yuropa le United Kingdom. Di-clementine tsa ntlha di ne di setse di lerilwe mo Afrika Borwa gotswa Corsica ka 1973, mme tse dingwe tsa latela moragonyana gotswa Spain le Morocco.

Tlhagiso ya kwa tshimologong e ne e kgweetswa ke setlamo sa bodira-mmogo sa Afrika Borwa, Citrus Exchange, se se simolotseng ditekeletso tsa tlhagiso ka dingwaga tsa bo-1970 go supa mefuta e e matshwanedi go gaisa le mekgwa-tiriso ya tlhagiso e e matshwanedi. Kwa ntlheng, tlhagiso e ne ele fela kwa Kapa Bophirima, ka ge monamune o o boleta o diragatsa bontle ka fa tlase ga bosa jwa Mediterranean. 

BFAP ka 2019 e supile monamune o o boleta jaaka setlhopha sa monamune se se diragatsang ka matsetseleko go gaisa mo temeng ya poeloyotlhe goya mo heketareng, mme go bonelwapele gore seno se tla tswelela nakwana. Monamune o o boleta o rwele mo go ka dirang 17% ya menamune yotlhe e e tlhagisitsweng mo Afrika Borwa ka 2018. 

Tlhagiso

Jaaka go supilwe ke Citrus Growers Association, palogotlhe ya kgaolo e e lemilweng e e ka fa tlase ga tlhagiso ya monamune o o boleta e oketsegile gotswa go 4 960-ha ka 2009 goya go 16 285-ha ka 2018. Fela go feta bobedi jwa diheketara tseno go santse go tlhoka go fitlhelela bokgona-kumiso ka botlalo.

Kapa Bophirima e ne e santse ele motlhagisi yo mogolo go gaisa, ka se se ka dirang 40% ya tlhagiso, e selwe morago ke Kapa Botlhaba ka 30% ya tlhagiso, le Limpopo e e neng e rwele 24%. Dielô tse di potlana di tlhagiswa gape kwa Mpumalanga, Kapa Bokone, Bokone Bophirima le KwaZulu-Natal.

Mmaraka

©Louise Brodie

Bontsi jwa monamune o o boleta wa Afrika Borwa bo romelwa-ntle, mme dielô tsa thomelo-ntle di fitlheletse mo go ka dirang dikhatone tsa 15 kg di le 13,4 million ka 2017. United Kingdom ke moamogedi yo mogolo go gaisa wa diromelwa-ntle tsa rona, ka 32% ya karoganyo ya palogotlhe ya diromelwa-ntle, mme e selwe morago ke European Union, e e tshotseng karoganyo ya 26%. Amerika Bokone le Russia, mongwe le mongwe wa bona o tshotse karoganyo ya 10%. Mo go setseng go romelwa kwa Asia Borwa le Asia Botlhaba, ga mmogo le kwa Botlhaba-Gare.

Ditiriso

©Louise Brodie

Monamune o o boleta o humile ka di-vitamin, segolobogolo A le C, diminerale le fibre ya phepô, mme boleng jwa dikotla bo farologana go se nene go mefuta e e farologaneng ya monamune o o boleta. Leungo gantsi le itumelelwa le le foreshe jaaka sejô-iketlo, fela le ka diriswa gape mo disalateng le mo go apayeng. Ntle le seno, le ka dirwa matute, la omiswa le go phetolelwa go leungo la bobolokelwa-motemeng, marmalade, ditsenyatatsô tsa dijo le dioli tse di botlhokwa.

 

Translated by Nchema Rapoo