Dipiere

© Louise Brodie

Dipiere ke maungo a fa gae a a jalwang ka bogolo kwa kgaolong ya Kapa Bophirima ya Afrika Borwa. Leungo leno le tsena mo setlheng go simolola la Tlhakole go fitlha Phatwe, mme mokoa wa ntsho-tlhagiso o romelwa-ntle kwa dinageng tse di jaaka United Kingdom. Mo go setseng go rekiswa selegae. Dikgaolo tse di itsagaleng ka tlhagiso ya dipiere di akaretsa Elgin, Ceres le Wolseley.

Leungo la sebopego sa bêlê le le phopholegang le le bofetofetogo mme le ka itumelelwa ka ditsela tse di farologaneng, go akaretsa le le tala, le apeilwe, le omisitswe kgotsa le somaretswe. Le na le seelo se se kwa godimo sa fibre mme ke motswedi yo o siameng wa Vitamin C le potassium. Dielo tse di kwa godimo tsa lona tsa di-antioxidant le dikotla di thusa go aga masole a mmele, mme se le dira tlhopho e e rategeng mo dijong tsa masea.

Translated by Nchema Rapoo

Tlhagiso ya Piere

Dipiere fa e sale ntse di tlhagisiwa dingwaga di le diketekete mme ebile ne di kaiwa fa ele "mpho ya badimo" kwa Homer’s Odyssey....more

Dipiere Mo Afrika Borwa

Ditlhare tsa piere, jaaka ditlhare tsa apole, di gola bontle mo dikarolong tsa bosa jo bo mo magareng - dikgaolo tsa mariga a a tsididi le s...more