Dipiere Mo Afrika Borwa

© Glenneis Kriel

Ditlhare tsa piere, jaaka ditlhare tsa apole, di gola bontle mo dikarolong tsa bosa jo bo mo magareng - dikgaolo tsa mariga a a tsididi le selemo se se sa tsenelelang. Kapa Bophirima, ka ntlha ya lebaka leno, e tshotse go feta halofo ya dipiere tsotlhe tse di tlhagisiwang mo Afrika Borwa. Jaaka go tlhagisitswe mo pegelong ya 2017 ya Hortgro Tree Census, kgaolo yotlhe e e ka fa tlase ga tlhagiso ya piere e ne e dira 12 265ha ka 2017.

Kgophu ya Ceres fa e sale ele motlhagisi-mogolo dingwaga ngwaga, e ne e tshotse 37% ya kgaolo yotlhe e e ka fa tlase ga tlhagiso ka 2017. Kgaolo ya Langkloof e ne ele motlhagisi-mogolo wa bobedi, e tshotse 14% kwa Botlhaba le 2% kwa Bophirima, mme e selwe morago ke Wolseley/Tulbagh le Groenland, nngwe le nngwe e ne e tshotse 12% ka fa tlase ga tlhagiso. 

Villiersdrop/Vyeboom e ne e tshotse 9%, fa Klein Karoo e ne e tshotse 7% mme Kapa Borwa, Piketberg le Somerset West nngwe le nngwe e ne e tshotse ka fa tlase ga 2% ya kgaolo-tlhagiso.

Mefuta ya Piere

©Louise Brodie

Dijadi-kgolo tsa piere tse di jalwang mo Afrika Borwa ke Packham’s Triumph, Forelle, Bon Chretien le Abate Fetel. Packham’s Triumph e ne e dira 33% ya kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso ka 2017, e selwa morago ke Forelle ka 26%, Williams Bon Chretien ka 20% le Abate Fetel ka 7%.

Jaaka go bonwe mo karolong ya Maungo, Forelle e tlholegile jaaka letlhogela la sewêlô kwa Germany mme e ne ya tliswa mo Afrika Borwa ka dingwaga tsa bo-1800. Mofuta ono o tsaya leina la ona gotswa go tlhapi ya rainbow trout ka ntlha ya gore letlapi la yona le na le khibilo e e tshwanang le mmala wa trout. Packham’s Triumph e tlhamilwe kwa Australia, gotswa go kopano magareng ga Bon Chretien le St. Germain, mme ya tla mo Afrika Borwa ka 1992.

Bon Chretien e tlholegile kwa United Kingdom mme e tshwanetse mmaraka o o foreshe le bobolokela-motemeng. Abate Fetel e tlhamilwe gotswa mo dijading di le mmalwa tsa selegae ke Moitlami wa Mofora, Abbe Fetel, ka 1866 mme e na le letlhoko le le kwa godimo kwa Yuropa.

Setlha

©Louise Brodie

Dipiere ke maungo a selemo, mme nako ya kotulo e ikaegile ka mofuta wa piere le maemô a bosa. Dipiere tsa Forelle mo Afrika Borwa di kotulwa go tloga thari ka Tlhakole go fitlha ka Mopitlwe. Packham’s Triumph di kotulwa go tloga mo bogareng jwa Tlhakole mme Bon Chretien go simolola go sale gale go fitlha botharing jwa Ferikgong.

Dithekiso

©Louise Brodie

Afrika Borwa ke motlhagisi yo o potlana wa boditšhabatšhaba mo temeng ya kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso, fela ke mongwe wa baromela-ntle ba ba eteletseng pele. Tlhagiso ka bogolo e totile mmaraka wa thomelo-ntle, mme o salwe morago ke mmaraka wa phetolo mme gotle o o foreshe wa selegae. Bontsi jwa maungo a a phetotsweng a bolokelwa motemeng mme dielô tse di potlana di a omiswa. 

Yuropa le United Kingdom le baamogedi-bagolo ba diromelwa-ntle tsa Afrika Borwa tsa dipiere tse di foreshe mo temeng ya dielô le lotseno. Tlhopho ya sejadi, ka ntlha ya lebaka leno, go le gontsi e laolwa ke mebaraka eno. Thato ya EU e wela thata ka fa letlhakoreng la dijadi tse di gautsegang, tse di jaaka Abate Fetel le Doyenne du Comice, fa United Kingdom e ithatela dipiere tse di bolejana.

Ditiriso

©Louise Brodie

Dipiere di na le dikotla tse di kwa godimo, di humile ka di-vitamin, diminerale, fibre le di-antioxidant. Di ka itumelelwa jaaka sejo-iketlo se se foreshe kgotsa tsa dirisiwa mo disalateng tse di foreshe. Di ka bolokelwa-motemeng, tsa omiswa, tsa silwa le go dirwa matute. Di dirisetswa go apaya le go beikha.

Translated by Nchema Rapoo