Tlhagiso ya Piere

©Louise Brodie

Dipiere fa e sale ntse di tlhagisiwa dingwaga di le diketekete mme ebile ne di kaiwa fa ele "mpho ya badimo" kwa Homer’s Odyssey. Tshika e akaretsa mefuta e e ka nnang someamabedi mme halofo ya ona e fitlhelwa kwa Yuropa, Afrika Bokone le Asia Minor, mme halofo e nngwe e kwa Asia. Dinaga tseno di tlhatlhositse ditlhopha di le pedi tsa dipiere tse di gaefasitsweng, Pyrus communis ya Yuropa ya leungokobolwa le le boleta le dipiere tsa Asia tsa leungokobolwa le le gautsegang, e e botlhokwa ke Pyrus pyrifoli

Tiriso ya piere ka bogolo e tsamaya kwa morago ga tiriso ya apole, ka ntlha ya matsapa a go tlamela mmaraka ka dipiere tse di ntle tse di buduleng. Tlhagiso le gale e fetogile e e matswakabele ya boleng jo bo lekanyeditsweng mo dingwageng di le mmalwa tse di sa tswang go feta, mme seno se isitse kwa boleng jo bo sa fetofetogeng thata.

Tlhagiso Boditšhabatšhaba

China ke motlhagisi le moromela-ntle yo mogolo go gaisa, e tshotse mo go fetang 70% ya palogotlhe ya tlhagiso ya lefatshe le 18% ya diromelwa-ntle ka 2018, jaaka go bonwe mo Tridge. Argentina, United States le Italy ke batlhagisi-bagolo ba bararo morago ga China. Argentina e tshotse fela 3.3%; United States ke fela 2.7% mme Italy ke 2.6% ya palogotlhe ya tlhagiso ya lefatshe. 

Netherlands, Argentina le Afrika Borwa e ne ele baromela-ntle ba bagolo go gaisa morago ga China ka 2018, mme Netherlands e ne e tshotse 14%, Argentina e tshotse 13.7% mme Afrika Borwa e tshotse 10.4% ya palogotlhe ya thomelo-ntle.

Tlhagiso ya Afrika Borwa

©Louise Brodie

Dipiere di tlisitswe mo Afrika Borwa ke Dutch East India Company ka fa tlase ga bolaodi jwa ga Jan van Riebeeck. Mo lekwalong la letlha la 19 Moranang 1665, Van Riebeeck o kwadile gore bosa jwa Kapa bo ne bo sa siamela tlhagiso ya merogo ngwaga o o fetileng, fela "mofeine o ne o atlegile" mme "...diapole di le someamararo di ne tsa kgetlwa gotswa mo ditlhareng di le thataro le dipiere di le pedi". 

Sengwe sa ditlhare tsa kwa tshimologong tsa saffron se se jadilweng ka nako ya Van Riebeeck se ne se santse se gola mo tshimong ya Company ka 2019. Go tshola ngwaoboswa e tshela, Lefapha la Dirapa tsa Boikhutso la Toropokgolo ya Motse Kapa ka tirisano le Tru-Cape ba tlhagisitse clone ya setlhare seno mme ba jala setlhatsana se sešwa fa thoko ga setlhare sa tshimologo ka 2015.

Setheo sa Bodirelo

©Glenneis Kriel

Batlhagisi ba maungo a sika-loo-apole mo Afrika Borwa ba emelelwa ke Hortgro Pome, e mo malobeng e neng e itsagale jaaka South African Apple and Pear Producers Association. Setheo se tlhomilwe go sale gale ka dingwaga tsa bo-1970 go rotloetsa le go sireletsa dikgatlhegelo tsa bajadi ba diapole, mme morago, le tsa bajadi ba dipiere.

Phitlhelelo ya Ditlhotlhomiso

©Louise Brodie

Phitlhelelo e kgolo go bodirelo e tlile ka go tlhamiwa ga Forelle Early Market Access Programme (FEMA), e ka yona Ngaka Ian Crouch a fentseng sekgele sa Hortgro Researcher of the Year ka 2015. Dipiere tsa Forelle pele ga fao ene ele tlhobaboroko ya tlhagiso. Di ne di le tatso e e botsarara fa di kgetlwa go sale gale thata mme di ne di na le go nna bogwatata fa di kgetlwa thari thata. 

Go fenya bothata jo, Ngaka Ian o ne a tshitshinya gore dipiere tsa Forelle di tshwarwe jaaka diapole. Ka jalo go na le gore dipiere di kgetlwe go sale gale, di tlogelwa mo setlhareng dibeke di le pedi goya go tharo go feta ka tlwaelo, mme go ise kwa leungong le le butswitseng botoka le le tswina ka kotulo. Go butswa goya pele go a kganetswa morago ga kotulo ka tiriso ya sekganela-kgolo, 1-methylcylopropene (MCP), se se ntseng se rekiswa mo nageng jaaka SmartFreshSM fa e sale ka 2002. 

Lenaane le boloketse bodirelo makgolokgolo a dimilione tsa diranta mme la letlelela balemi go romela-ntle dipiere tsa FEMA sebaka sa go fitlha dibeke di le robongwe pele ga nako ya dipiere tse di tlwaelegileng. Lenaane gape le ribolotse ditshono tse di ntšhwa mo mmarakeng go balemi ka go tsenya tirisong maitemogelo a mantšhwa a go ja piere, gotswa go 'boleta le matute' goya go 'go gautsega le botswina'. Seno se na le letlhoko le le kwa godimo kwa Botlhaba-Gare le dinaga dingwe tsa Yuropa.

Translated by Nchema Rapoo