Tlhagiso ya Leungo la Perekisi

Ntshô ya Boditšhabatšhaba

Diperekisi di tlholega kwa bokone-bophirima jwa China. Go dumelwa fa di fetoletswe tirisong-selegae go ikala le Noka ya Yangzi, kwa masaledi a dithapo tsa perekisi a fitlhetsweng teng, mme a ka latediswa morago gotswa ngwageng wa 6 000 BC. 

Dithunya tsa perekisi di ne di akanngwa fa di "koba bobe". Mo go tseneletseng mo ebileng masole a neng a tshola dithunya tsa diperekisi fa ba eteletse pele dikgositona, tse di neng di bolola magareng ga ditoropo. Dithunya tsa perekisi di ne di kaletswa mo dikgorong kwa tshimologong ya ngwaga mongwe le mongwe. Perekisi e ne gape e bonwa jaaka sesupo sa botshelo le botlhoka-loso. 

Leina la thuta-dimela la perekisi ke Prunus persica, mme le raya gore "mpho gotswa Persia", go kaya go tliswa ga perekisi ke ba-Persia go Baroma, ba ba neng ba e phatlhalatsa le dikarolo tse dingwe tsa lefatshe. China e santse ele motlhagisi yo o eteletseng pele wa perekisi mo lefatsheng, mme e salwa morago ke Italy mme go tle United States. 

Kgaolo-Tlhagiso ya Afrika Borwa

Bontsi jwa diperekisi tsa Afrika Borwa di tlhagisiwa kwa kgaolong ya Kapa Bophirima. Ceres ke kgaolo e e di eteletseng pele ya tlhagiso ya perekisi ya dessert (thapo e e gololesegileng), mme e selwa morago ke Piketberg, Porofense ya Bokone, Klein Karoo, Wolseley, Tulbagh le Paarl. Dielô tse di potlana di tlhagisiwa gape kwa Free State, Kapa Botlhaba, Gauteng, Mpumalanga, Langkloof le Kgophu ya Noka ya Hex. 

Klein Karoo e rwala maikarabelo a mo go ka nnang halofo ya tlhagiso ya perekisi ya sengaparela-thapo mo nageng, ka dielô tse di totang di le kgolo gotswa kwa Ceres, Wolseley, Tulbagh, borwa jwa Kapa le Worcester. Dielô tse di potlana di tlhagisiwa gape kwa Villiersdorp, Vyeboom, Noka ya Hex, Langkloof Botlhaba, Piketberg le Mpumalanga.

Setlha sa Perekisi

Setlha sa tlhagiso sa Afrika Borwa se taboga gotswa Diphalane go fitlha Mopitlwe, go ikaegile ka mofuta le kgaolo-tlhagiso. Seno se letla naga go ka romela-ntle maungo goya kwa Sephatlo-fatsheng sa Bokone morago fela ga gore setlha sa tlhagiso sa dinaga tseo se khutle. 

Afrika Borwa, le fa gole jalo, ke motshameki-potlana wa boditšhabatšhaba, ka go rwala fela maikarabelo a a kwa tlase ga 15% ya diperekisi tse di tlhagisiwang mo Sephatlo-fatsheng sa Borwa. Bagaisani-bagolo ba gagwe go mebaraka ya Yuropa le Asia ke Chile, Argentina le Brazil. 

Dithekiso

Tlhagiso ya perekisi ya Afrika Borwa e fetile 120 000 tons ka 2015 fela e ne ya hunyela goya mo go ka nnang 200 000 tons morago ga maemô a komelelô e e tseneletseng go simolola ka 2017. Mo go ka nnang 70% ya jalô e tsenngwa mo ditshitswaneng ngwaga le ngwaga, fa tse di setseng di rekiswa fa gae, di omiswa kgotsa di romelwa-ntle. 

Mozambique, Zimbabwe, Lesotho, Singapore, United Kingdom, Angola, Hong Kong, China, Mauritius, Saudi Arabia le Dinaga tsa Emirates ke mafelo-magolo a thomelo-ntle.

Translated by Nchema Rapoo

Peach Fruit Varieties

Diperekisi di tlhagoletse thomelo-ntle ya maungo tsela fa di ne di nna leungo la ntlha go ka romelwa ntle gotswa mo Afrika Borwa ka Ferikgon...more