Mefuta ya Leungo ka Perekisi

Diperekisi tsa Afrika Borwa

Perekisi e ne ele lengwe la maungo a ntlha go jalwa kwa Kapa Bophirima morago ga kgorogo ya Jan van Riebeeck ka 1655, mme ka 1892 e ne ele sengwe sa ditlhare tse di jadilweng ka bontsi kwa Koloneng ya Kapa, mmogo le di-nectarine.   

Diperekisi di tlhagoletse thomelo-ntle ya maungo tsela fa di ne di nna leungo la ntlha go ka romelwa ntle gotswa mo Afrika Borwa ka Ferikgong 1892. Leungo la thapo le ne la romelwa kwa England ka sekepe sa mosi sa Drummond Castle mme la bona ditlhwatlhwa tse di botoka thata go feta ka fa go neng go solofetswe.

Mefuta ya Afrika Borwa

Mefuta ele mmalwa ya perekisi ya dessert le perekisi ya sengaparela-thapo e jalwa mo Afrika Borwa, mme tlhopho gantsi e kaelwa ke ditlhokegô tsa tlhagiso le letlhôkô la mmaraka. Mefuta ya bogologolo e fetolwa ka mefuta e e botoka e e diragatsang botoka fa e nna teng. 

Ka 2014, dijadi tse di kgolo tsa perekisi ya dessert e ne ele Transvalia, Sunsweet, Temptation, Witzenberg, San Pedro, Novadonna, Summersun, Golden Pride, Experimental, Fairtime le Excellence.

Kakamas, Keisie le Sandvliet di ntse le seabe mo go feteng halofo ya mefuta yotlhe ya perekisi ya sengaparela-thapo ka motsi mongwe. Mefuta e mengwe e ne e akaretsa Oom Sarel, Western sun, Prof Neethling, Cascade, Supreme, Prof Malherbe, Wotemade, Goudmyn le Bonnigold. 

Sengaparela-thapo kgotsa Dessert

Tlhagiso ya perekisi e arogantswe ka ditlhopha di le pedi: diperekisi tsa sengaparela-thapo le diperekisi tsa dessert. Diperekisi tsa sengaparela-thapo di na le thapo e e nang le go ngaparela mo leungokobolweng la perekisi, go dira gore go nne thata go ntsha thapo ntle le go senya leungokobolwa. Diperekisi tseno di dirisetswa gantsi go tsenngwa mo tshitswaneng, go dira tshilô, jêmê le jelly. 

Diperekisi tsa dessert di bitswa gape diperekisi tsa thapo e e gololesegileng ka ntlha ya fa thapo ele bonolo go ka ntshiwa ntle le go senya leungokobolwa. Gantsi di di kima, di tiile mme ga di na matute a le mannye fa go bapisiwa le diperekisi tsa sengaparela-thapo. Gantsi di rekiswa kwa mmarakeng wa maungo a a foreshe, le fa gape di ka diriswa go tsenngwa mo tshitswaneng le go beikha. 

Ditiriso

Diperekisi di humile ka fibre, di-vitamin le diminerale, mme di na le metswako ya dimela e e dipoelo, e e jaaka di-antioxidant tse di thusang go sireletsa mmele kgatlhanong le ditlamorago tsa tsofalo. Leungo le letlapi di a jega, fela thapo e tshwanetse go ka latlhwa. 

Diperekisi di ka jewa di le tala, tsa diriswa mo disalateng, tsa tsenngwa mo ditshitswaneng kgotsa tsa diriswa go dira chutney, sauce, confiture, jêmê kgotsa go beikha. Gape di ka gamolwa matute kgotsa tsa silwa. 

Maele

Fa o reka leungo le le foreshe, lebelela leungo le le borethe, le le tiileng la mmala o o phatsimang. Leungo le le boleta le le le tiileng a ka jewa ka gangwe. Fela, leungo le le tiileng le ka bewa sebakanyana mme le ka butswiswa ka go tlogelwa mo mogopong le maungo a mangwe, jaaka diapole kgotsa dipanana. Diperekisi di ka tsenngwa mo setsidifatsing go diegisa tsamaiso ya go butswa. 

Thapo e ka ntshwa ka go sega perekisi go ikala le morokô, mme o sokeletse dihalofo goya kwa matlhakoreng a a fapaaneng le go goga dihalofo ka go kgaogana. 

Translated by Nchema Rapoo