Tlhagiso ya Apolekosi

© Louise Brodie

Tlholego le Ntshô

Tlholego e e nepagetseng ya apolekosi ga e a totobala, fela leungo go akanngwa fa le tlholegile kwa bokone le bophirima jwa China, Asia Bogare, Japan le Korea. Leina la bonetetshi, Prunus armeniaca, le raya gore moretologa wa Armenia, ele go kaya ka moo diapolekosi ka hisetori di neng di lengwa kwa Armenia sebaka sa dingwagakete pele di phatlhalatswa ke Baroma goya kwa dinageng tsa Yuropa ka bo 100 BC. 

Diapolekosi di diragatsa bontle mo bontsing jwa bosa jwa dithemphoritšhara tse di mo magareng. Turkey ke motlhagisi yo mogolo go gaisa boditšhabatšhaba, e selwa morago ke Uzbekistan. Dielô tse kgolo di tlhagisiwa gape kwa Italy, Algeria le Iran; fa Afrika Borwa ele moromedi-ntle yo mogolo go gaisa wa diapolekosi tse di tsentsweng mo ditshitswaneng. 

Ka 2003, balemi ba Afrika Borwa ba phuagantse dielô tse kgolo tsa diapolekosi mme ba kumula ditlhare tsa apolekosi ka ge go ne go dumelwa fa di sa tlhole di na le mosola mo kgwebong. Maemô a tokafetse fa e sale ka motsi oo, fela dipoêlô tsa lotseno di santse di le mo kotsing ka ntlha ya koketsego ya ditlhwatlhwa ka go kopana le kgolô e e bonya ya letlhôkô. 

Diapolekosi mo Afrika Borwa

Ditlhare tsa ntlha tsa apolekosi di gorogile mo Afrika Borwa mo ngwagengkgolo wa bo-17, goya ka Lefapha la Temô, Jalô ya Dikgwa le Bodirelo jwa Tlhapi. Ditlhare tseno di ne di jadilwe fela kwa Kapa Bophirima ka fa tlase ga maemô a tshologô-pula ya mariga. 

Apolekosi ya Kapa, e e ka tswang ele kokomane ya mofuta wa kwa tshimologong gotswa China, e ne ele mofuta yo o botlhokwa go gaisa mo Afrika Borwa go fitlha ka 1900. Morago ga fao, mefuta e e jaaka Old Cape, Early Cape le Late Cape, e e itsagaleng gape jaaka Sweetstone, e ne ya tsena tirisong. 

Kgaolo-Tlhagiso

Diapolekosi di diragatsa bontle mo dikgaolong tsa dithemphoritšhara tse di mo magareng, fela di dira ka matsetseleko kwa dikgaolong tsa mariga a a tsididi a omeletse le selemo se se omeletseng se le mogote. Le fa di tlhagisiwa go ralala Afrika Borwa, mokoa wa tlhagiso o diragala kwa Kapa Bophirima. 

Jaaka go batlisitse Hortgro Tree Census, Klein Karoo e ne e tshotse go feta 75% ya kgaolo ya tlhagiso ka 2018. Piketberg, Ceres le Worcester e ne ele batlhagisi-bagolo ba bangwe ba apolekosi, fa Langkloof, Villiersdorp le Borwa jwa Kapa, Paarl, Wolseley, Tulbagh le Porofense ya Bokone di bopa masimo a a potlana. 

Kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso e metile kwa tlase ga diheketara di le lesome kwa Upper Orange River, Mpumalanga, Cape Town, Kapa Botlhaba, Free State le Stellenbosch. 

Mefuta

Sejadi sa apolekosi sa Royal se gorositswe mo Afrika Borwa go ka omiswa mo bosalegaleng jwa dingwaga tsa bo-1900, fa sejadi sa Bulida se gorositswe ka bo-1930 go ka tsenngwa mo ditshitswaneng. Bulida e ne e laola bodirelo ka 2018, e ne e tshwere mo go fetang halofo ya kgaolo e e ka fa tlase ga tlhagiso jaaka go bonwa mo dipalopalong tse di bonagalang malebana le maungo a a tlhotlhoregang. 

Soldonne, Bebeco, Imperial le Palsteyn di ne di jetswe mo go fetang 200-ha nngwe le nngwe ka bonosi, fa kgaolo e e neng ele ka fa tlase ga Supergold le Charisma e ne ele go feta 100-ha mofuta mongwe le mongwe. Dikgaolo-tlhagiso tse di neng di neetswe Royal, Peeka, Colorado le Solitaire di metile kwa tlase ga 100-ha go sejadi sengwe le sengwe. 

Mmaraka wa Yuropa ka tsepamo o ntse o katoga gotswa go diapolekosi tsa setlwaedi tse di serolwana le goya go diapolekosi tse di khibitshwana, selo se se bakileng letlhôkô le le oketsegileng la mefuta eno. Palo e e bonalang ya mefuta e mentšhwa e golotswe mo dingwageng di le mmalwa tse di sa tswang feta. 

Setlha

©Louise Brodie

Go ikaegile ka maemô a bosa, lefelo la tlhagiso le sejadi, setlha sa apolekosi mo Afrika Borwa se diragala go tloga ka Ngwanatsele go fitlha Mopitlwe, mme dielô tse di potlana di rotharothela ka Moranang.

Dithekiso

©Louise Brodie

Mo tlhwaelong, 70% ya diapolekosi tsa Afrika Borwa di a phetolwa, fa 16% e omiswa mme 9% e romelwa-ntle ele foreshe. Ke fela mo go ka dirang 4% ya leungo le le foreshe go go rekiswang mo mmarakeng wa fa gae. 

Mo temeng ya diromelwa-ntle tsa apolekosi, go feta 50% ya diapolekosi tse di foreshe tsa Afrika Borwa di ne tsa romelwa-ntle goya kwa Botlhaba-Gare ka 2018. United Kingdom e amogetse 29% fa Yuropa e bone 16% ya maungo a. Dielô tse potlana di ile gape kwa Russia, Botlhaba jo bo Kgakala, Asia le Ditlhaketlhake tsa Lewatle la Indian. 

Ditiriso

Diapolekosi di na le dielô tse di kwa godimo tsa fibre, di-vitamin, segolothata vitamin A le C, le diminerale. Leungo le letlapi di a jega, fela thapo e a latlhwa. Diapolekosi di ka itumelelwa di le foreshe kgotsa di tsentswe mo ditshitswaneng, di sitswe, di omisitswe, di somaretswe kgotsa di dirilwe matute. Di diriswa gape mo go dirweng ga chutney mme di a tsenngwa fa go apewa.

Translated by Nchema Rapoo