Nkoko o Boela Sekolong

Goldie Qayiya o tlhalosa maitemogêlô a gagwe a go boela sekolong go feleletsa dithuto tsa gagwe mmogo le bana ba gagwe. Lerato la gagwe la go ithuta ga ise nke le tswe.

Go Boela Sekolong

©Eric Miller

Le fa ke ne ke le mmê go bana ba le babedi ke ne ka boela sekolong, ke tsenela dithuto tsa bagodi tsa bosigo, go falola Mophatho wa Bolesome, ngwaga wa bofelo wa sekolo segolo. Ke ne ke boetse ka ntlha ya bana ba me. Vusi le Thumela, ba ba golo ba bana ba me, ba ne ba gana go ya sekolong.

'Ke batla go bona tiro, jaaka rre', Vusi ne a fetsa a bua. 'Le nna', go bua Thumela. 'Mosola wa sekolo ke eng? Ke mogolo ga jaana mme ke nako ya go dira madi.' 'Ga go jalo', ke ne ka ba bolelela. 'Le boela sekolong. Thuto ke senotlolo sa bokamoso jwa lona. Le tshwanetse go gata mo dikgatong tsa me mme le bone thuto e e siameng.' Ba ne ba sa tshepe, ka jalo ke ne ka sweetsa go nna sekai.

Goldie wa Morutwana

©Eric Miller

Ke ne ke na le lokwalo lwa borutabana, fela ke ne ke sa fetsa sekolo, ka gonne fa ke ne ke le monnye re ne re kgona go ya kwa sekolo-katisong sa borutabana morago fela ga dingwaga di le mmalwa tsa sekolo segolo. Jaanong, jaaka mmê, ke ne ka sweetsa go boela kwa sekolo segolong.

Ke ne ke itse gore bana ba me ba tla ntshala morago, ka go tshaba go phalwa ke mmaabona. Baagi ba motse wa Oamata ba ne ba ntse bare go tshwanetse gore go nne le sekolo sa bosigo sa bagodi mme kgosana e ne e file tetla. Ka jalo re le setlhotshwana re ne ra ya go bona mogokgo, re kopa go nna ba ntlha go ka ikwadisa mo sekolong sa bosigo. O ne a kwala maina a rona jaaka barutwana ba ntlha.

Mo go latelang, ke ne ke ithuta le bana ba me. Baša bangwe ba ba sa fetsang sekolo le bona ba ne ba tsena sekolo sa bosigo. Fa ba mpona ke tla dithutong mo maitseboweng, ba ne bare, 'Oh bathong, bonang mosadimogolo ona wa batho. O tlile go palelwa ka gonne o tswa kwa malatsing a maloba. Se a se dirang tsatsi lotlhe ke go dira setampa kwa ntle ga ntlo. O tlile go kwalela ka bonya, mosadimogolo ole.' Ke ne ka ba kgala.

'Le seke la akgaakga loleme ka nna. Rotlhe re mo mophathong o le esi jaanong, mme ke fano go dula. Le tlile go mpona kamoso, le beke e e tlang, le kgwedi e e tlang, ke santse ke tla sekolong, ka jalo go botoka gore le tlwaele seo.'

Go Bopa Kgaisano

©Eric Miller

Ke ne ke tsenela dithuto bosigo bongwe le bongwe, morago ga gore ba goroge gotswa dithutong tsa bona. Bana botlhe ba me, basimane le basetsana, ba ne ba nthusa ka tiro ya fa gae gore ke nne le nako ya go ithuta. Ke ba godiseditse mo molaong, jaaka batsadi ba me ba nkgodisitse, mme ba ne ba itse gore ba tshwanetse go apaya, go tlhatswa diaparo, go aena le go fiela lebala.

Ke ne ke na le barutabana ba le esi le Vusi le Thumela, mme re ne re gaisana go bona gore ke mang yo o tlileng go bona maduo a a kwa godimo. Fa morutabana a re neela tlhamô, re ne re e kwala mmogo kwa gae mme fa e boela kwa go rona morago ga malatsi a le mabedi, morago ga gore e siamiswe, re ne re leba dipampiri tsa mongwe le mongwe go bona gore ke mang a boneng maduo a mantle.

E ne ele nna gantsi. Ba ne bare, 'Nyaa, nyaa, mmê o tsene sekolo ka malatsi a maloba. Re ka se mo letle gore a re phale.'. Ke ba rutile boleng jwa sekolo mme, kwa bofelong, ba ne ba falola botlhe. Tlhamô ya ntlha e re e kwadileng mmogo e ne ele 'O mang?'. Ke kwadile ka ga dilo tse di botlhokwa tse di ntiragaletseng mo botshelong le dilo tse ke di ratang ka ga nna.

Tlhamô ya bobedi e ne e bitswa 'Boitumelo', mme ya boraro e ne ele 'Tlhalosa sekgwa le masimo.'. Ke bone 60 percent mo ditlhamông tsenô mme bana ba me ba bone 39 le 40 percent. Ke dirile botoka gona le bana ba me mo dipôlêlông tsotlhe tsa me.

Tsamaisô e e Senyegileng

©Eric Miller

Fa re ne re kwala ditlhatlhobo tsa rona tsa bofelo, ke bone A mo English. Fela mogokgo o ne a nthaare, 'Lekwalo-kitsisô gotswa kwa lefapheng la thuto le bua fa o tshwanetse ke go kwala gape.' 'Nka kopisa jang tlhamô?' Ke ne ka botsa ka tšhakgalô. 'Lefapha la thuto le akanya jang gore nka kopisa lekwalo?' Ke rata English mme ke phela ke ithuta yona.

Le ga jaana, jaaka nkoko, ke na le buka ka ga loleme lwa English mme ke dirisa buka-thanodi ya English-Xhosa, ke ithuta gotswa mo go yona gore o ranololela jang lefoko gotswa mo go le lengwe.

Dikgwedi di le mmalwa morago ga fao ke ne ka kwala tlhatlhobo gape mme ka nako enô ke ne ka falola ka E. E ne ele bomadimabe tota. Mongwe wa barutabana o ne a ntlhalosetsa gore bangwe ba batlhatlhobi ba ne ba tagilwe fa ba ne ba tshwaya ditlhatlhobo tsa makgaolakgang, mme ba ne baa tle ba bue dilo tse di jaaka, 'Ke itse motho yoo mme o botlhale.

Ke tla mo neela maduo a a siameng', mme fa ba fitlha mo pampiring e e latelang ba ne ba kare, 'Ga ke itse motho yono. Ke akanya gore ke tla isa maduo kwa tlasenyana'.

Translated by Nchema Rapoo