Kgang ya ga Nkoko ka ga Bodumedi mo Morafeng wa SeXhosa

Goldie Qayiya o tlhalosa ka ga karolo e rraagwe a e tshamekileng jaaka leloko le le tlotlegang la setšhaba, le botsalano jwa lolapa le moruti.

Mongwe yo o Tlotlegang

©Eric Miller

Rre wa me e ne ele mongwe yo o tlotlegang mo setšhabeng, ka gonne e ne e le morutabana mme o ne a dira go le gontsi go thusa batho ba bangwe. O ne atle a abele bahumanegi mengwe ya merogo gotswa kwa masimong a rona, batlholagadi mo motseng wa rona le basadi bao banna ba bona ba neng ba se teng, ba dira kwa meepong kwa Johannesburg.

O ne gape a katisa masupatsela a selegae mme a ruta dithuto tsa go bina kwa sekolong sa selegae. Nako le nako fa gona le motanso kwa ntlo-lehalahaleng ya morafe, e ne e le rre, le gramophone ya gagwe e kgolo ya mmala o mohibidu le wa loapi, yo o neng a neelana ka mmino.

Malatsi a le mmalwa a a fetileng, ke ne ke tlôtla ka ga tsa maloba mme re tshega le Mandisa Mendi, mongwe wa basadi ba ba tlang fa Grandmothers Against Poverty and Aids. O goletse mo motseng o le mongwe le nna mme o ne a gopola ka fao a neng a bofelelela rre gramophone kwa metansong.

Moruti Weaver

Rre wa me e ne ele tlhogo ya kereke ya Anglican ya selegae, St Mark's, e e neng e le sekhutlhontswe sa matshelo a rona mo motseng. E ne e le yona fela kereke ya mofuta ono gaufi le kgakala, mme motse wa rona o theilwe leina ka yona.

Monna wa mosweu, Moruti Weaver, e ne e le moruti-mogolo mme o ne a e etela a nametse pitsi, go tla go rera. Rre o thusitse Moruti Weaver go gapa batho gotswa lefifing, a ba rotloetsa gore ba tle kerekeng go utlwa dikgang tsa Beibele; le gore ba golole bana ba bona gotswa mo ditirong tsotlhe tsa gae, gore ba ye sekolong go rutega. Ba ne ba tsamaya go ralala motse ba bua le batho, mme ba bua le bana gongwe le gongwe mo ba ba bonang teng.

Nako nngwe le nngwe fa Moruti Weaver a ne atla go rera kwa St Mark's, o ne a gorogela kwa gae ka pitsi ya gagwe mme a dule le rona. O tlile lantlha fa ke ne ke le dingwaga di le 12. E ne ele moša a le mo telele, ka moriri o o ntshofetseng, monna yo o siameng tota, mme o ne a nkgatlha thata.

Ka malatsi ao batho bantsho ba ne ba sa bone batho basweu jalo le jalo, ka gonne ba ne ba sa tle kwa mafelong a rona, ka jalo go ne go gakgamatsa go bona motho mosweu ono a tla kwa ntlong ya rona.

Batho ba ne ba etsa ba botsa, 'Goreng le mo letlelela go robala kwa logaeng lwa lona? Gona le hotele ya basweu. Goreng a sa ye kwa teng?' Fela Moruti Weaver o ne a bolelela rre, 'Nka se kgone go ya kwa hoteleng. Ke batla go ineela mo batho bantshong le go robala kwa ga gago.'. Mme gone go siame tota.

Karolo ya Lolapa

©Eric Miller

Moruti Weaver o ne a na le phaposi-borobalo ya gagwe mo ntlong ya rona, phaposi e e pentilweng ka bosweu, e e nang le bolao jo bo ntšha le digaretene tse di ntšha. Re ne re sa robale mo go yona, le fa a ne a tla kwa St Mark's gangwe ka kgwedi. Phaposi e ne e beetswe ênê fela. Nako le nako fa a tla, rre o ne a re roma kwa mabenkeleng ka dibaesekele tsa rona go reka nama go keteka, mme re ne re e ja ka merogo gotswa tshingwaneng.

O ne a ja le rona mo tafoleng ya bojelo. E ne ele yona nako fela e re dirisang phaposi ya bojelo ka gonne e ne e beetswe mediro e e kgethegileng fela. a Moruti Weaver a seo, nna le bokgaitsediaka re ne re jela mo mogopong o le nosi, ka tsela ya setso.

Fa re fetsa go ja, bana ba ne ba kokoanya megopo yotlhe le dipoleite ntle le go bolelelwa, mme ba di tlhatswe le go feila fa fatshe. Fa bodilô bo tlhoka go pholitšhiwa, re ne le bo pholitšha. Lebaka la seno ke gore fa o sa neele bana tiro, ba tla sasanka le motse mme ba tsene mo dipharagobeng. Moruti o ne a ithuta seXhosa mme ka nako e a neng a re tlogela o ne a se bua sentle, fela fa re ne re le mo tafoleng, re ne re bua sekgoa.

O ne a bua le rona rotlhe, le bana tota. O ne a rata bana thata. Moragonyana, e ne e le moruti yo o nyadisitse monna wa me le nna kwa St Mark, ka jalo rre o ne a sa ikutlwe a sa repa fa a na le Moruti Waever ka gonne o goletse gaufi le batho basweu bangwe. Rre Groenewald, yo e kileng ya nna mong wa lebenkele la Deckerts Hill Trading, e ne ele mongwe wa bona.

Translated by Nchema Rapoo