Dithuto tsa ga Rre

Goldie Qayiya o arogana dithuto tse di botlhokwa tse rraagwe o mo rutileng tsona fa a ne ale monnye.

Monna yo o Tiileng a le Manganga

©Eric Miller

E ne ele monna yo o tiileng ale manganga, rre yo wa me, Victor Thamsanqa Ngqono. Ke ne ke mo tlotla ebile ke mo rata. E ne ele morutabana wa sekolo segolo fela tsatsi le letsatsi fa a bowa kwa sekolong o ne a ya kwa masimong go lema mmopo, maphutshe le merogo e mengwe ya gagwe, mme a tlhokomele le ditlhare tsa maungo.

O ne a dirile mosêlê wa metsi gotswa kwa nokeng e kgolo e e seng kgakala go nosetsa ditshingwana le masimo a rona. O ne a tle a re bolelele gore ga a kgone go emelana le kgopolo ya gore mongwe a tshwarwe ke tlala ka gonne, ‘Fa o le monna, o tshwanetse go dira go fepa lolapa lwa gago’. Ka jalo ga ise nke re tshwarwe ke tlala.

Maitlhomo a a Sa Feleng

©Louise Brodie

Fa a ka ya dikobông go sale gale, o ne a tsoga gape mo bosigo-gareng are, ‘Ke tsogile fela gore ke lekole mathombo a go nosetsa’. Ka ura ya bobedi ka matsha a ka tsoga gape, are, ‘Ke ya go netefatsa fa dikgomo di sa sutlha ka lesaka’, kgotsa ‘Ke isa terekere kwa masimong gape’. e ne ke itse fa a tsoga ka diura tseno tse di sa tlwaelegang ka gonne ke ne ke mo utlwa fa a sasanka le go dira metlae le mmê wa me. ‘Moratiwa, tsoga, tsoga. O tshwanetse go dira, o a itse.

O tshwanetse go dira ka natla thata’, o ne a bua. Mme ba tshege. O ne a ka tswa a rata go tshegisa fela, phew, o ne a na le maitlhomo a a sa feleng.

Dithuto ka ga Madi

©Eric Miller

Dingwaga di le lesome pele a tlhokafala, o rekile ntlo mo godimo ga thabana, ka lebenkele go bapa le yona le le neng le bitswa Deckert's Hill Trading Store, gotswa mo monneng wa mosweu a bitswa Rre Groenewald. E ne ele lefelo le lentle, ka tebo e e tseisang maanya ya dithaba tse di dikaganyeditseng kgophu le masimo go e dikologa.

Le ka 1995, ngwaga o a tlhokafetseng ka ona ele monnamogolo, o ne a dira ka natla mo lefatsheng la gagwe, a jala dinawa tse khibidu le mefuta e mengwe ya dinawa, maphutshe, matlhodi, sekwaše, butternut, eggplant, cauliflower le dikhabetšhe.

Ga ise nke a nne le bathusi go dira le ênê, ka jalo fa re ne re le bannye re ithutile go lema le go tlhagola le go jala merogo yotlhe. Ke ne ke rata seo thata. Ka gonne dijo tsotlhe tsa rona di ne di tswa kwa masimong a rona, rre o ne asa dirise mogolô wa gagwe thata. Mo boemong jwa seo, o ne a o boloka. Go ne go sena matlo-polokêlô ka malatsi ao, ka jalo rre o ne a reka lebolokêlô, le le neng re le bitsa ‘lepokisi la tshireletso’ la gagwe, le le bolokang mogolô wa gagwe. O ne a sa ntshe sepe mo go lona kgapetsa.

O ne a tle a re go rona, ‘O seke wa nna legodu, kgotsa moadimisani. Madi mangwe le mangwe a o nang le ona, a kgaoganye ka dikarolwana di le tharo. E nngwe ke ya dijo, e nngwe ke e e bolokiwang mme ya boraro ke ya fa batho ba lwala kwa gae.’ Ka jalo re ne re tlhola re na le madi a a lekaneng.

O Gagametse fela o Bonolo

©Andile Bhala

Ka motsi mongwe rre o ne a iswa go ya go dira kwa sekolong se sengwe mme a se duelwe sebaka sa ngwaga. Ka ngwaga oo, o ne a ntsha madi gotswa mo lebolokêlông la gagwe go reka dilo tse re neng re di tlhoka, fela re tsweletse go ja merogo gotswa kwa masimong a rona. a tuelo ya gagwe ya kwa morago gotswa kwa pusong e goroga, e ne e lekane go reka terekere e ntle e ntšha ya John Deere go lema masimo a gagwe ka yona, ka jalo o ne a kgona go a atolosa le go feta.

O ne a na le dikgomo di le di ntsi, tse a di rekileng kwa Transvaal, mme di rometswe ka setimela sa dithoto. Rre a ka tswa a ne a gagamaditse molao fela o ne a le bonolo. O ne a re rekela dibaesekele tse di ntšha gotswa kwa toropong e kgolo ya Queenstown, gore fa a tlhoka go re roma kwa lebenkeleng re ye teng ka bonako, ntle le go lapa.

Ka mafêlô a kgwedi o ne a re isa kwa Queenstown go re rekela diaparo kwa Bloomenthals le Sales House. Re ne re ikutlwa re kgethegile.

Translated by Nchema Rapoo