Loeto go ya Cofimvaba kwa Kapa Botlhaba

Jo-Anne Smetherham o bua kgang ka ga loeto go ya kwa legaeng la nkoko wa GAPA (Grandmothers Against Poverty and Aids) eleng Felicia Mfamana kwa Cofimvaba kwa Kapa Botlhaba ya Afrika Borwa.

Magae a Bongwaneng

©Eric Miller

Re tsere loeto go ya kwa Kapa Botlhaba go batla Felicia Mfamana, go bona kgaolo e bonkoko ba le mmalwa ba GAPA (Grandmothers Against Poverty and Aids) ba goletseng teng.

Thulaganyo e ne ele gore Felicia o tla kgatlhana le rona ka fa ntle ga ntlo-polokêlô ya ABSA gaufi le matseno a motse wa Confimvaba. Fa re goroga, re bone mongwe wa sebôpegô se se nnye se se tlhamaletseng ka fa ntle ga ntlo-polokêlô.

Gotswa kwa kgakala, o ne a lebega a le monnye le go nônôfa thata go ka nna mongwe wa bonkoko. Fela mosadi wa teng o ne a rwele bêrêthê e phêpole e re neng re tlhola re bona Felicia a e rwele mme, ka nnete, e ne ele ena. 'Oh, ke itumeletse fa le tlile', o ne a bua, a nyenya ka boitumelo, mme a re itsise ka gangwe go moagisani yo a neng a tomotse matlho jaaka a feta.

Re kgweeditse sejanaga sa rona se re se adimileng go namelela tsela e telele e e dikhuti, go ya kwa motseng o a dulang kwa go ona. Ke motse-thoko o baagi ba selegae ba sa kgoneng go ka o fitlhelela ka boLatshipi, fa dithekisi di seo, kgotsa ka setlha sa dipula. Gotswa kwa legaeng la gagwe la tsalô, Felicia o na le tebo e ntle ya kgophu e motse wa gaabo o ipharileng mo go yona. Ntlo ya gaabo e mo thabaneng, felo-tlhaga go kgokologa fa tlase ga yona.

Kwa kgakajana ke sekgwa se morwadiagwe Nomanani a yang kgonnye teng beke le beke, a tla gae a rwele ngatana mo tlhogong ya gagwe, mme go feta fao ke dithaba. Go dikologa legae la gagwe ke mekgoro ya mo motseng, e e pentilweng ka mebala ya loapi, pinki le serolwana, mebala e e tletsetletseng mo metseng ya Kapa Botlhaba.

Go na le tidimalo ntle fela le modumo wa dinonyane mo tlhageng, go swaratlhetsa ga phefo, mme nako nngwe, tumediso ya moagisani yo o fetang. Ditikologo di ntle thata, fela ba ga-Mfamana, jaaka malapa a mangwe a le mantsi kwa Kapa Botlhaba, ba humanegile thata.

Kgaoganyo Magareng Ga Magae

©Eric Miller

Felicia o na le lolapa kwa Cape Town, le le lengwe gape mo motseng, ao a a tlhokometseng. O kgaogane magareng ga ona ka bobedi. Karolo ya Khayelitsha e a dulang kwa go yona e humanegile thata, mmila wa gagwe o kitlaane ka matlo, mme botlhokotsebe bo bontsi, are jalo. Pelo ya gagwe e kwa motseng wa gaabo, fela bana kwa Cape Town ba a mo tlhoka le bona. Moragonyana, re ne ra mo isa go ya go bona kgaitsediagwe kwa motseng o o mabapi.

Fa sejanaga sa rona se ne se retelelwa ke go tsamaya mo tselaneng e e epegileng, re ne ra mo folosa. 'Go siame, ga go kgakala jalo', o ne a kaya, sefatlhego sa gagwe se galalela le go feta. Re mo lebile a kgokologa le thabana, a namelela e nngwe, ka bonako le ka maikaelelo, ka tsela e e matlhagatlhaga le boitshwaro e re mo itseng ka yona.

O ne a santse a tlile go tsamaya sekgala, fela fa sebôpegô sa gagwe se ntse se ngotlega mo sekgaleng, re ne re santse re mmona, ditebogo go bêrêthê ya gagwe e phepole.

Translated by Nchema Rapoo