Go Agela Lolapa Lwa Gago Botshelo jo bo

Felicia Mfamana o tlhalosa botshelo jwa gagwe kwa Cape Town le maano a gagwe a isago a go boela kwa motseng wa gaabo kwa Kapa Botlhaba.

Go Taolosa Madi

©Eric Miller

Lotseno lwa ntlo ya rona lo tswa mo mading a me a bogodi, madi a thuso ya bana a ngwana a le mongwe le bobedi jwa madi a thuso ya kgodiso. Mo bekeng ya ntlha ya kgwedi ke reka reisi, Weet-Bix, mmidi, sukiri le sengwe le sengwe se bana ba se tlhokang kwa sekolong; mo bekeng ya bobedi ga gona madi a a setseng.

Re ya go adima R200 kwa tsaleng mme ga e fela, kadimo e simolola gape. Mme re tshwanelwa ke go e busa fa madi a bogodi a tla. Bontsi jwa bana ba me ba dutse kwa Transkei morago ga kgolo ya bona. Morwa wa me a le mongwe yo o santseng a tshela, Sakhumzi, yo eleng morutabana, o thusa bokgaitsediagwe ka madi ka gonne ga ba ise ba kgone go bona tiro kwa Transkei kgotsa mo Cape Town.

Le nna ke ba romela bontlhabongwe jwa madi a me a bogodi. Setlogolo sa me Sesethu, mongwe wa ditlogolo tse di dulang le nna mo Cape Town, o dingwaga di le 21 mme o ithuta kwa Pentech kwa toropokgolong. Ke itumelela seno. O ne a na le tiro ya go buisana le batho ka palo-batho ya puso mo ngwageng o o fetileng, mme o ne a duelwa, fela ke ne ke sa batle bontlhabongwe jwa madi ao ka gonne o ne a a tlhokela dithuto tsa gagwe.

Ga ke itse gore o ithutela eng, sentle sentle. Ga ke tlhaloganye seo. Se ke se itseng ke gore o dira se a batlang go se dira, mme seo se siame.

Maano a kwa Kapa Botlhaba

©Eric Miller

Ga ke batle go dula mo Cape Town. Ke batla go boela kwa Kapa Botlhaba ka gonne ke lefelo la lemorago la me, kwa rre a tshetseng teng. Fela mokgoro o rre a o agileng, o ke goletseng mo go ona, o a phutlhama. Re ka se dule mo go ona.

Re dula mo ntlong e e mabapi, mo ntlong ya balosika, fa re ntse re o baakanya. Nomanini, morwadiaka yo mo golo, yo o dulang teng, o dira bodilô jo bo tshwanetseng mme re ikaeletse go tsenya matlhabaphefo a magolo le lebati le le ntšha, ka gonne lebati la rona le phatlhogile.

Re ikaeletse gape go aga ntlo e e siameng ya setena mo boemong jwa kagô ya masenke e e bapileng le mokgoro wa rona. Morwa wa me Sakhumzi, morutabana, o rile o tlile go e aga. O rekile ditena mme di mo jarateng. Re emetse go bona fela gore o tlile go kgona go aga leng.

Mme morago ga fao re tlile go nna le bodulô jo bo lekanetseng lapa lotlhe fa lo ya gae ka malatsi a boikhutsô. Nomanani o batla gore ke boele gae go ya go dula kwa Kapa Botlhaba, ka gonne ke tla kgona go tlhokomela barwa ba gagwe ba le babedi fa a batlana le tiro kwa Queenstown, e e seng kgakala.

Fela ditlogolo tse dingwe tsa me di mo Cape Town mme ba ka se boele kwa Kapa Botlhaba sa le ruri. O a itse gore baša ba jang. Ba batla go nna kwa toropong, ka gonne ke kwa ditiro di leng teng, mme ke kwa ba natefelwang teng.

Translated by Nchema Rapoo