Jaanong ke na le sengwe se nka se nyebelang. Ke na le ntlo ya setena e ntle. Ke kopile Modimo ntlo ya setena, fela mo boteng jwa pelo ya me ke ne ke tshoga gore ke tlile go tlhokafelela mo mokhukhung. Ka jalo fa sekema sa People's Housing Process se ne se tla go mpolelela gore ke tla tshwanela ke go diga mokhukhu wa me gore ba age ntlo mo setsheng seno, ke ne ke itumetse. Go fudugela fano e ne okare ke toro. Go thata go dula mo mokhukhung.
Fa go le phefo, ga o robale ka gonne o akanya fa mokhukhu o tlile go pheulwa ke phefo. Mme mo Cape Town go diphefo sebaka sa dibeke. Mongwe wa barwa ba me o ne a tle a tsoge mo gare ga masigo go tshwara dipala, gore di seke tsa tseiwa ke phefo.
Ga o robale monate fa o tshwanetse go tshwarelela mokhukhu wa gago bosigo. Fa pula ena, re ne re tshwanetse ke go baya kgamelo mo bolaong jwa rona kana metsi a ne a tla inela dikobô, mme fa go le tsididi kwa ntle go tsididi mo mokhukhung. Go tletse gape matsêtsê, ka ntlha ya motlhaba o o mo Cape Flats. Fa re ne re dula kwa Site C, selo santlha se re neng re se dira fa re tsena ka monyako e ne ele go inama mme re simolole go ingwaya maoto.
Re ne re tle rere, 'Selo Santlha go go dumedisa fa o fitlha gae ke matsêtsê.'. Tsatsi lengwe, fa ke ne ke le kwa Site C, mokhukhu wa me o ne wa lakailwa ke molelô mme re ne re sa salelwa ke sepe. Seno se diragalela batho ba le bantsi.
Mme ga jaana, go nna le legae le le siameng, ke ikutlwa monate le motlotlo. Ke utlwela fela botlhoko batho ba ba tlhokafetseng pele ga nako enô mme ba sa kgona go bona dilo tse di diragalang tseno.
Mongwe wa barwadiaka o tlhokafetse. Ga jaana ke dula le morwadiaka yo mongwe le morwaaka, le ditlogolo tsa me tse pedi. Morwaaka e kile ya nna letagwa, fela jaanong o bone tiro e e siameng ya go direla puso, o phepafatsa mesima ya metsi a a leswê le matlo-boithusetso, tota le go tsena mo dikhuting tse di tsamaisang leswê.
O katiseditswe go dira tiro enô mme o itumelela go e dira, ka gonne mo dingwageng di le tharo o ne a retelelwa ke go bona tiro. Fela o kolota batho ba le ba ntsi madi, mme ba tsaya madi ka bontsi mo mogolông wa gagwe. Morwadiaka ka nako dingwe o nna le tiro, fela o duelwa fela makgolo a le mmalwa a diranta ka kgwedi, mme o dirisa madi otlhe go duelela setimela se se mo isang kwa tirong eo. Ke akanya fa seno se sa siama.
Legale, ke nna motshegetsi-mogolo wa lapa lwa me ga jaana. Ke na le madi a me a bogodi mme kwa GAPA ke loga dijeresi le dimpopo mme ke dira crocheting. Batho ba reka dilo tse ke di dirang mme re iponna madinyana gotswa go seno.
Ka nako dingwe ga re na dijo tse di lekaneng mme go thata go tshegetsa lapa lotlhe. Fela botshelo ga bo thata jaaka mo malobeng, dingwaga tsotlhe tsele tse di fetileng. Ke leka go tlogela merwalo ya me ya maloba kwa morago ga jaana, mme ke tsamaele pele.
Translated by Nchema Rapoo