Tsatsi lengwe re sweeditse gore re lapile ka go tshela re tshogile mme re tlile go dula. ‘Fa ba batla go re bolaya, a ba re bolaye’, re ne ra bua. ‘Ga go se re ka se dirang.
Re tlile go dula.’ Mo lekgetlhông le le latelang sepodisi se ne sa tla le dintša, re ne re itunnetse fao. Se ne sa botsa, ‘Go diragala eng?’ Re ne ra re, ‘Re itumelela go dula fano. Ga reye gope ka gonne ga gona lefelo le lengwe le re ka dulang kwa go lona’. Ba ne ba re tlogela. Mme re ne raya kwa Black Sash gape go ba bolelela. Ka nako e, Black Sash e ne ya re, ‘Go siame.
Ke se se siameng seo’. Sepodisi se tlile gape le gape, mme sa re tlogela. Nako dingwe ba ne ba re tshosa, ba re atumela ka dintša tsa bona okare ba tlile go re lomisa ka tsona. Fela re ne re ntse re ngôngôrêga le go ba roga, re ba bolelela gore ga reye gope, mme ba ne ba tsamaya. Ga ba re thuntsha. Ba ne ba sa leke go re bolaya. Ba ne ba batla fela go re tshosetsa le go re koba.
Tsatsi lengwe moeteledipele wa ANC mo kgaolonga ya Crossroads, Johnson Ngxobongwana, o ne a re biletsa botlhe kwa kopanong go logela mathata a rona leano. O ne a re re tshwanetse go kopanela kwa ntle ga sekolo sa Uxolo le go gwantela sepodisi go se bolelela gore ga reye gope.
Ka jalo rotlhe re ne raya, bana le mongwe le mongwe. Oh, e ne e le letsatsi le le bosula! Yoh, yoh, yoh! Re ne re ka nna 500. Sepodisi se ne sa tla gape ka dijanaga tsa bona tse kgolo, dintša le ditlhobolo. Re ne re opela Nkosi Sikelel' iAfrika kwa ntle ga sekolo, re ka nna 500. Ba ne ba re bolelela ka segoagoe sa bona gore re tsamaye. Re ne ra gana.
Mme mongwe le mongwe wa bona o ne a tabogela kwa go rona. Ba ne ba re itaya ka disampoko le dithobane. Oh, ba ne ba re itaya. Masea mangwe a ne a lalaane fa fatshe. Fa o ne o rwele ditlhako, o ne o tshaba le go latlhegelwa ke ditlhako tsa gago. Bana ba ne ba repetlwantswe, masea mangwe a ne a gobetse. Yoh, yoh, yoh! Tsatsi leo, e ne e le letsatsi le le golo.
E ka nna mongwe le mongwe yo o neng a gobetse. Ke ne ke sa gobala. Ke tshabile. Ke ne ke santse ke le monnye mme ke le lebelo. Fela ga se mongwe le mongwe yo o kgonneng go tshaba. Ba tsere Ngxobongwana mme ba mo tsenya mo sejanageng sa sepodisi. Ba ne ba mo isa kwa sekgweng, kwa teng ba ne ba mo itaya le go mo itaya.
Mme ba ne ba mmusa le go mo latlhela kwa sekolong. O ne a tswa madi, o ne a sena tshepo, dikgopo tsa gagwe di ne di robegile mme letsogo le lengwe le ne le lona le robegile. O ne a sa kgone go dira sepe fa a bowa, sepe.
O ne a robegile mowa. O ne a tshwanela ke go ya bookelong mme go tsere nako e telele, gongwe dikgwedi di le tharo. Morago ga fao o ne a le botoka. O tsweletse go nna moeteledipele wa rona. Fa sepodisi se tla morago ga fao, rotlhe re ne ra dula foo, le ênê.
Lengwe la malatsi a re neng re gana go tsamaya e ne e le fela fa morago ga gore morwadiaka a belege ngwana, ka 1978 or 1979. Lepodisi Rre Basson o ne a tla gape mme a re bona re dutse fao mo motlhabeng o o mogote mo letsatsing le lesea. O ne a nthaya are, ‘Nkoko, goreng o dula fana? Goreng o sa ikele gae?’ Ke ne ka re, ‘Nkaya kae?
Ga gona legae le lengwe la me.’ O ne a re, ‘O belegetswe kae?’ Ke ne ka re, ‘Ke belegetswe kwa Wynberg, mme lona batho ke lona le ne la re koba koo.’ O ne a re, ‘O belegetswe kwa Wynberg, mo Cape Town?’ Ka re, ‘Ee, mme le ne la re koba koo.’ Ga a ise a ke a nkarabe gape. Mme o ne a tsamaya. E ne e le labofelo a tla. Se ke neng ke se bua e ne e le nnete. Nka se netefatse gore ke goreng ba sa bowa gape, fela ba ne ba re tlogela mme re ne ra aga mekhukhu ya rona ra dula koo.
Translated by Nchema Rapoo