Maitemogêlô a Tlhaolele – Tekeletso ya Ntshô ka Dikgoka

Beauty Skefile wa kwa Khayelitsha o gopola dikgotlhang tsa morafe le sepodisi, le go tshabela dintša tsa sona, ka motsi wa ditekeletso tsa ntshô ka dikgoka gotswa kwa Crossroads, Cape Town, mo dingwageng tsa bo-1980.

Mokhukhu kwa Crossroads

©Eric Miller

Morago ga dingwaga di le mmalwa, nna le lolapa lwa me re ne ra fudugela kwa Crossroads go aga mokhukhu. Crossroads ga jaana ke lefelo la boipei lo lo golo thata, fela re ne re le lengwe la malapa a ntlha go ya kwa teng, mme e ne e le sekgwa fela se se golo. Dinako tseo di ne di le thata. Ka dingwaga - ga ke itse gore ke dingwaga di le kae, gongwe tse thataro, gongwe robedi – re ne re dula mo mokhukhung wa saile o o tshegeditsweng ka dithobane.

Fela re ne re tshwanetse ke go o fitlha tsatsi le letsatsi, mme re ne re tshwanetse ke go suta mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe, ka gonne sepodisi se ne se tswelela go tla go re senka. Ba ne ba sa re batle kwa Crossroads. Ba ne ba re Cape Town ke ya batho basweu fela mme re ka se tlhome mekhukhu ya rona koo. Ba ne ka metlha ba leka go re koba.

Moso mongwe le mongwe re ne re tshwanela ke go tsoga mme re digele mokhukhu fatshe pele basekaseki ba sepodisi ba tla. Mme re fitlhe sengwe le sengwe se re nang le sona ka fa tlase ga majwe. Seno e ne e le go thibela sepodisi gore ba re senyetse dilo tsotlhe. Morago, fa ba sena go tsamaya, re ne re tshwanetse ke go aga mekhukhu gape.

Re ne re tshwanetse ke go dira seno tsatsi ka letsatsi dingwaga di le nne, ka gonne fa sepodisi se fitlhela mokhukhu wa rona se ne se o phuaganya le go o ragela ka motlhaba, ba leka go o senya. Fela re ne ra tshwanela ke go sutisetsa ntlo ya rona felo go gongwe, ka gonne sepodisi se ne se bowa. Sene ebile se tla ka dintša. Nako dingwe se ne se tla motshegare, nako dingwe maitseboa mme nako dingwe bosigo, ba le bantsi ka gangwe.

Diphuruphutso tsa Bosigo tsa Sepodisi

©Eric Miller

Fa sepodisi se tla bosigo, nako dingwe re ne re le lepona mme re tshabe, fela jalo, ka gonne dintša di ne di re tebetse, di re tebetse. Re ne re tshwanetse fela ke go ema re tshabe, kgotsa dintša di ne di tla re loma. Tsatsi lengwe ke ne ka wa mme di ne tsa ntoma mo leotong la me. Ke ne ke kwatile thata, ke kwatile, mme ke ne ke lela. Dintša di ntomile gabedi.


Ga ke itse gore re ne re dirile eng, gore ba se batle go re fa lefelo la bodulo, mme ba re tebele fela ka dintša. Re ne re utlwa fa ba tla, ka disaerine tse di lelang ‘Whee, whee, whee’. Motho wa ntlha go di utlwa o ne a kua mokgosi ‘Kubomvu’, se se kaya gore ‘Go bohibidu, ba tla!’. E ne e le tsiboso, tsiboso magareng ga rona batho bantsho.

Tshenyô ya Sepodisi

©Eric Miller

Tsatsi lengwe mapodisi a le matlhano kgotsa thataro a ne a tla, nako nngwe ebile ba le 20 kgotsa go feta. Re ba bone mo letlhakoreng le lengwe mme ra taboga, fela ba ne ba tla gotswa kwa ntlheng e nngwe. Re ne ra tshaba gape, fela ba ne ba le mo letlhakoreng le lengwe.

Lepodisi le le neng le le mo taolong e ne e le monna yo mo telele ka moriri o montsho le sefatlhego se se telele, a bitswa Rre Basson. Re ne re itse Rre Basson o, ka gonne ka metlha o ne a tla mme o ne a re roga le go re omanya ka metlha. Re ne re mo tshaba thata. Lantlha fa ba tla ke ne ke robetse. Ke ne ka utlwa modumo o mo golo kwa ntle le batho ba goeletsa ka tšhakgalô.

Fa ke tswela kwa ntle, ke bone batho ba le bantsi ba kgarametsa Rre Basson. Fela sepodisi se ne sa bowa, ka bontsi, mme ba kgarametsa mekhukhu ka dikgoropa tsa sona. Ba ne ba le maatla go re feta, ka dintša le ditlhobolo le metšhine ya bona. Dintša di ne di tshosa go feta ditlhobolo, ka gonne dintša di ne di re tebela le go re loma. Fela morago ga sebakanyana ba ne ba tswa mo go rona. Ba ne ba leka go re tshosetsa. Nako nngwe ba ne ba re tsenya rotlhe mo diloring tse dintsi tse kgolo, dilori tsa mmuso.

Re ne re le batho ba le bantsi fela ba ne ba re kgarametsa, ba re kgarameletsa mo diloring. Re ne re sena nako ya go tsaya sepe. Lori e ne ya tsamaela kwa ntle gaufi le Stellenbosch, mme mokgweetsi a ema go tshela mafura.

Re ne re le kwa morago re opelela kwa godimo. Fa lori e ema, re ne ra betsa betsa lebati. ‘Le batla eng?’ monna o ne a botsa. ‘Re batla go rota’, re ne ra fetola. O ne a re bulela mme re ne ra tshaba le go boela kwa Crossroads, rotlhe. Fa re bowa, dilo tsa rona di ne di santse di le fao.

Basadi ba Black Sash

©Eric Miller

Black Sash le Red Cross ba re thusitse, ba thusitse thata. Nako nngwe le nngwe fa sepodisi se phuaganya mekhukhu ya rona kgotsa fa mekhukhu e jewa ke molelô, Red Cross e ne e re tlisetsa sopo le dijo dingwe. Mme basadi ba Black Sash ba ne ba tla kwa go rona ka segoagoe mme ba re bolelela gore re tshwanetse go nna le kopano.

Kwa kopanong re ba boleletse sengwe le sengwe se se neng se re diragalela. Ba ne ba ya kwa go bapolotiki le go ba botsa gore ke goreng ba dira gore sepodisi se re kobe le go diga mekhukhu ya rona, ka gonne re ne re sena lefelo le re ka yang kwa go lona. Mme basadi ba Black Sash ba ne ba bowa le go re bolelela se ba se boleletseng bapolotiki.

Morago ga seo sepodisi se ne sa tswa mo go rona nakwana. Basadi bale ba ne ba re lwela, ka jalo re ne re bona okare dilo di maswe fela eseng maswe thata. Dilo tseno di re lemositse gore batho basweu ga ba tshwane botlhe. Bangwe ba siame thata fa ba bangwe ba sa siama ka gonne ga ba batle motho montsho gongwe le gongwe fa gaufi le bona.

Translated by Nchema Rapoo